LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/1 ts. 7
  • Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motseletsele wa Ditlhogo o o Tla re Thusang mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Motseletsele o Mosha o o Tlhagang mo go Tora ya Tebelo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • A o E Dirisa ka Botlalo?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Setlhogo se Sesha sa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/1 ts. 7

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

SETLHOGO se se reng “Jesu O Wetsa Dilo Tsotlhe Tse Modimo O Di Kopang,” se se mo tsebeng e e latelang e tlile go nna karolo ya bofelo ya motseletsele wa rona o moleele wa “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu.” Karolo eno e sale e ntse e tlhaga mo go Tora ya Tebelo ka dingwaga tse di fetang tse thataro, mo ditokololong tse di latelelanang di le 149, go tloga ka tokololo ya April 1, 1985.

Re solofela gore ditlhogo tseno tsa Tora ya Tebelo di ile tsa go thusa go latela kgothatso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore re ‘lebe kwa go Jesu’ le go reetsa taolo ya Modimo ya gore re ‘mo utlwe.’ (Bahebera 12:2, 3; Mathaio 17:5) Batho ba bantsi fa dingwaga di ntse di feta ba ile ba re kwalela mme ba bolela gore di ba thusitse go dira seno. “Go tshwana le jaaka ekete ke ne ke mo reeditse ebile ke lebile se a se dirang,” go ne ga kwala jalo mmadi mongwe. “Ditlhogo tseno di ne tsa dira gore ke mo rate ka mo go oketsegileng.”

Mmadi mongwe o ne a kwala jaana: “Tokololo nngwe le nngwe e lebega e na le ntlha nngwe e ke se kileng ka e lemoga fa ke bala pego ya Bibela. Ke ile ka itumelela go kgona go bona mo kakanyong ya me dilo tse di neng tsa diragala mo botshelong jwa ga Jesu ka tatelano ya tsone fa ke ntse ke bala setlhogo sengwe le sengwe.” Ba bantsi ba ile ba supa boitumelo jo bo tshwanang fa ba ne ba ithuta nako le lefelo tseo Jesu a neng a ruta le go dira dilo dingwe mo bodiheding jwa gagwe kwa go tsone.

Mosadi mongwe kwa Spain o ne a bolela jaana: “Ke bolokile ditlhogo tsotlhe go tloga ka sa ntlha. Di kgona go kaela bagolo mmogo le bana tota. Ke na le dingwaga di le 44, mme ke itumela tota fa ke bala dipego tseno. Go ntse jaaka ekete ke ne ke le gone fa tiragalo nngwe le nngwe ya hisitori e ne e diragala.”

Mmabana mongwe wa kwa United States o ne a kwala jaana: “Monna wa me o simolotse go nna teng mo thutong ya lelapa ka go bo ditlhogo tseno di le dikhutshwane ebile di tlhalosiwa motlhofo. Mosimanyana wa me wa dingwaga tse robedi o ne a nkopa gore ke lo kwalele ke lo leboge go bo rraagwe jaanong a ithuta Bibela. O kopa gore letsatsi lengwe fa motseletsele ono o khutla o gatisiwe jaaka buka gore a tle a kgone go e abela ba a tsenang nabo sekolo.”

Gongwe o ikutlwa jaaka mmadi mongwe wa rona yo a neng a bolela jaana bosheng: “Ke utlwa botlhoko fa ke akanya gore motseletsele ono o tloga o fela gonne jaanong go sekasekiwa malatsi a bofelo a botshelo jwa ga Keresete. Eleruri ke tlile go di tlhologelelwa tota mo go Tora ya Tebelo.” Re solofela gore o tla itumelela karolwana eno ya bofelo ya motseletsele wa “Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela