A o E Dirisa ka Botlalo?
1 “Ke fela pelo gore ke e dirisa leng kwa tshimong!” Ke se kgaitsadi mongwe a neng a se kwalwa morago ga go bala Tora ya Tebelo ya January 1, 2008. A o setse o sekasekile dingwe tsa ditlhogo tse di tlhagelelang ka metlha mo makasineng wa batho ba kwa tshimong, mme a o bone ditsela tse o ka di dirisang ka tsone mo tshimong ya lona?
2 “Se re Ithutang Sone mo go Jesu”: Gongwe o fitlhetse setlhogo seno se thusa go simolola dithuto tsa Baebele. Fa o ise o dire jalo, leka go balela mong wa ntlo setlhogo seno mme o bo o mmontsha gore Jesu o ne a reng ka kgang eo fela jaaka e tlhalositswe mo serapeng sa ntlha. Fa motho a bontsha kgatlhego kwa tshimologong leka go tsweletsa motlotlo ka go dirisa ditlhogwana tse di rulagantsweng ka dipotso tse di dirang gore motho a akanye. Kopa motho yoo gore a akgele ka potso eo. Tlhalosa ditshwantsho dipe fela tse di tsamaisanang le setlhogo ka bokhutshwane mme o bo o tswelela ka serapa se se latelang. O ka nna wa tlotla ka karolo ya ntlha ya setlhogo seno mo loetong lwa ntlha mme o bo o tlotla ka karolo e e setseng fa o boela. Ipaakanyetse go tsweletsa thuto ka buka ya Baebele e Ruta Eng?
3 “Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng”: Motseletsele ono wa ditlhogo o tlhagelela gangwe mo dikgweding dingwe le dingwe tse tharo mme o diretswe gore o thuse banna, basadi le batsadi go bona gore ba ka dirisa jang melaometheo ya Baebele fa ba lebane le mathata a a ka senyang kagiso ya lelapa. Gape o ka dirisa ditlhogo tseno go thusa batho ba e seng Basupi gore ba bone botlhale jo bo fitlhelwang mo Baebeleng.—2 Tim. 3:16, 17.
4 Ditlhogo Tsa Bana le Basha: Motseletsele wa ditlhogo “Tsa Basha” o dira gore mmadi a kgone go akanya ka kgang e e rileng ya Baebele. O ka dirisa ditlhogo tseno go thusa basha ba o kopanang le bone mo tshimong ya lona gore ba bone botlhokwa jwa go ithuta Lefoko la Modimo. (Pes. 119:9, 105) Fa o bua le batsadi o ka nna wa gatelela motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Ruta Bana ba Gago” tse di tlhagelelang gangwe mo dikgweding tse pedi. Ditlhogo tseno di ka thusa bana ba bannye gore ba ithute dithuto tse di botlhokwa ka batho ba ba mo Baebeleng. A o itiretse mokgele wa go bala ditlhogo tseno le bana ba gago?
5 Ditlhogo Tse Dingwe: Kgwedi nngwe le nngwe, setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa” se sekaseka dipotso tse batho ba e seng Basupi ba ka di botsang. O ka nna wa gatelela setlhogo seno fa o tsamaisa dimakasine ka ntlo le ntlo. Setlhogo se se reng “Lekwalo le le Tswang Kwa . . . ” ke pego e e kwadilweng ke mongwe wa barongwa kgotsa batho ba bangwe e e bontshang dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo bodireding jwa bone. Ditlhogo tseno di ka thusa batho ba ba kgatlhegang go bona gore dikgang tse di molemo di rerwa lefatshe lotlhe, e le go diragatsa sesupo sa go nna gone ga ga Keresete.—Math. 24:3, 14.
6 Setlhogo se se tswang kgwedi le kgwedi se se reng “Atamalana le Modimo” se se theilweng mo mmalong wa Baebele wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se ka tlhotlheletsa ba ba peloephepa go batla go ithuta mo go oketsegileng ka Jehofa. Motseletsele wa ditlhogo tse di reng “Etsa Tumelo ya Bone,” o o tlhagelelang ganè ka ngwaga o diretswe go thusa batho go bona dipego tsa Baebele ka leitlho la mogopolo mme e bile o dira gore batho ba ba mo Baebeleng—dilo tse ba di tlhophang, dikgwetlho tsa bone le tumelo ya bone—e nne dilo tsa mmatota mo babading ba motlha wa gompieno.
7 Abo re itumela jang ne gore kgwedi le kgwedi re amogela Tora ya Tebelo e kgatiso ya yone yotlhe e diretsweng go re thusa mo tshimong! A re lekeng ka bojotlhe go tlwaelana le ditlhogo tse di mo makasineng ono gore re kgone go o dirisa ka botlalo kwa bodireding jwa rona.