Motseletsele wa Ditlhogo o o Tla re Thusang mo Bodireding
1. Motseletsele wa ditlhogo o o reng “Puisano le Moagelani” o dirilwe ka maitlhomo afe a mabedi?
1 Gangwe le gape, makasine wa batho botlhe wa Tora ya Tebelo o nna le motseletsele wa ditlhogo o o reng “Puisano le Moagelani.” Motseletsele ono wa ditlhogo o dirilwe ka maitlhomo a le mabedi—go buelela dithuto tsa Baebele ka tsela e e kgatlhang le go bontsha kafa re ka bayang mabaka ka botlhale ka teng ka dikgang tse di rileng. (1 Pet. 3:15) Re ka dirisa ditlhogo tseno sentle jang?
2. Re ka dirisa jang motseletsele ono wa ditlhogo mo bodireding jwa rona?
2 Di Dirise mo Bodireding: O ka ipeela dikhopi di le mmalwa tsa makasine wa Tora ya Tebelo tse di nang le setlhogo sengwe sa motseletsele ono. Fa mong wa ntlo, motho yo o kgatlhegang kgotsa motho yo o ithutang Baebele le ene a botsa potso kgotsa a ganetsa sengwe se go sa tswang go tlotlwa ka sone mo go sengwe sa ditlhogo tseno, mo neye makasine o o nang le setlhogo seo mme o mo kope gore lo tlotle ka sone. Fa o se na khopi ya makasine o o gatisitsweng o o buang ka setlhogo seo, gongwe o ka o itseela mo atereseng ya jw.org/tn.
3. Re ka tlotla jang ka sengwe sa ditlhogo tseno le mong wa ntlo?
3 O ka tlotla jang ka sengwe sa ditlhogo tseno le mongwe? Ba bangwe ba ile ba kopa mong wa ntlo gore a bale mafoko a moagelani fa bone ba bala mafoko a Mosupi. Go bala mafoko a a gatisitsweng a puisano go ka thusa ka gonne go dira gore motho a sekaseke dilo tse re di dumelang ka tsela e e sa direng gore a ikutlwe e kete o a tlhaselwa.—Dute. 32:2.
4. Re ka dirisa ditlhogo tsa motseletsele ono jang go ithapisa?
4 Ithapise O bo O Thapise ba Bangwe: Fa o ntse o bala ditlhogo tseno, ela tlhoko ditemana, ditshwantsho le tsela e go beilweng mabaka ka yone. Ela tlhoko gore dintlha di beilwe jang. Go tswa foo o bo o leka go dira se se tshwanang mo bodireding jwa gago. (Dia. 1:5; 9:9) Kgaitsadi mongwe o ne a re, “Go bala ditlhogo tseno go tshwana le go ithuta mo mmulatseleng yo o nang le maitemogelo—yo o nnang a itse kafa a ka arabang ka teng!”
5. Re ka thusa batho ba re ithutang Baebele le bone jang gore ba ipaakanyetse bodiredi?
5 Gape o ka dirisa dikai tseno tse di gatisitsweng go thusa batho ba o ithutang Baebele le bone gore ba ipaakanyetse bodiredi. Balang tshedimosetso eo mmogo, mme o letle gore moithuti a bale karolo ya mmoledi. Ka tsela eno, baithuti ba Baebele ba ka ithapisetsa go tlhalosa se ba se dumelang ka botlhale. (Bakol. 4:6) Eleruri ditlhogo tseno ke nngwe ya ditsela tse dintsi tse Jehofa a di dirisang go re thusa go ‘wetsa bodiredi jwa rona ka botlalo.’—2 Tim. 4:5.