Lebaka La go Bo ba Dirisa Masalela a Dilo Tsa Bogologolo mo Kobamelong
NAPLES, kwa Italy. A o ko o akanye o le koo mo dingwageng tse di simololang tsa lekgolo la bo 18 la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng. Mo tempeleng ya koo, motlhalefi wa Mo-Ireland ebong George Berkeley o eme fa pele ga masalela a setshwantsho sa bogologolo se se itsegeng thata sa bodumedi. O lebile ka pelaelo madi a a neng a lebega a fetoga seedi a ga “San Gennaro” ebong “moitshepi” Januarius wa Katoliki.
Naples ga e a fetoga thata mo mokgweng ono. Ka sekai, lemororo boemo jwa loapi bo ne jwa nna maswe thata ka nako nngwe mo dingwageng tsa bosheng, kereke e ne e tletse gape ka batho, mme go lebega go ne go na le kgakgamatso nngwe e e neng e diragetse. Masalela a selo sengwe sa bogologolo le mokoloko o o neng o eteletswe pele ke bishopomogolo wa mokadinale o ne o iteelwa magofi ka boitumelo. Ee, eno e ne e le lengwe la makgetlo a mantsi ao madi a ga “San Gennaro” a neng a lebega a nna seedi. Dikgakgamatso tse di amang masalela ano a setshwantsho sa bogologolo di sale di begwa gore di a diragala go tloga ka lekgolo la bo 14 la dingwaga.
Go ya ka ngwao ya Katoliki, masalela a bogologolo (relic, ka Seesemane e tswa mo Selatineng se se reng relinquere, seo se kayang “go tlogela kwa morago”) ke selo se se tlogetsweng ke motho yo go akanngwang gore ke moitshepi. Jaaka Dizionario Ecclesiastico e bontsha, masalela a dilo tsa bogologolo “a tlhalosiwa ka tlhomamo jaaka, mmele wa Moitshepi kana karolo ya mmele wa gagwe le molora wa gagwe, mme ka kakaretso a tlhalosiwa jaaka selo seo se kileng sa ama mmele wa moitshepi mme ka gone se tshwanetse go obamelwa.”
Go Dumelelwa ga Tsone Ke Mopapa
Ga go belaetse gore batho ba bantsi ba obamela masalela a dilo tsa bogologolo tsa kobamelo gonne go na le dikgakgamatso dingwe tse go bolelwang gore di direga ka ntlha ya one. Go dumelelwa ga tsone ke bomopapa go lebega e le lebaka le lengwe la go bo di ratiwa thata jaana.
Mo e ka nnang bobotlana bomopapa ba bane mo dingwageng tse 70 tse di fetileng ba ile ba tlhokomela masalela a ditshwantsho ka tsela e e kgethegileng. Lokwalo longwe lwa dikgang lwa Katoliki lo senola gore Mopapa Pius XII “o ne a tsamaya a tshotse masalela a mmele wa ga moitshepi wa Lisieux mo go ene” fela jaaka yo o tlileng pele ga gagwe ebong Pius XI. Paul VI “o ne a baya monwana wa ga moaposetoloi [Thomase] mo tafoleng ya gagwe mo ntlwaneng e a neng a ithutela mo go yone,” mme John Paul II “mo kamoreng ya gagwe o tshola manathwana a . . . masalela a mmele” wa ga “Moitshepi Benedict” le “Moitshepi Andrew.”—30 giorni, March 1990, tsebe 50.
Lebaka la go bo bomopapa ba ile ba dumelela dilo tseo, ga le dire gore re gakgamalele go bo batho ba ba batlang masalela a dilo go a dirisa mo kobamelong ya bone ya sephiri le ya phatlalatsa ba oketsega jaana. Mme a go obamela masalela a dilo tsa bogolgolo tsa bodumedi go itumedisa Modimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Selo se masalela a dilo tsa bogologolo tse di obamelwang tsa bodumedi a bolokiwang mo go sone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of The British Museum