LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/15 ts. 5-7
  • A go Obamela Masalela a Dilo Tsa Bogologolo go Itumedisa Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Obamela Masalela a Dilo Tsa Bogologolo go Itumedisa Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bibela E Bolela Eng ka Seno?
  • Go Kgatlhanong le Dithuto tsa Bibela
  • Lebaka La go Bo ba Dirisa Masalela a Dilo Tsa Bogologolo mo Kobamelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Go Kgatlhegelwa ga “Baitshepi” Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Baitshepi
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Lebitla la ga Petere—A Le kwa Vatican?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/15 ts. 5-7

A go Obamela Masalela a Dilo Tsa Bogologolo go Itumedisa Modimo?

MADI a ga “San Gennaro,” a a bolelwang gore a fetoga seedi gararo ka ngwaga, ke nngwe ya dilo tse di obamelwang tsa bodumedi. Go ntse fela jalo le ka Shroud of Turin e go bolelwang gore ke lesela le le neng le phuthetse mmele wa ga Jesu Keresete. Gareng ga dilo tse di obamelwang tse di amanngwang le Jesu ke bolao jo bo bolelwang gore e ne e le jwa gagwe fa e ne e santse e le losea (jo bo kwa kerekeng e kgolo kwa Roma), buka e a neng a ithutela go kwala mo go yone, le dipekere tse di fetang sekete tse go bolelwang gore di ne tsa dirisiwa fa a ne a bapolwa! Masalela a dilo tse di obamelwang tsa bodumedi a akaretsa le ditlhogo di le mmalwa tsa ga Johane Mokolobetsi le, mebele e mene e e leng mo dikarolong tse di farologaneng tsa Yuropa e go bolelwang gore ke ya ga “Santa Lucia.”

Motse wa Trier kwa Jeremane ke mongwe wa metse e e itsegeng thata ka masalela a dilo tse di obamelwang oo kwa go one go nang le sengwe sa “diaparo tse di boitshepo”—diaparo tsa kafa teng tse di sa tshwaraganngwang ka moroko tse di neng di aparwa ke Jesu Keresete—di bolokilwe gone koo. Kwa Vatican City fela go na le masalela a dilo tse di obamelwang di le sekete mo mabolokelong a a kgethegileng. Diketekete tsa ditshwantsho tse di obamelwang tsa bodumedi di bolokiwe mo kerekeng ya “Saint Ursula” kwa Cologne kwa Jeremane. Lenane la tsone ga le fele. Ka go bo, kwa Italy fela, go na le mafelo a a boitshepo a a nang le ditshwantsho tse di obamelwang tsa bodumedi a le 2 468!

Go dumelwa gore go obamelwa ga masalela a dilo go simolotse mo lekgolong la bone la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng, fela jaaka go obamelwa ga “baitshepi.” Ka mabaka a bodumedi, a ikonomi, le a bopolotiki, palo ya ditshwantsho tsa bodumedi tse di obamelwang e ile ya oketsega ka bonya ka bonya go ralala makgolokgolo a dingwaga, mo go nang le di le diketekete gompieno. Lekgotla la Bobedi la Vatican le ne la gatelela gape gore “go ya ka ngwao ya lone, Kereke e obamela baitshepi e bo e tlotla masalela a bone le ditshwantsho tsa bone tse di tlhomilweng.” (Constitution “Sacrosanctum Concilium” sulla sacra Liturgia, e e mo go I Documenti del Concilio Vaticano II, ya 1980, Edizioni Paoline) “Ditshwantsho tse di obamelwang, mmogo le tseo di tlotliwang ke batho ba bantsi,” di umakiwa ke Codex Iuris Canonici (Code of Canon Law) e e itsisitsweng ke John Paul II ka 1983. (Canon 1190) Ma-Anglican le maloko a dikereke tsa Orthodox le bone ba obamela masalela a dilo.

Ereka go na le dipekere tse dintsi tse go bolelwang gore ke tseo Keresete a neng a bapotswe ka tsone le ditlhogo tse dintsi tse go tweng ke tsa ga Johane Mokolobetsi, go papametse gore masalela a dilo tse di obamelwang tsa bodumedi ga se a mmatota. Ka sekai, fa go ne go batliwa letlha la Shroud of Turin go dirisiwa mokgwa wa radiocarbon go ne ga fitlhelwa gore ga se ya boammaaruri. Se se kgatlhang ke gore fa go ne go gogagoganwa ka yone ka 1988, Marco Tosatti yo o itsegeng thata wa Vatican o ne a botsa jaana fa a ne a akgela: “Fa tsela ya saense e e dirisitsweng fa go ne go tlhatlhobiwa Shroud e ne e ka dirisiwa go tlhatlhoba dilo tse dingwe tse di itsegeng thata tse di obamelwang, go ne go tla konelwa ka go reng?”

Go phepafetse gore ga go na motho ope yo o botlhale yo o tla batlang go obamela masalela a selo se e seng sa boammaaruri. Mme a eo ke yone ntlha fela e e tshwanetseng go akanyediwa?

Bibela E Bolela Eng ka Seno?

Bibela ga e bolele gore batho ba Modimo o neng o ba itlhophetse, Baiseraele ba bogologolo, ba ne ba obamela masalela a dilo tsa bogologolo fa ba ne ba le kwa botshwarong kwa Egepeto. Ke boammaaruri gore tlhogo ya lotso Jakobe o ne a swela kwa Egepeto mme setopo sa gagwe se ne sa isiwa kwa nageng ya Kanana go ya go fitlhwa mo “logageñ loa sebata sa naga ea Makapela.” Morwawe Josefa o ne a swela kwa Egepeto, mme marapo a gagwe kgabagare a ne a rwalelwa kwa Kanana go ya go fitlhwa gone. (Genesise 49:29-33; 50:1-14, 22-26; Ekesodo 13:19) Lefa go ntse jalo, Dikwalo ga di supe gotlhelele gore Baiseraele ba ile ba obamela marapo a ga Jakobe le Josefa jaaka masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi.

Ela tlhoko gape, seo se neng sa diragalela moperofeti Moshe. O ne a kaelwa ke Modimo gore a etelele Baiseraele pele ka dingwaga di le 40. Morago, fa a na le dingwaga di le 120 o ne a pagama Thaba ya Nebo, a leba Lefatshe Le Le Solofeditsweng, a bo a swa. Moengele yo mogolo ebong Mikaele o ne a lwela setopo sa ga Moshe le Diabolo, mme maiteko ape fela a ga Satane a go se dirisa gore Baiseraele ba se obamele a ne a senngwa. (Yude 9) Lemororo ba ne ba hutsafala ka ntlha ya loso lwa ga Moshe, ga ba ise ba ko ba obamele marapo a gagwe. Ebile tota, Modimo o ne wa dira gore selo seo se se ka sa direga ka go fitlha Moshe mo lebitleng le le sa itseweng kwa lefelong le le sa itseweng ke batho.—Duteronome 34:1-8.

Batho bangwe ba ba buelelang go obamelwa ga ditshwantsho tsa bodumedi ba tsopola 2 Dikgosi 13:21 e e bolelang jaana: “Me ga dihala, ea re ba hitlha monna moñwe, bōnañ, ba kwaea setlhōpha señwe; me ba latlhèla monna eouō mo phupuñ ea ga [moperofeti] Elisha: me ea re monna eouō a ama marapō a ga Elisha, a rulwa, a èma ka dinaō.” Eno e ne e le kgakgamatso e e neng e le malebana le marapo a a suleng a mongwe wa baperofeti ba Modimo. Mme Elisha o ne a sule ebile ‘a sa itse sepe’ ka nako ya fa kgakgamatso eno e diragala. (Moreri 9:5, 10) Ka gone, kgakgamatso eno e ne e dirwa ke Jehofa Modimo yo o nang le maatla a go dira dikgakgamatso, yo a neng a e dira ka moya wa gagwe o o boitshepo, kana maatla a a dirang. Re tlhokomela gape gore Dikwalo ga di bolele gore marapo a ga Elisha a kile a obamelwa.

Bangwe ba batho ba Labokeresete ba buelela go obamelwa ga masalela a dilo tsa bogologolo ka ntlha ya se se bolelwang mo go Ditihō 19:11, 12, koo re balang jaana gone: “Me Modimo oa diha dikgakgamaco diñwe tse di heteletseñ ka diatla tsa ga [moaposetoloi] Paulo: Ga tsamaea ga isediwa balwetsi matsela, leha e le dikhiba tse di amileñ mmele oa gagwè, me malwetse a ba tlogèle, le meōea e e mashwè e cwe.” Tsweetswee ela tlhoko gore Modimo ke one o neng o dira ditiro tse di tlhomologileng tseo ka Paulo. Moaposetoloi o ne a sa dire ditiro tse di ntseng jalo ka boene, ebile ga a ise a ko a dumele gore batho ba mo obamele.—Ditihō 14:8-18.

Go Kgatlhanong le Dithuto tsa Bibela

Totatota, go obamela masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi go kgatlhanong thata le dithuto di le mmalwa tsa Bibela. Ka sekai, ntlha nngwe e e botlhokwa thata ya kobamelo e e ntseng jalo ke go dumela gore moya wa motho ga o swe. Dimilione tsa maloko a a ineetseng tota a kereke di dumela gore meya ya botlhe bao ba leng mo lenaaneng le bao ba obamelwang jaaka “baitshepi” e a tshela kwa legodimong. Batho ba ba tlhoafetseng bano ba rapela “baitshepi” ba ba ntseng jalo, ba kopa gore ba ba sireletse le go ba kopa gore ba buelele motho yo o kopang yoo mo Modimong. Ebile tota, go ya ka buka nngwe e e dirisiwang mo kerekeng, Bakatoliki ba bolela gore masalela a dilo tsa bogologolo “a na le maatla a a tshwanang le a Moitshepi a go ba buelela mo Modimong.”

Lefa go ntse jalo, go ya ka Bibela moya wa motho wa swa. Batho ga ba na meya mo teng ga bone e e leng gore ga e swe le e e kgonang go tshela kwa ntle ga mmele morago ga loso. Go na le moo, Dikwalo di bolela jaana: “Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” (Genesise 2:7) Go na le go ruta gore moya wa motho ga o swe, Bibela e bolela jaana: “Mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (Esekiele 18:4) Seno se ama batho botlhe—go akaretsa le botlhe ba ba neng ba kwalwa semolao gore ke “baitshepi”—ka go bo rotlhe re ruile boleo le loso go tswa mo mothong wa ntlha ebong Adame.—Baroma 5:12.

Re tshwanetse go tila go obamela “baitshepi” gonne ga ba a newa thata ya go buelela ope mo Modimong. Jehofa Modimo o laotse gore Morwa wa gagwe, Jesu Keresete, e nne ene fela a ka dirang seno. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore Jesu “ke èna eo o na a shwa, E, bogolo ke èna eo o cosicweñ mo bashwiñ, eo o kaha lecogoñ ye legolo ya Modimo, eo o bileñ a re rapèlèla.”—Baroma 8:34; bapisa Yohane 14:6, 14.

Lebaka le lengwe la go tila go obamela “baitshepi” le masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi tse di amanang le bone le ikaegile ka seo Bibela e se bolelang kaga kobamelo ya medimo ya disetwa. Mongwe wa Melao E E Lesome o Baiseraele ba neng ba o newa o ne o bolela jaana: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a kwa tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha, eo ke beletsañ bana tshiamololō ea borrabō, go ea kokomaneñ ea boraro le ea bonè ea ba ba nkilañ.” (Ekesodo 20:4, 5) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ba bangwe jaana: “Me ke gōna baratwa ba me, tshabañ kōbamèlō ea medimo ea disetwa.” (1 Bakorintha 10:14) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”—1 Yohane 5:21.

Ka gone, Bibela ga e tshegetse go obamelwa ga “baitshepi” ba ba mo dikwalong le masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi. Lefa go ntse jalo, batho ba bangwe ba rata fa go na le sengwe se go akanngwang gore se boitshepo se ba kgonang go se bona le seo ba akanyang gore se na le maatla a go boloka. Eleruri, bontsi bo leba masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi jaaka sengwe se se bonalang se se golaganyang mo ketaneng e e fa gare ga legodimo le lefatshe. Tsweetswee a o ko o akanye ka ntlha eno ka motsotswana.

Fa motho a leba kana a tshwara masalela a dilo tsa bogologolo tse di obamelwang tsa bodumedi o tla bo a sa dire tumalanong le mafoko a ga Jesu a a kaga kobamelo e Modimo o e batlang. Jesu o ne a bolela jaana: “Lobaka loè tla, le gompiyeno lo hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.” (Yohane 4:23, 24) Jehofa Modimo ke “Mōea,” batho ga ba kgone go mmona. Go mo obamela ka “mōea” go kaya gore tirelo e e boitshepo e re e direlang Modimo e tlhotlhelediwa ke pelo e e tletseng lorato le tumelo. (Mathaio 22:37-40; Bagalatia 2:16) Ga re kake ra obamela Modimo “ka boamarure” fa re obamela masalela a dilo tsa bogologolo mme re ka dira seo fela ka go gana maaka ape fela a bodumedi, re ithute gore o batla eng mo go rona jaaka Bibela e re senolela, mme re dire fela jalo.

Ka gone, ga go gakgamatse go bo mokanoki James Bentley a dumela gore ‘Bahebera ba bogologolo ba ne ba sa obamele ditshwantsho tsa bodumedi.’ Gape o bolela gore mo dingwageng tse di makgolo a mane tse di fa gare ga loso lwa ga Setefane le go epololwa ga mmele wa gagwe ke Lucian, boikutlo jwa Bakeresete ka masalela a dilo tsa bogologolo tsa bodumedi bo fetogile gotlhelele. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la botlhano la dingwaga C.E., Labokeresete e ne e setse e sa tlhole e kgomaretse dithuto tse di tlhamaletseng tsa Bibela kaga kobamelo ya medimo ya disetwa, boemo jwa baswi, le seabe sa ga Jesu Keresete jaaka “eo o bileñ a re rapèlèla.”—Baroma 8:34; Moreri 9:5; Yohane 11:11-14.

Fa re batla gore Modimo o itumelele kobamelo ya rona, re tshwanetse go tlhomamisa gore ga e amane ka gope le mofuta ope fela wa kobamelo ya medimo ya disetwa. Gore e tle e amogelwe, e tshwanetse ya bo e ya go Mmopi, Jehofa Modimo, eseng setshwantsho sepe fela kana sebopiwa. (Baroma 1:24, 25; Tshenolō 19:10) Gape re tshwanetse ra nna le kitso e e tlhomameng ya Bibela mme re age tumelo e e nonofileng. (Baroma 10:17; Bahebera 11:6) Mme fa re tsamaya mo tseleng ya kobamelo ya boammaaruri, re tla dira tumalanong le bosupi jo bontsi jwa Dikwalo joo bo bontshang gore go obamela masalela a dilo tsa bogologolo ga go itumedise Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Marapo a ga Elisha a ne a sa obamelwe lemororo motho mongwe a ne a tsoga mo baswing ka ntlha ya one

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela