LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/1 ts. 3-5
  • Kgololesego ya Boammaaruri—E Tla Tswa Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgololesego ya Boammaaruri—E Tla Tswa Kae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgololesego Ga E A Dirisiwa Sentle
  • Go Nna Makgoba a Bodumedi jwa Maaka
  • Batho Ba Ba Gololesegileng mme Ba Ikarabela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Amogela Lefatshe Le Lesha la Modimo la Kgololesego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A “Tsamaiso E Ntšha ya Lefatshe” ya Motho E Gaufi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Kgololesego ya Bodumedi e Kayang ka Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/1 ts. 3-5

Kgololesego ya Boammaaruri—E Tla Tswa Kae?

“Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè. Yehofa, a u ko u nkoatlhaeè.”—YEREMIA 10:23, 24.

1, 2. Bontsi jwa batho bo leba kgololesego jang, mme go tshwanetswe ga akanyediwa dilo dife tse dingwe?

KWANTLE ga pelaelo o rata kgololesego ya boammaaruri. O batla gore o gololesege go bolela kafa wena o lebang dilo ka teng, o gololesege go itirela tshwetso ya gore o batla go nna kae le gore o batla go nna jang. O batla go itlhophela tiro e o e dirang, go itlhophela dijo, mmino, ditsala. Go na le dilo tse dintsi tse o ka di tlhophang, tse dikgolo le tse dinnye. Ga go na motho ope yo tlhaloganyo ya gagwe e berekang sentle yo o batlang go tshela jaaka motlhanka kafa tlase ga babusi ba ba gatelelang, a na le kgololesego e potlana fela ya go itlhophela se a se batlang kana e seyo gotlhelele.

2 Lefa go ntse jalo, a gape o ne o ka se batle lefatshe leo mo go lone wena mmogo le batho ba bangwe lo neng lo tla solegelwa molemo ke kgololesego ya boammaaruri? A o ne o ka se batle lefatshe leo mo go lone kgololesego e neng e tla bo e sireleditswe gore botshelo jwa mongwe le mongwe bo kgone go nna le bokao jo bo feletseng? Mme fa go ne go ka kgonega, a gape o ne o ka se batle lefatshe le le senang poifo, bokebekwa, tlala, tshotlego, kgotlelo, bolwetsi, le ntwa? Eleruri ditsela tse di ntseng jalo tsa go gololesega di eletsega fela thata.

3. Ke ka ntlha yang fa re tsaya kgololesego e le ya botlhokwa?

3 Ke ka ntlha yang fa rona batho re rata kgololesego thata jaana? Bibela e bolela jaana: “Kwa Mōea oa Morèna o gōna, ke gōna kwa go nañ le kgololèsègō.” (2 Bakorintha 3:17) Ka jalo Jehofa ke ene Modimo wa kgololesego. Mme ereka a re bopile mo ‘tshwanong le mo setshwanong’ sa one, o re neetse nonofo ya go gololesega go dira se motho a se ratang gore re kgone go tlhaloganya le go solegelwa molemo ke kgololesego eno.—Genesise 1:26.

Kgololesego Ga E A Dirisiwa Sentle

4, 5. Kgololesego e ile ya se ka ya dirisiwa sentle jang mo hisitoring yotlhe?

4 Mo hisitoring yotlhe batho ba le dimilione ba ile ba dirwa makgoba, ba bogisiwa, kana ba bolawa ka gonne ba bangwe ba ne ba sa dirise kgololesego ya bone ya go itlhophela sentle. Bibela e bolela gore dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, “Baegepeto [ba ne] ba dihisa bana ba Iseraela ka bopeloethata: Me ba diha gore go tshela ga bōnè go nnè botlhoko, ka tihō e e thata.” (Ekesodo 1:13, 14) The Encyclopedia Americana e bolela gore mo lekgolong la bone la dingwaga B.C.E., makgoba a kwa Athena le a metse e mengwe e mebedi ya Gerika a ne a feta ka palo batho ba e neng e se makgoba ka 4 go 1. Gape buka eno ya re: “Mo Roma, lekgoba kwa tshimologong le ne le sena ditshwanelo dipe. Le ne le ka bolaelwa phosonyana fela e e seng ya sepe.” Compton’s Encyclopedia e bolela jaana: “Kwa Roma, puso e ne e ikaegile ka tiro ya makgoba. . . . Gantsi makgoba a ne a bereka mo masimong a golegilwe ka dikeetane. Bosigo a ne a golaganngwa mmogo a bo a tswalelwa mo dikgolegelong tse dikgolo, tseo karolo e e kwa tlase ya tsone e neng e le kafa tlase ga lefatshe.” Ereka makgoba a le mantsi a ne a kile a bo a gololesegile, a ko o akanye ka kutlobotlhoko ya bao matshelo a bone a sentsweng jalo!

5 Labokeresete e ile ya tsenelela mo kgwebong e e neng e dirwa ka bosetlhogo ya go rekisa makgoba ka makgolokgolo a dingwaga. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Go simolola ka bo 1500 go ya go bo 1800, batho ba Yuropa ba ile ba rwala makgoba a batho ba bantsho ba ka nna dimilione tse 10 ka dikepe go tswa kwa Afrika ba ba isa kwa Hemisefereng e e kwa Bophirima.” Mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, magolegwa a le dimilione a ne a berekisiwa ka thata go fitlha a swa kana a bolawa mo dikampeng tsa Ba-Nazi tsa pogisetso e le se se laotsweng ke puso. Mo go bano go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi bao ba neng ba golegilwe ka gonne ba ne ba gana go tshegetsa puso e e bolayang batho ya Ba-Nazi.

Go Nna Makgoba a Bodumedi jwa Maaka

6. Bodumedi jwa maaka bo ne jwa dira batho makgoba jang kwa Kanana wa bogologolo?

6 Gape go na le bokgoba jo bo tlang ka ntlha ya go latela bodumedi jwa maaka. Ka sekai, kwa Kanana wa bogologolo, Moleke o ne a ntshediwa ditlhabelo ka bana. Go bolelwa gore mo teng ga setshwantsho se segolo sa modimo ono wa maaka go ne go na le leiso la leubelo le molelo o neng o tuka mo go lone. Bana ba ne ba latlhelwa fa gare ga mabogo a a phutholotsweng a setshwantsho seno ba tshela, ba bo ba fetelela ba ya go phuagana mo molelong kwa tlase. Baiseraele bangwe le bone ba ne ba le mo kobamelong eno ya maaka. Modimo o bolela gore ba ne ba ‘ralaletsa Moleke bana ba bone ba basimane le ba basetsana molelo, e le sengwe se a neng a sa se ba laolela, le gone go sa ka ga tsena mo mogopolong wa Gagwe gore ba dire selo se se makgapha se.’ (Yeremia 32:35) Moleke o ne a direla baobamedi ba gagwe melemo efe? Merafe eo ya Bakanana le kobamelo ya ga Moleke di kae gompieno? Di nyeletse tsotlhe fela. E ne e le kobamelo ya maaka, kobamelo e e sa thaiwang mo boammaaruring mme e thailwe mo maakeng.—Isaia 60:12.

7. Ke tlwaelo efe e e tsitsibanyang mmele eo e neng e le karolo ya bodumedi jwa Ba-Aztec?

7 Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng mo Amerika Bogare, Ba-Aztec e ne e le makgoba a bodumedi jwa maaka. Motho mongwe le mongwe o ne a na le modimo wa gagwe ka namana, maatla a tlholego a ne a obamelwa jaaka medimo, ditiro tse di farologaneng mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi di ne di na le medimo ya tsone, dimela di ne di na le medimo ya tsone, le eleng batho ba ba ipolayang ba ne ba na le modimo wa bone. Buka ya The Ancient Sun Kingdoms of the Americas e bolela jaana: “Puso ya Mexico ya Ba-Aztec e ne e rulagantswe yotlhe gore e tle e kgone go tshegetsa le go itumedisa batho ba ba maatla ba ba sa bonaleng, ka go ba neela dipelo tsa batho di le dintsi ka mo ba neng ba kgona ka gone. Madi e ne e le seno sa medimo. Go ne go nna le dintwa tse dipotlana tse di sa feleng, gore go tle go bonwe bagolegwa ba ba ka ntshediwang medimo ditlhabelo.” Fa tempele e kgolo e e motsu kwa godimo e ne e kgakolwa ka 1486, diketekete tsa batho ba ba neng ba tlile go bolawa ba ne ba “tlhomaganngwa ka mekoloko ba letetse go tla ba namaladiwa mo godimo ga letlapa le go ntshediwang ditlhabelo mo go lone. Dipelo tsa bone di ne di ntshiwa di bo di tsholelediwa kwa letsatsing ka nakwana” go itumedisa modimo wa letsatsi. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Ka dinako dingwe baobamedi ba ne ba ja dirwe tsa mmele wa motho yo o bolailweng.” Lefa go ntse jalo, ditiro tseo ga di a ka tsa boloka Mmusomogolo wa Ba-Aztec kana bodumedi jwa bone jwa maaka.

8. Motsamaisi mongwe wa bajanala o ne a reng kaga polao eo e dirwang gompieno eo e fetang kgakala eo e neng e dirwa ke Ba-Aztec?

8 Ka nako nngwe bajanala ba ne ba kanoka musiamo oo mo go one go neng go na le setshwantsho sa baperesiti ba Ba-Aztec ba ntsha pelo ya lekawana lengwe. Fa motsamaisi wa bajanala a tlhalosa ka se se supilweng foo, batho bangwe mo setlhopheng seo sa bajanala ba ne ba goga mowa ka go kgaoga pelo. Go tswa foo motsamaisi o ne a re: “Ke bona gore lo utlwisiwa botlhoko ke tlwaelo ya Ba-Aztec ya go ntshetsa medimo ya boheitane setlhabelo ka makawana. Lefa go ntse jalo, mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga, makawana a le dimilione a ne a ntshediwa modimo wa ntwa setlhabelo. A seo ga se bosula fela ka tsela e e tshwanang?” Ke boammaaruri gore mo ntweng baeteledipele ba bodumedi ba merafe yotlhe ba rapelela gore masole a fenye ebile ba a segofatsa le mororo gantsi batho ba bodumedi jo bo tshwanang ba a bo ba le kafa ntlheng tsoopedi tsa matlhakore a a lwang ba bolaana.—1 Yohane 3:10-12; 4:8, 20, 21; 5:3.

9. Ke tlwaelo efe eo e lopang matshelo a bana go feta lefa e ka nna epe fela mo hisitoring?

9 Go ntsha makawana ditlhabelo tse di isediwang Moleke, medimo ya Ba-Aztec, kana di isediwa ntwa go fetwa ke go bolawa ga bana ba ba iseng ba tsholwe ba bolawa ka go senya dimpa, e le ba palo e e ka nnang dimilione tse 40 go ya go tse 50 lefatshe lotlhe. Palo ya bana ba ba bolailweng ka go senya dimpa mo dingwageng tse tharo fela tse di fetileng e feta dimilione tse di lekgolo tsa batho ba ba bolailweng mo dintweng tsotlhe tsa lekgolo leno la dingwaga. Ngwaga le ngwaga palo ya bana ba ba bolawang ka go senya mpa e feta ya batho botlhe ba ba bolailweng mo dingwageng tse 12 tsa puso ya Ba-Nazi ka makgetlo a a menaganeng gantsintsi. Mo masomeng a dingwaga a bosheng jaana go ne ga bolawa bana ba palo e e fetang ya botlhe bao ba neng ba ntshediwa Moleke kana medimo ya Ba-Aztec ditlhabelo ka makgetlo a le diketekete ba bolawa ka go ntsha dimpa. Lefa go ntse jalo bontsi (fa e se botlhe) jwa bao ba senyang dimpa, kana bao ba thusang ba bangwe go di senya, ba ipolela e le ba bodumedi bongwe.

10. Batho ba dule makgoba a bodumedi ka tsela efe e nngwe?

10 Bodumedi jwa maaka bo dira batho makgoba le ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, batho ba le bantsi ba dumela gore batho ba ba suleng ba a tshela mo lefelong la meya. Mangwe a matswela a ditumelo tse di ntseng jalo tsa maaka ke gore batho ba boife le go obamela bagologolwane ba ba suleng ka tsholofelo ya gore ba tla bona melemo mengwe mo go bone. Seno se dira gore batho e nne makgoba a dingaka tsa bola, batho ba ba buisanang le badimo, le baruti bao ba kopiwang gore ba tle go dira se go tweng ke go thusa batho ba ba tshelang gore ba itumedise baswi. Go ka bodiwa sentle fela gore, A go na le tsela nngwe e motho a ka ikgololang mo bokgobeng jo bo ntseng jaana ka yone?—Duteronome 18:10-12; Moreri 9:5, 10.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Mo hisitoring yotlhe batho bangwe ba ile ba se ka ba dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela se ba se batlang sentle mme ba ntsha ba bangwe makgoba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela