LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/15 ts. 12-17
  • Dilo Tse Jehofa A Di Re Nayang Ebong ‘Ba re Ba Neetsweng Ruri’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tse Jehofa A Di Re Nayang Ebong ‘Ba re Ba Neetsweng Ruri’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tswa ga Baiseraele kwa Babelona
  • Ba E Seng Baiseraele le Bone ba A Boa
  • Setshwani sa Segompieno
  • Ba Neetswe go Dira Tirelo E E Kgethegileng
  • Go Ineela ga Rona Gompieno
  • Kitsiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • “Iseraele wa Modimo” le “Boidiidi jo Bogolo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Batho Ba ba Nnang Mmogo mo ‘Lefatsheng’ le le Tsosolositsweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/15 ts. 12-17

Dilo Tse Jehofa A Di Re Nayang Ebong ‘Ba re Ba Neetsweng Ruri’

“Baeñ ba tla èma ba hudisa macomane a lona.”—ISAIA 61:5.

1. Ke ka ntlha yang fa lefoko “moabi” le ka re gakolola Jehofa?

ABO Modimo o aba ka bopelotshweu jang ne! Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “[Jehofa] ka [esi] o naea botlhe botshelō, le mōea, le dilō cotlhe.” (Ditihō 17:25) Mongwe le mongwe wa rona a ka solegelwa molemo fa a ka akanya ka ‘dineo tse di molemo le tse di itekanetseng’ tse re di amogelang go tswa mo Modimong.—Yakobe 1:5, 17; Pesalema 29:11; Mathaio 7:7; 10:19; 13:12; 21:43.

2, 3. (a) Re tshwanetse go arabela jang ka dineo tsa Modimo? (b) Balefi e ne e le ba ba ‘neetsweng’ ka tlhaloganyo efe?

2 Mopesalema o ne a ipotsa ka lebaka le le molemo gore a ka duela Jehofa jang. (Pesalema 116:12) Tota Mmopi wa rona ga a tlhoke sepe se batho ba ka tswang ba na naso kana se ba ka se mo nayang. (Pesalema 50:10, 12) Lefa go ntse jalo, Jehofa o bontsha gore o a itumela fa batho ba ineela mo kobamelong ya boammaaruri ka lebaka la go bo ba anaanela. (Bapisa Bahebera 10:5-7.) Batho botlhe ba tshwanetse go intsha ka bobone ba ineela mo Mmoping yoo le ene a ka nnang a ba naya ditshiamelo tse dintsi tse di oketsegileng, fela jaaka a ne a dira ka Balefi ba bogologolo. Le mororo Baiseraele botlhe ba ne ba ineetse mo Modimong, o ne a tlhopha fela lelapa la ga Arone la Balefi go nna baperesiti ba ba neng ba tlile go ntsha ditlhabelo kwa motlaaganeng le kwa tempeleng. Go tweng ka Balefi ba bangwe?

3 Jehofa o ne a bolelela Moshe jaana: “Atametsa locō loa ga Lefi . . . me a ba lebèlè dilō cotlhe tse di nnañ mo mogopiñ oa bophuthègèlō . . . Me Balefi u ba neè Arone le bomorwawè: o ba neecwe [ka Sehebera, nethu·nimʹ] rure ba cwa mo baneñ ba Iseraela.” (Dipalō 3:6, 8, 9, 41) Balefi ba ne ba “neecwe” Arone gore ba dire ditiro tsa tirelo ya motlaagana, ka jalo Modimo o ne o ka bolela jaana: “Gonne ke ba neecwe rure mo baneñ ba Iseraela.” (Dipalō 8:16, 19; 18:6) Balefi ba bangwe ba ne ba dira ditiro tse di motlhofo tota; ba bangwe ba ne ba amogela ditshiamelo tse dikgolo thata, jaaka go ruta melao ya Modimo. (Dipalō 1:50, 51; 1 Ditihalō 6:48; 23:3, 4, 24-32; 2 Ditihalō 35:3-5) A jaanong re retologeleng kwa bathong bangwe ba ba ‘neetsweng’ le ba ba tshwanang le bao ba motlha wa segompieno.

Go Tswa ga Baiseraele kwa Babelona

4, 5. (a) Ke Baiseraele bafe ba ba neng ba boa go tswa kwa botshwarwa kwa Babelona? (b) Mo metlheng eno ya segompieno, ke eng se se tshwanang sentle le go boa ga Baiseraele go tswa kwa botshwarwa?

4 Esere le Nehemia ba anela kafa masalela a Iseraele a a neng a eteletswe pele ke Mmusi Serubabele a neng a boela kwa nageng ya one ka teng a tswa kwa Babelona go ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri. Dipego tseo ka bobedi di bega gore batho ba ba neng ba boela morago bano ba ne ba le 42 360 botlhe. Diketekete tsa palo eo e ne e le “palo ya [banna] ba chaba ea Iseraela.” Morago ga foo dipego tseo di ntsha lenaane la baperesiti. Morago go ne ga tla Balefi ba ka nna 350, go akaretsa le Balefi ba ba opelang le ba ba disang dikgoro. Esere le Nehemia ba kwala gape ka diketekete tsa ba bangwe bao go lebegang e le Baiseraele, gongwe ebile e le baperesiti, mme ba sa kgone go supa gore ke ba losika lofe.—Esere 1:1, 2; 2:2-42, 59-64; Nehemia 7:7-45, 61-66.

5 Masalela ano a Iseraele a a neng a ya botshwarwa ao moragonyana a neng a boela kwa Jerusalema le kwa Juda a ne a supa fa a ineetse mo Modimong ka tsela e e tlhomologileng ebile a ineetse mo kobamelong ya boammaaruri fela thata. Jaaka re setse re bone, mo metlheng eno ya segompieno re bona masalela a Iseraele wa semoya a a neng a tswa mo botshwarong jwa Babelona O Mogolo ka 1919 a tshwana sentle le bone.

6. Modimo o ile a dirisa Iseraele wa semoya jang mo motlheng wa rona?

6 Fa ba sale ba gololwa ka 1919, masalela a bakaulengwe ba ga Keresete a a tloditsweng a ile a tswelela pele ka botlhaga tota mo kobamelong ya boammaaruri. Jehofa o ile a segofatsa maiteko a bone a go phutha ba bofelo ba ba ba 144 000 ba ba bopang “Iseraela oa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Tshenolō 7:3, 4) Jaaka setlhopha, masalela a a tloditsweng a bopa setlhopha sa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo a dirisiwang go baakanya dijo tsa semoya tse di nayang botshelo, tse ba ileng ba dira ka natla tota go di anamisa mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 24:45-47.

7. Ke bomang ba ba kopanelang le batlodiwa mo kobamelong ya boammaaruri?

7 Jaaka setlhogo se se fetileng se ne sa bontsha, batho ba ga Jehofa jaanong ba akaretsa dimilione tsa “dinku di sele” tse di nang le tsholofelo e di e filweng ke Modimo ya go falola sepitla se segolo se se tla tlogang se tla. Ba eletsa go direla Jehofa ka bosakhutleng mo lefatsheng, koo ba se kitlang ba tshwarwa ke tlala kana ba nyorwa le koo go senang dikeledi tsa kutlobotlhoko. (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9-17; 21:3-5) A mo pegong eno ya ba ba neng ba tswa kwa Babelona re bona sepe fela se se tsamaelanang le batho ba ba ntseng jalo? Ee!

Ba E Seng Baiseraele le Bone ba A Boa

8. Ke bomang ba ba neng ba tsamaya le Baiseraele ba ba neng ba boa ba tswa kwa Babelona?

8 Ka nako ya fa go ne go tlhabiwa mokgosi wa gore botlhe ba ba ratang Jehofa ba ba kwa Babelona ba boele kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, diketekete tsa batho ba e neng e se Baiseraele le bone ba ne ba arabela. Mo lenaaneng la ga Esere le Nehemia, re bala ka “Banethinima” (seo se kayang, “Ba ba neetsweng”) le “bana ba batlhanka ba ga Solomone,” bao palo ya bone fa e kopane e neng e le 392. Dipego di umaka gape ba bangwe ba ba fetang 7 500: ‘batlhanka le malata,’ mmogo le “baopedi ba . . . banna le basadi,” ba e neng e se Balefi. (Esere 2:43-58, 65; Nehemia 7:46-60, 67) Ke eng seo se neng sa tlhotlheletsa batho ba le bantsi jaana bao e neng e se Baiseraele go boela kwa morago?

9. Moya wa Modimo o ne wa nna le seabe sefe fa ba ne ba boa kwa botshwarwa?

9 Esere 1:5 e bolela ka “botlhe ba Modimo o tlhotlheleditseñ mōea oa bōnè go tla ba ea go aga ntlo ea ga Yehofa.” Ee, Jehofa o ne a tlhotlheletsa botlhe ba ba neng ba boela kwa morago. O ne a rotloetsa moya wa bone, ke gore a rotloetsa se dikakanyo tsa bone di neng di rata thata go se dira. Modimo o ne o ka kgona go dira seno go tswa kwa legodimong o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo eleng maatla a gagwe a a dirang. Ka gone, botlhe ba ba neng ba ema “go tla ba ea go aga ntlo ea ga Yehofa” ba ne ba thusiwa ke “moea [wa Modimo].”—Sekaria 4:1, 6; Hagai 1:14.

Setshwani sa Segompieno

10, 11. Batho ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boa kwa botshwarwa kwa Babelona ba ka tshwantshiwa le bomang?

10 Batho ba e seng Baiseraele ba ba neng ba boela kwa morago ba tshwantshetsa bomang? Bakeresete ba bantsi ba ka nna ba araba jaana: ‘Banethinima ke “dinku di sele” gompieno.’ Ke boammaaruri, mme lefa go ntse jalo ga se Banethinima fela; ka go bo batho botlhe ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boela kwa morago ba emela Bakeresete ba gompieno ba e seng ba Iseraele wa semoya.

11 Buka ya You May Survive Armageddon Into God’s New Worlda e ne ya akgela jaana: “Mmusi Serubabele ga a ka a tloga fela le masalela a Baiseraele a le 42 360 kwa Babelona . . . Go ne go na le diketekete tsa bao e neng e se Baiseraele . . . Kwantle ga Banethinima go ne go na le batho ba bangwe gape ba e neng e se Baiseraele, e ne e le batlhanka, baopedi ba dikgeleke ba banna le ba basadi le ditlogolwana tsa batlhanka ba ga Kgosi Solomone.” Buka eno e ne ya tlhalosa jaana: “Banethinima, batlhanka, baopedi le bomorwa batlhanka ba ga Solomone, botlhe ba e neng e se Baiseraele, ba ne ba tswa mo nageng eo ya botshwarwa jwa bone mme ba boela morago le masalela a Iseraele . . . Ka jalo a go siame go akanya gore batho ba merafe e e sa tshwaneng gompieno bao e seng ba Iseraele wa semoya ba tla kopanela le masalela a Iseraele wa semoya mme ba tlotlomatse kobamelo ya ga Jehofa Modimo le bone? Ee.” Batho ba ba ntseng jalo ‘ba ile ba nna Banethinima, baopedi, le barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba metlha ya segompieno ba tshwantshetso.’

12. Modimo o dirisa moya wa gagwe jang ka tsela e e kgethegileng mo go Iseraele wa semoya, mme ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore rotlhe jaaka re le baobamedi ba gagwe re ka o bona?

12 Fela jaaka mo sekaong sa bogologolo, Modimo o naya le bao ba solofelang go tshelela ruri mo lefatsheng moya wa gagwe. Ke boammaaruri gore ga ba tsalwe sesha. Mongwe le mongwe wa ba ba 144 000 o ne a tsalwa sesha a le esi kwa thoko jaaka morwa wa Modimo wa semoya a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo. (Yohane 3:3, 5; Baroma 8:16; Baefesia 1:13, 14) Gone mme, go tlodiwa jalo ke tsela e e tlhomologileng eo moya wa Modimo o itshupang ka yone mo boemong jwa ba letsomanyane. Mme lefa go ntse jalo moya wa Modimo gape o a tlhokega go dira thato ya gagwe. Ke gone ka moo Jesu a neng a bolela jaana: ‘Rre yo o kwa legodimong o naya ba ba mo kopang moya o o boitshepo.’ (Luke 11:13) Le mororo motho yo o kopang a ka tswa a na le tsholofelo ya selegodimo kana e le mongwe wa dinku di sele, moya wa ga Jehofa o teng ka selekanyo se segolo go dira thato ya Gagwe.

13. Moya o ka dira jang mo batlhankeng ba Modimo?

13 Moya wa Modimo o ne wa tlhotlheletsa ba e neng e le Baiseraele le ba e neng e se Baiseraele gore ba boele kwa Jerusalema, mme o nonotsha le go thusa batho botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno. Go sa kgathalesege gore tsholofelo e Mokeresete a e filweng ke Modimo ke ya go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng, o tshwanetse go rera mafoko a a molemo, mme moya o o boitshepo o mo thusa gore a ikanyege mo go direng seo. Mongwe le mongwe wa rona—lefa a ka tswa a na le tsholofelo epe fela—o tshwanetse go tlhagolela maungo a moya, ao rotlhe re a tlhokang ka selekanyo se se tletseng.—Bagalatia 5:22-26.

Ba Neetswe go Dira Tirelo E E Kgethegileng

14, 15. (a) Mo bathong ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boa, ke ditlhopha dife tse pedi tse di neng tsa bolelwa ka maina? (b) Banethinima e ne e le bomang, mme ba ne ba dira eng?

14 Mo diketeketeng tsa bao e neng e se Baiseraele bao moya o neng wa ba tlhotlheletsa go boela kwa morago go ne go na le ditlhopha tse pedi tse dinnye tseo Lefoko la Modimo le di umakang ka maina—Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone. E ne e le bomang? Ba ne ba dira eng? Mme seno se ka kaya eng gompieno?

15 Banethinima e ne e le setlhopha se se neng se sa tlholega e le Baiseraele mme ba ne ba na le tshiamelo ya go dira le Balefi. Gakologelwa Bakanana ba ba neng ba tswa kwa Gibeona bao ba neng ba nna “barwaledi ba dikgoñ, le bagi ba metse ba phuthègō, le ba sebesho sa ga Yehofa.” (Yoshue 9:27) Go lebega ditlogolwana tse dingwe tsa bone e ne e le bangwe ba Banethinima ba ba neng ba boa go tswa kwa Babelona, mmogo le ba bangwe ba ba neng ba balelwa le Banethinima ka nako ya puso ya ga Dafide le ka dinako tse dingwe. (Esere 8:20) Banethinima ba ne ba dira eng? Balefi ba ne ba abetswe go thusa baperesiti, mme morago ga foo Banethinima ba ne ba abelwa go thusa Balefi. Baditšhaba ba ba neng ba rupisitswe le bone ba ne ba bona tshiamelo eno.

16. Tiro e Banethinima ba neng ba e dira e ne ya fetoga jang fa nako e ntse e tsamaya?

16 Ka nako ya fa setlhopha seno se boa go tswa kwa Babelona, Balefi ba ne ba le babotlana fa ba bapisiwa le baperesiti le Banethinima le “bana ba batlhanka ba ga Solomone.” (Esere 8:15-20) Dictionary of the Bible, e e kwadilweng ke Dr. James Hastings, e akgela jaana: “Morago ga lobaka, re fitlhela [Banethinima] e setse e le setlhopha se se tlhomameng se se tlhomilweng ka molao se se boitshepo, mo ebileng ba newa ditshiamelo.” Lokwalopaka loo lwa batho ba ba rutegileng ebong Vetus Testamentum lo akgela jaana: “Go ne ga nna le phetogo. Fa ba sena go Boa kwa Botshwaro, [baditšhaba] bano ba ne ba sa tlhole ba lejwa jaaka batlhanka ba Tempele, mme jaaka badihedi ba yone, ba itumelela boemo jo bo tshwanang le jwa ditlhopha tse dingwe tsa batho tse di neng di etelela pele kwa Tempeleng.”—Bona lebokoso le le reng “Boemo jo bo Fetotsweng.”

17. Ke ka ntlha yang fa Banethinima ba ne ba fiwa tiro e e oketsegileng, mme ke bosupi bofe jwa Bibela jo bo bontshang seno?

17 Ke boammaaruri gore Banethinima ba ne ba sa lekane le baperesiti le Balefi ka maemo. Ditlhopha tse di umakilweng morago tseno e ne e le Baiseraele ba ba neng ba tlhophilwe ke Jehofa ka boene ebile ba ka se ka ba emisediwa ka batho ba eseng Baiseraele. Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore ereka go ne go na le palo e nnye ya Balefi, Banethinima ba ne ba fiwa tiro e e oketsegileng mo tirelong ya Modimo. Ba ne ba fiwa mafelo a bonno a a gaufi le tempele. Mo metlheng ya ga Nehemia ba ne ba dira le baperesiti mo go baakanyeng mabota a a neng a le gaufi le tempele. (Nehemia 3:22-26) Ebile kgosi ya Peresia e ne ya laela gore Banethinima ba se ka ba duela lekgetho, fela jaaka Balefi ba ne ba sa le duele gonne ba ne ba dira kwa tempeleng. (Esere 7:24) Seno se bontsha kafa ‘ba ba neetsweng’ bao (Balefi le Banethinima) ba neng ba atamalane thata ka gone mo dilong tsa semoya le kafa ditiro tsa Banethinima di neng tsa oketsega ka teng go ya kafa go neng go tlhokega ka teng, le mororo ba ile ba se ka ba balelwa gore ke Balefi. Moragonyana ka nako ya fa Esere a ne a phutha batshwarwa gore ba boele kwa morago, go ne go sena Molefi ope mo go bone kwa tshimologong. Ka jalo o ne a dira maiteko a magolo go ba phutha. Go ne ga felela ka gore a bone Balefi ba le 38 le Banethinima ba le 220 ba ba neng ba boela kwa morago go dira jaaka “badihedi ba ntlo ea Modimo oa rona.”—Esere 8:15-20.

18. Bana ba batlhanka ba ga Solomone ba ka tswa ba ne ba dira tiro efe?

18 Setlhopha sa bobedi sa batho ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba bolelwa ka maina e ne e le barwa ba batlhanka ba ga Solomone. Bibela ga e bue go le gontsi ka bone. Bangwe e ne e le “bana ba ga Soferethe.” Esere o tsentse lebopitlhopho mo leineng leo, a le dira gore e nne Has·so·pheʹreth, le go lebegang le kaya “mokwadi.” (Esere 2:55; Nehemia 7:57) Ka gone ba ka tswa e ne e le setlhopha sa bakwadi kana bakwalolodi, gongwe e le bakwadi ba tempele/babusi. Le mororo ba ne ba tswa mo go baditšhaba, barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba ne ba supa tota gore ba ineetse mo go Jehofa ka go tswa kwa Babelona mme ba boela morago go ya go nna le seabe mo go tsosoloseng kobamelo ya Gagwe.

Go Ineela ga Rona Gompieno

19. Ke kamano efe e e leng teng gompieno fa gare ga batlodiwa le dinku di sele?

19 Mo motlheng ono wa rona Modimo o ile wa dirisa masalela a a tloditsweng ka tsela e kgolo tota mo go eteleleng pele kobamelo e e itshekileng le mo go rereng mafoko a a molemo. (Mareko 13:10) Abo bano ba ile ba itumela thata jang ne go bona diketekete tse di masomesome, diketekete tse di makgolokgolo, mme morago ba bona dimilione tsa dinku di sele di tla go obamela le bone! Mme ebile abo masalela le dinku di sele a ne a dirisana mmogo jang ne ka boitumelo jo bogolo!—Yohane 10:16.

20. Ke tsela efe e ntšha e e utlwalang e go tlhaloganngwang ka yone se se tshwantshetsang Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone? (Diane 4:18)

20 Batho botlhe ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boa go tswa kwa botshwarong kwa Babelona wa bogologolo ba tshwantshetsa dinku di sele tse jaanong di dirang le masalela a Iseraele wa semoya. Lefa go ntse jalo, go tweng ka lebaka la go bo Bibela e tlhaola Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone? Mo tiragalong eno ya sekao Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba ne ba newa ditshiamelo tse di fetang tsa batho ba bangwe ba ba neng ba boela kwa morago ba e neng e se Baiseraele. Seno se ne se ka tshwantshetsa gore Modimo gompieno o neile bangwe ba dinku di sele ba ba godileng sentle le ba ba iketleeditseng ditshiamelo le ditiro tse di oketsegileng tsa mofuta mongwe.

21. Bakaulengwe bangwe ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba ile bona ditiro le ditshiamelo tse di oketsegileng jang?

21 Ditshiamelo tse di okeditsweng tsa Banethinima di ne di amana ka tlhamalalo le ditiro tsa semoya. Barwa ba batlhanka ba ga Solomone go lebega bone ba ne ba newa boikarabelo jwa go direla babusi. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe ka go “naea batho dinèō” gore ba ba neye dilo tse ba di tlhokang. (Baefesia 4:8, 11, 12) Dilo tse ba neng ba di neilwe tseno di ne di akaretsa bakaulengwe ba le makgolokgolo ba ba godileng sentle le ba ba nang le boitemogelo bao ba nnang le seabe mo go ‘hudiseng matsomane,’ ba ba dirang jaaka balebedi ba potologo le ba kgaolo le ba ba mo Dikomiting tsa Makala mo makaleng a a 98 a Mokgatlho wa Watch Tower. (Isaia 61:5) Banna ba ba tshwanelegang bano ba katisiwa gore ba thuse go baakanya dijo tsa semoya kwa ntlongkgolo ya Mokgatlho ba kaelwa ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le Setlhopha Se Se Laolang sa gagwe. (Luke 12:42) Baithaopi bangwe ba ba sa bolong go dira jalo ka lobaka lo loleele ba ile ba katisiwa go tsamaisa magae a Bethele le difeketeri le go okamela dithulaganyo tsa lefatshe lotlhe tsa go aga makala a masha le diholo tse Bakeresete ba obamelang mo go tsone. Ba ile ba dira ka matsetseleko tota go thusa masalela a a tloditsweng, ao a dirang karolo ya baperesiti ba segosi.—Bapisa 1 Bakorintha 4:17; 14:40; 1 Petere 2:9.

22. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go bo bangwe ba dinku di sele ba newa maikarabelo a a masisi jaanong, mme re tshwanetse go itshwara jang ka seno?

22 Mo metlheng ya bogologolo, baperesiti le Balefi ba ne ba tswelela ba dira mo gare ga Bajuda. (Yohane 1:19) Lefa go ntse jalo, gompieno masalela a Iseraele wa semoya a a mo lefatsheng a tshwanetse go tswelela a ntse a fokotsega. (Bapisa le Yohane 3:30.) Kgabagare fa Babelona O Mogolo a sena go senngwa, botlhe ba ba 144 000 ba ba ‘tshwailweng’ ba tla bo ba le kwa legodimong ba emetse lenyalo la ga Kwana. (Tshenolō 7:1-3; 19:1-8) Mme jaanong dinku di sele di tshwanetse go tswelela di oketsega. Lebaka fela la gore bangwe ba bone fa ba bapisiwa le Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba newa boikarabelo jo bo bokete jaanong kafa tlase ga kaelo ya masalela a a tloditsweng ga le ba dire gore ba ikgogomose kana ba ikutlwe ekete ba botlhokwa thata. (Baroma 12:3) Seno se re tlhomamisetsa gore jaaka batho ba Modimo ba ‘tswa mo pitlaganong e kgolo,’ go tla nna le banna ba ba nang le boitemogelo—“dikgōsana”—ba ba iketleeditseng go etelela pele mo gare ga dinku di sele.—Tshenolō 7:14; Isaia 32:1; bapisa Ditihō 6:2-7.

23. Ke ka ntlha yang fa rotlhe re tshwanetse go tlhagolela go nna le moya wa go ineela mabapi le tirelo ya Modimo?

23 Botlhe ba ba neng ba boela kwa morago ba tswa kwa Babelona ba ne ba iketleeditse go dira ka natla le go supa gore kobamelo ya ga Jehofa e ne e le selo se segolo mo dikakanyong le mo dipelong tsa bone. Go ntse fela jalo le gompieno. “Baeñ ba tla èma ba hudisa macomane” ba dira mmogo le masalela a a tloditsweng. (Isaia 61:5) Ka jalo lefa Modimo a ka tswa a re file tsholofelo efe, ebile lefa bagolwane ba ba tlhophilweng ka moya ba ka newa ditshiamelo dife pele ga letsatsi le Jehofa a tla itlotlomatsang ka lone ka Hara-Magedona, a rotlhe re nneng le moya o o seng wa bogagapa, o o siameng, wa go aba. Le mororo re ka se ka ra duela Jehofa ka ntlha ya melemo ya gagwe e megolo, a re direng sepe fela se re se dirang mo phuthegong ya gagwe ka moya otlhe. (Pesalema 116:12-14; Bakolosa 3:23) Ka go dira jalo rotlhe re ka ineela go dirisiwa mo kobamelong ya boammaaruri, jaaka dinku di sele di dira ka kutlwano le ba ba tloditsweng ba ba tlileng go ‘busa jaaka dikgosi mo lefatsheng.’—Tshenolō 5:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ditsebe 142-8; e gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Dintlha Tse Di Tshwanetseng go Gakologelwa

◻ Balefi e ne e le ‘ba ba neetsweng’ ka tsela efe kwa Iseraeleng wa bogologolo?

◻ Ke batho bafe ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boa le bone go tswa kwa botshwarwa, mme ba tshwantshetsa bomang?

◻ Ke phetogo efe e go bonalang e ne ya diragala ka Banethinima?

◻ Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba ile ba lemogiwa gore ba tshwana le bomang gompieno?

◻ Go dirisana mmogo ga masalela le dinku di sele go ile ga dira gore go solofelwe eng?

[Lebokoso mo go tsebe 14]

BOEMO JO BO FETOTSWENG

Dibuka tse dintsi tse di tlhalosang mantswe tsa Bibela le disaetlopedia di akgela ka diphetogo tse di neng tsa diragalela bangwe ba batho ba e neng e se Baiseraele ba ba neng ba boa le bone go tswa botshwarwa. Ka sekai, Encyclopædia Biblica e bolela jaana kafa tlase ga setlhogo se se reng “Phetogo mo boemong jwa bone”: “Jaaka go setse go bontshitswe ka nako e e tshwanang ba ne ba tlhatlosiwa maemo mo morafeng. [Banethinima] ga e tlhole e le batlhanka go ya ka seo lefoko leo le se kayang tota.” (E rulagantswe ke Cheyne le Black, Bolumo III, tsebe 3399) John Kitto o kwala jaana mo go The Cyclopædia of Biblical Literature: “Go ne go sa lebelelwa gore bontsi jwa bone [Banethinima] bo ne bo tla boela kwa Palesetina ya maemo a a kwa tlase . . . Go ineela jalo ka bobone ka tsela e e kwa godimo goo batho bano ba neng ba go bontsha go ne ga tsholetsa maemo a Banethinima.” (Bolumo II, tsebe 417) The International Standard Bible Encyclopedia e re bontsha seno: “Fa go lejwa botsalano jono mmogo le boitemogelo jwa bone jwa mo motlheng wa ga Solomone, go ka nna ga tsewa fela gore batlhanka ba ga Solomone ba ne ba na le boikarabelo jo bogolo tota mo tempeleng ya bobedi.”—E rulagantswe ke G. W. Bromiley, Bolumo 4, tsebe 570.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fa Baiseraele ba ne ba boela kwa morago go ya go aga Jerusalema sesha, diketekete tsa batho ba e neng e se Baiseraele ba ne ba tsamaya le bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Komiti ya Lekala ya kwa Korea. Fela jaaka Banethinima ba bogologolo ba ne ba dira, banna ba dinku di sele ba na le boikarabelo jo bogolo mo kobamelong ya boammaaruri gompieno

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela