Kitsiso
Bao Ba Tlileng go Thusa Dikomiti tsa Setlhopha Se Se Laolang
Maloko a Setlhopha Se Se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, bao ba leng 12 ka palo, ba tswelela go dira dikabelo tsa bone ka boikanyegi. Ba leboga ka metlha go bo maloko a a oketsegang a “boidiidi yo bogolo” a ba tshegetsa ka botlhaga. (Tshenolō 7:9, 15) Ka ntlha ya koketsego e kgolo mo lefatsheng lotlhe, go bonala go tshwanetse jaanong gore Setlhopha Se Se Laolang se thusiwe ka tsela e kgolwane. Ka gone go ile ga swediwa gore go lalediwe bathusi ba le mmalwa, segolo thata go tswa go ba boidiidi jo bogolo, go tla go nna le seabe mo dipokanong tsa Komiti nngwe le nngwe ya Dikomiti tsa Setlhopha Se Se Laolang eleng Komiti ya Badiri, Komiti ya Kgatiso, Komiti ya Tirelo, Komiti E E Rutang, le Komiti ya Bakwadi. Ka gone, palo ya bao ba tlang kwa dipokanong tsa komiti nngwe le nngwe e tla okediwa go nna supa kana robedi. Maloko a dikomiti tsa Setlhopha Se Se Laolang a tla thusa bathusi bano go nna le seabe mo dipuisanong ebile ba tla dira ditiro tse di farologaneng tse ba di abelwang ke komiti. Thulaganyo e ntšha eno e tla simolola go dira ka May 1, 1992.
Palo ya masalela a a tloditsweng a Basupi e setse e na le dingwaga tse dintsi jaanong e ntse e fokotsega, fa palo ya ba boidiidi jo bogolo yone e oketsega ka tsela e kgolo e e neng e sa lebelelwa. (Isaia 60:22) Abo re leboga Jehofa ka go ntsifala gono jang ne! Ka nako ya fa leina le lesha, Basupi ba ga Jehofa, le ne le amogelwa ka boitumelo ka 1931, tlhora ya palo ya baboledi ba Bogosi e ne e le 39 372, mme bontsi jwa bone bo ne bo ipolela fa e le bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ga Keresete. (Isaia 43:10-12; Bahebera 2:11) Dingwaga di le masome a marataro morago ga foo, ka 1991, tlhora ya lefatshe lotlhe ya baboledi e ne e le 4 278 820, bao ba le 8 850 ba bone ba neng ba ipolela fa e le masalela a a tloditsweng. Jaaka go ne go lebeletswe go ya ka lesedi la Dikwalo, palo ya ba “boidiidi yo bogolo” jaanong e feta ya masalela a “lecomanyane” ka ba le 480 go a le mongwe. (Luke 12:32; Tshenolō 7:4-9) Masalela eleruri a tlhoka ebile a lebogela tirisanommogo le tshegetso ya boidiidi jo bogolo fa ba ntse ba tlhokometse ditiro tsa Bogosi tse di ntseng di oketsega.
Jaaka go tlhalositswe mo tokololong eno ya Tora ya Tebelo, go na le setlhopha sengwe seo se dirang le Iseraele wa semoya gompieno se se tshwanang fela le Banethinima le barwa ba batlhanka ba ga Solomone ba ba neng ba boela morago ba na le masalela a Bajuda ba tswa kwa botshwarong kwa Babelona; batho ba e neng e se Baiseraele bao ba ne ba bile ba feta Balefi ba ba neng ba boela morago ka palo. (Esere 2:40-58; 8:15-20) ‘Ba ba neetsweng’ go tswa go ba boidiidi jo bogolo gompieno ke banna ba ba godileng sentle ba Bakeresete ba ba nang le boitemogelo jo bontsi jo ba bo boneng ka go okamela makala, go okamela tiro ya go eta, le go okamela mo diphuthegong tse 66 000 tse jaanong di tlhomilweng mo lefatsheng lotlhe.
Bosheng jaana, go ne ga tshwarwa Dikolo tsa Bodihedi tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe e le gore go kaelwe balebedi le batlhanka ba bodihedi ba ba ba thusang. Go ne ga tla balebedi ba le 59 420 kwa United States fela. “Bagolwane” bano ba ne ba tlhomelelwa gore ba kgone go dira boikarabelo jwa bone ka tsela e e nang le matswela go feta.—1 Petere 5:1-3; bapisa Baefesia 4:8, 11.
Kwa ntlongkgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, bangwe ba ba ‘neetsweng’ ba ile ba direla ka dingwaga tse dintsi thata. Bano ba akaretsa balebedi ba ba godileng sentle ba boidiidi jo bogolo bao ba ileng ba nna le bokgoni jo bogolo le boitemogelo. Ka gone, Setlhopha Se Se Laolang se ile sa tlhopha ba sekae ba balebedi ba ba ntseng jalo go thusa mo dipokanong tsa dikomiti tsa Setlhopha Se Se Laolang. Bano ga se gore tota ke banna ba ba nang le dingwaga tse dileele thata mo tirelong go feta ba bangwe. Go na le moo, ke banna ba ba godileng sentle, ba ba nang le boitemogelo bao tsela e ba tshwanelegang ka yone e ba dirang gore ba tshwanele go thusa mo dikarolong tse di rileng tseo. Go abelwa ga bone go dira le komiti nngwe ga go ba neye maemo a a kgethegileng. Go ntse fela jaaka Jesu a ne a bolela mabapi le balatedi ba gagwe a re, “lotlhe lo bana ba monna.” (Mathaio 23:8) Lefa go ntse jalo, banna bano ba tlile go newa boikarabelo jo bontsi, mme ka gone go tlile ‘go lopiwa mo go fetisang mo go bone.’—Luke 12:48.
Re itumelela go gatela pele ga phuthego ya ga Jehofa gompieno. Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, palo ya bao ba direlang kwa tshimong e ile ya oketsega ka 100 lekgolong, go dumalana le boperofeti jono jo bo amang Dafide yo Mogolwane, Jesu Keresete: “Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.” (Isaia 9:7) Fela jaaka Banethinima ba ne ba dira ka tsela e e tshwanang le baperesiti mo go baakanyeng dithako tsa Jerusalema, le gompieno boperofeti jono jo bo amang phuthego ya ga Jehofa bo a diragadiwa: “Me baeñ ba tla cosa ba aga dithakō tsa gago.” (Isaia 60:10; Nehemia 3:22, 26) Banethinima ba motlha wa segompieno le bone ba akgolelwa botlhaga jo ba bo bontshang mo go ageng kobamelo ya boammaaruri, ba thusa “baperisiti ba ga Yehofa” mo tirong epe fela kana mo tirelong epe fela e ba ka e newang ke phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 61:5, 6.