LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 6/15 ts. 30-31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlosa Kgobo mo Leineng la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Akanya Fela ka Lefatshe le le Senang Bogagapa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke Eng fa go Utswa go le Phoso?
    Tsogang!—1995
  • Kgosi e Bua Puo Phaa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 6/15 ts. 30-31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Basupi ba ga Jehofa ba leba jang kgang ya go reka dilo tse di utswitsweng?

Bakeresete ba leka ka bojotlhe go tila go nna le seabe mo go rekeng dithoto kana didirisiwa tse ba itseng gore di utswitswe.

Kwantle ga pelaelo go utswa go phoso. Molao o Modimo o neng o o neile bana ba Iseraele o ne wa tlhalosa ka tlhamalalo jaana: “U se ka ua ucwa.” (Ekesodo 20:15; Lefitiko 19:11) Fa legodu le ne le tshwarwa, le ne le tshwanetse go duela go menagane gabedi, gane kana gatlhano, go ikaegile ka maemo.

Go tloga fela mo metlheng ya bogologolo, magodu a ne a leka go rekisa dilo tse ba di utswitseng gore ba bone poelo ka bonako e le gore ba se ka ba tloga ba tshwarwa ka tsone. Gore ba kgone seno, gantsi ba rekisa dilwana tse ba di utswitseng ka tlhwatlhwa e e kwa tlase gore bontsi jwa bareki bo palelwe ke go di gana. Tlwaelo eno e ka tswa e ne e akarediwa mo go seno se re se balang mo go Ekesodo 22:1: “Ha motho a ucwa kgomo, leha e le sehutshane, me a e bolaea, goñwe a e rekisa; a a lehè kgomo ka dikgomo di le tlhano, le sehutshane ka dihutshane di le nnè.”

Ereka a ne a lemoga se se kaiwang ke melao eo, Moruti Abraham Chill o kwala jaana: “Ga go a dumelelwa gore motho a ka reka kana a amogela dithoto tse di utswitsweng lefa gone ene sa di lebe jalo. Ka gone, motho ga a tshwanela go reka podi mo modiseng, ka ntlha ya gore gongwe o e rekisa jalo mothapi wa gagwe a sa itse, maikaelelo e le gore a tle a itseele madi ao.”—The Mitzvot—The Commandments and Their Rationale.

Totatota molao wa Modimo ga o kganele motho go ‘reka podi mo modiseng’ fela ka gore a belaela gore modisa o batla go itseela madi a mong wa gagwe mme ka go dira jalo a rekisa podi e a e utswitseng. Mme lefa go ntse jalo kafa letlhakoreng le lengwe, batlhanka ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go ikutlwa ba gololesegile go nna le seabe mo go rekeng kana mo go rekisiweng ga (podi kana sengwe fela) fa go bonala sentle gore ga se sa motho yo o se rekisang kana o se utswitse. Molao wa Modimo o bontsha gore Modimo Ene o leba dithoto tsa motho e le tsa botlhokwa, mme legodu lone le tseela motho dithoto tsa gagwe. Seno legale ga se reye gore motho yo o rekang sengwe se a itseng gore se utswitswe e ka tswa e le lone legodu tota, mme go reka ga gagwe selo seo go dira gore go nne thata gore mong wa selo se se utswitsweng a ka tlhola a se bona gape.—Diane 16:19; bapisa le 1 Bathesalonia 4:6.

Rotlhe re a itse gore bareki ba batla go reka dilwana ka tlhwatlhwa e e botoka. Mo lefatsheng lotlhe basadi ba batla kwa ditlhwatlhwa di leng kwa tlase teng, ba leka go emisa go reka go fitlha nako e ditlhwatlhawa di ileng kwa tlase ka yone, kana ba reka kwa go rekisiwang teng dilwana ka bontsi kana kwa mabenkeleng a a senang ditshenyegelo tse dintsi mme ka gone ditlhwatlhwa tsa teng di le botoka. (Diane 31:14) Lefa go ntse jalo, go bona melemo e e ntseng jalo ya go reka dilo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase, go tshwanetse ga laolwa ke go batla go dira dilo ka tshiamo. Batho ba ba ikanyegang ba metlha ya ga Nehemia ba ne ba gana go reka dilwana ka letsatsi la Sabata lefa gone ba ne ba ka bona dilo ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ka malatsi ao. (Nehemia 10:31; bapisa le Amose 8:4-6.) Go ntse fela jalo le ka Bakeresete. Go gana ga bone go utswa, go ba thusa gape gore ba se ka ba ikutlwa ba raelesega go reka dilwana tsa tlhwatlhwa e e kwa tlase tse go bonalang sentle gore di utswitswe.

Go ka nna ga bo go itsiwe sentle gore barekisi ba bangwe ba rata go rekisa dilwana tse di utswitsweng. Kana tlhwatlhwa e e beiwang mo sephiring e ka nna e e kwa tlase thata mo e leng gore motho yo o nang le tlhaloganyo a ka lemoga gore selo se se rekisiwang seo se tshwanetse sa bo se bonwe ka ditsela tse di sa dumelelwang ke molao. Le molao wa naga o ka bona go tlhokega gore go akanngwe ka tsela e e ntseng jalo e e utlwalang. Motseletsele wa dibuka dingwe o o bolelang kaga tsela e dikgotlatshekelo di dirang ditshwetso ka yone o akgela jaana:

“Fa go tla mo go itseng gore tiro ke ya bonokwane ga go tlhokege gore motho yo o latofadiwang a itse gore dithoto di utswitswe mo go mang kana di utswitswe ke mang, le gore selo seo se utswitswe leng kana kae, kana se utswitswe ka mabaka afe, se se botlhokwa fela ke gore motho yoo a itse gore selo seo se utswitswe. . . . Dikgotlatshekelo dingwe di tsaya gore go itse ga motho gore selo se phoso go ya ka melao go ka tlhomamisiwa ka ntlha ya gore motho yo o ipolelang gore ga a na molato yono o amogetse selo seo kafa tlase ga maemo ao e leng gore motho fela yo o seng botlhale go le kalo ebile a le kelotlhoko o ne a tla bona gore se ne se utswitswe.”

Seno se oketsa mabaka a a utlwalang a gore Mokeresete a tile go reka dilo tse di utswitsweng. Fa a reka dilo tse di utswitsweng seno se ka mo dira motho yo o robang molao. Ebile tota, kwa dinageng tse dingwe motho yo o rekang dilo tse di utsitsweng kafa tlase ga maemo ape fela o lejwa a le molato wa gore o tlotse molao. Batho ba bantsi ba ikutlwa go sena sepe se se ba tshwenyang lefa ba tlola molao fa ba gopola gore ga ba ne ba tshwarwa kana ba bonwa molato. Ga go a nna jalo ka Bakeresete ba ba batlang ‘go ineela mo go utlweng babusi ba bagolo.’ Go boloka molao ga bone go ba sireletsa kgatlhanong le gore ba se ka ba iphitlhela ba sekisediwa bonokwane, ebile go ba dira gore ba ikutlwe ba na le segakolodi se se molemo fa pele ga ga Jehofa.—Baroma 13:1, 4, 5.

Tsala ya Modimo ebong Aberahame o re tlhometse sekao se sentle mabapi le segakolodi. Go ne ga diragala gore mo motlheng wa gagwe, dikgosi tse nne tsa kwa botlhabatsatsi di fenye dikgosi tsa kwa Lote a neng a nna teng, mme tsa ba gapela dilo tse di tlhwatlhwakgolo ka go di utswa jaaka masole. Aberahame o ne a latelela baba bao a ba a ba fenya mme a kgona go busa dithoto tse di neng di utswitswe. Kgosi ya Sodoma e ne ya raya Aberahame ya re: ‘Itseele dithoto’ jaaka tuelo ya gago. Go na le moo, Aberahame o ne a busetsa dithoto kwa go beng ba tsone, a re: “Ga nketla ke tsaea tlhale, leha e le kgōlè ea setlhako, leha e le sepè se e leñ sa gago, e se tle eare goñwe ua re, ke humisitse Aberahame.”—Genesise 14:1-24.

Bakeresete ga ba kgatlhegele go bona melemo mengwe ya madi a a tlang ka dilo tsa bogodu. Jeremia o ne a kwala jaana: “Yaka leshogo ye le elamañ maè a le sa a tsalañ, èna eo o bapalañ dikhumō, me eseñ ka tshiamō, o nntse hèla yalo.” (Yeremia 17:11) Ka jalo, kwantle ga gore ba bontsha botlhale ka go se robe melao ya ga Kaesare e e mabapi le dithoto tse di utswitsweng Bakeresete ba eletsa thata go tlotlomatsa tshiamo ya Modimo ka go gana go nna le seabe mo go direng tshiamololo ka go utswa ka tsela epe fela. Dafide o ne a bona go tshwanela go kwala jaana: “Bonnye yo mosiami o nañ nayō bo molemō bogolo go matlōtlō a baikepi ba le bantsi.”—Pesalema 37:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela