Gana go Ijesa Dijo tsa Ditoro ka Dilo tsa Selefatshe, Latelela Dilo tsa Mmatota tsa Bogosi
“Batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—MATHAIO 6:33.
1. Lefoko la Modimo le re tlhagisa jang kaga pelo ya tshwantshetso, mme nngwe ya ditsela tse dikgolo tseo e re tsietsang ka yone ke dife?
“DIBÈLA pelo ea gago ka tlhōahalō eotlhe: gonne macō a botshelō a cwa mo go eōna.” (Diane 4:23) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Kgosi e e botlhale Solomone e tlhagise jaana? Gonne “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata.” (Yeremia 17:9) Nngwe ya ditsela tse dikgolo tseo pelo ya rona ya tshwantshetso e ka re tsietsang ka tsone ke ka go re dira gore re ijese dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe. Mme lefa go ntse jalo go ijesa dijo tsa ditoro ke eng? Ke go akanya dilo tse di ka se kang tsa diragala, go lora, go akgega ga mogopolo o o sa direng sepe. Fa go lora gono e nna go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe, seo ga se senye nako fela mme lefa go ntse jalo gape se kotsi thata. Ke gone ka moo re tshwanetseng go di gana gotlhelele. Ebile tota, fa re ila boikepo jaaka Jesu a ne a bo ila, re tla disa dipelo tsa rona gore di se ka tsa ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe.—Bahebera 1:8, 9.
2. Go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gana go ineela mo go gone?
2 Mme go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ke eng? Ke go ijesa dijo tsa ditoro goo go dirwang mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka lone: “Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.” (1 Yohane 2:16; 5:19) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go gana go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe? Gonne go ijesa dijo tsa ditoro ka tsela eo go dira gore tlhaloganyo le pelo di eletse go itumedisa tsone fela ka botsone. Fa motho a nnela go akanya ka go dira selo se se phoso go ka twe tlhaloganyo ya gagwe e a bo e ikatisetsa seo tota a tlileng go se dira. Morutwa Jakobe o re tlhagisa jaana: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thato, e re e sena go èmèra, e tsale boleo: me boleo yo, bo re bo sena go gola, bo tsale losho.”—Yakobe 1:14, 15.
Dikao Tse Di Re Tlhagisang
3. Ke kgang ya ga mang e e re nayang sekao se segolo se se re tlhagisang ka gore go kotsi go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse di batliwang ke wena o le esi?
3 A re sekasekeng dikao tse di re bontshang lebaka la go bo re tshwanela go lwa le go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe. Kgang ya ga Satane Diabolo e re naya sekao se se botlhokwa thata sa kotsi e e ka tlisiwang ke go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse di kgotsofatsang wena ka bowena. O ne a itetla gore a ikutlwe a le botlhokwa thata mo pelong ya gagwe mo eleng gore o ne a eletsa boemo jo bo sa lekaneng le jwa ga ope jwa ga Jehofa jwa go nna Molaodi wa Lobopo ebile o ne a batla gore le ene a obamelwe. (Luke 4:5-8) A seno e ne e se go ijesa dijo tsa ditoro ka selo se se sa kgonegeng? Eleruri go ne go ntse jalo! Seo se tlile go supiwa kwa ntle ga pelaelo ka nako ya fa Satane a tla bo a golegwa ka dingwaga tse di sekete segolobogolo le ka nako ya fa a tla bo a latlhelwa mo “bodibeñ yoa molelō” a swa loso lwa bobedi.—Tshenolō 20:1-3, 10.
4. Satane o ne a tsietsa Efa jang?
4 Re na le sekao se sengwe gape se se re tlhagisang mo kgannyeng ya mosadi wa ntlha, Efa. Satane o ne a dira maiteko a gagwe a go fitlhelela selo se a neng a se eletsa seno ka go hepisa Efa ka go dira gore a je dijo tsa ditoro tsa gore fa a ne a ka ja loungo lo lo ileditsweng lono o ne a se kitla a swa mme o ne a tla tshwana le Modimo, a itse molemo le bosula. Mme a go ijesa dijo tsa ditoro ka tsela eo go ne go ka se ka ga kgonega, a e ne e se go ipatlela go ikgotsofatsa ene fela? Eleruri go ne go ntse jalo, jaaka re ka bona mo tseleng eo Jehofa a neng a atlhola Efa le monna wa gagwe Adame ka yone, ka nako ya fa a ne a ba sekisa le go ba atlhola. Go ne ga felela ka gore ba latlhegelwe ke tshwanelo ya go tshela mo Paradaiseng mmogo le bana botlhe ba bone ba ba sa itekanelang.—Genesise 3:1-19; Baroma 5:12.
5. Ke eng se se neng sa dira gore barwa bangwe ba Modimo ba baengele ba tlogele maemo a bone, mme ba ne ba diragalelwa ke eng?
5 Re na le sekao se sengwe gape se se re tlhagisang sa barwa ba Modimo ba baengele. (Genesise 6:1-4) Go na le gore ba kgotsofalele melemo e ba neng ba e itumelela kwa legodimong mo ponong ya ga Jehofa, ba ne ba ijesa dijo tsa ditoro ka basadi ba ba mo lefatsheng le kafa go neng go tla nna monate ka teng go tlhakanela dikobo nabo. Baengele ba ba tlhokileng go utlwa bano ba tswaletswe mo lefifing la semoya la Molete ba emetse go bolawa kwa bokhutlong jwa Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Jesu Keresete gonne ba ne ba dira dilo tse ba neng ba ijesa dijo tsa ditoro ka tsone.—2 Petere 2:4; Yude 6; Tshenolō 20:10.
O Se ka Wa Itetla go Ijesa Dijo tsa Ditoro ka Dilo tsa Selefatshe
6, 7. Ke ka ntlha yang fa go ijesa dijo tsa ditoro ka dikhumo tsa dithoto go le kotsi ebile e le go itsietsa?
6 A jaanong re sekasekeng sengwe se se tlwaelegileng le se se kotsi thata sa go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse di leriwang ke Satane. Re raelwa gore re ijese dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ka mefuta yotlhe ya ditlhaeletsano tse di fitlhelelang batho ba bantsi. Tseno gantsi di dirwa ke go eletsa go huma. Go nna le khumo ka bogone fela ga go phoso. Aberahame, Jobe le Kgosi Dafide ba ba neng ba rata Modimo ba ne ba humile thata, mme ba ne ba sa eletse dikhumo tseno tsa dithoto. Go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse di bonalang go dira gore batho ba dire ka thata ka dingwaga tse dintsi gore ba bone khumo. Go ijesa dijo tsa ditoro ka tsela eo gape go ba dira gore ba tsenelele mo mefuteng e e farologaneng ya go betšha, jaaka go betšha dipitse le go reka dithekethe tsa lothari. A re se ka ra itsietsa ka tsela epe fela ka dikhumo. Fa e le gore re akanya gore go huma dilo tse di bonalang go tla re sireletsa, ela tlhoko seane se se boammaaruri seno: “Dikhumō ga di thuse sepè mo tsatsiñ ya bogale: me tshiamō e golola mo loshuñ.” (Diane 11:4) Tota ruri, go huma dithoto ga go kitla go thusa ope go falola “sepitla se segolo.”—Mathaio 24:21; Tshenolō 7:9, 14.
7 Dikhumo tsa dithoto di ka nna tsa re tsietsa motlhofo fela. Ke gone ka moo re bolelelwang jaana: “Khumō ea mohumi ke eōna motse oa gagwè o o thata, e bile ke lorakō lo lo godileñ mo kgopoloñ ea gagwè.” (Diane 18:11) Ee, “mo kgopoloñ ea gagwè” fela, ka go bo go huma dithoto ga go sireletse thata ka dinako tsa fa ditlhwatlhwa tsa dilo di ile kwa godimo ka ntlha ya mabaka a a sa kgoneng go laolwa, fa ikonomi e phutlhame, fa go nna le kgoberego ya dipolotiki, kana fa a tshwarwa ke bolwetsi jo bo sa foleng. Jesu Keresete o ne a re tlhagisa ka gore go ikanya dikhumo tsa dithoto ke boeleele. (Luke 12:13-21) Gape re na le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a re tlhagisang: “Gonne go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe, ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:10.
8. Go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa tlhakanelodikobo go tletsetletse go le kana kang mme go lere dikotsi dife?
8 Go ijesiwa dijo tsa ditoro gape ka tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang. Selekanyo se ka sone motho yo o ratang boleo ka tlholego fela a ratang go ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo se bonwa ka go tlalatlala ga dipolelo tse di leswe tota tse di reediwang ka go leletsa kwa dinomorong dingwe tsa mogala o bo o reetsa melaetsa e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Kwa United States, kgwebo ya go letsa megala go bona dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo e dira dibilionebilione tsa didolara. Fa re ne re ka letla ditlhaloganyo tsa rona go akanya ka tlhakanelodikobo e e seng kafa molaong, a re ne re tla bo re se baitimokanyi, mme kafa ntle re lebega re le Bakeresete ba ba phepa? Mme a gape ga go kotsi gore go ijesa dijo tsa ditoro ka tsela eo go ka gogela kwa boitsholong jo bo maswe? Seno se ile sa diragala mme se ile sa felela ka gore bangwe ba kgaolwe mo phuthegong ya Bokeresete ka ntlha ya kgokafalo kana boaka. A mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 5:27, 28, ga a bolele gore botlhe bao ba ganelelang mo go ijeseng dijo tsa ditoro ka tsela e e ntseng jalo ba na le molato wa gore ba dira boaka mo dipelong tsa bone?
9. Ke kgakololo efe e e molemo eo e leng mo Dikwalong eo e re tlhagisang kgatlhanong le go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe?
9 Re tshwanetse go nna re gakologetswe tlhagiso eno ya ga Paulo gore re kgone go lwa le go sekamela ga dipelo tsa rona tse di ratang boleo mo go ijeseng dijo tsa ditoro: “Me ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a [Modimo], me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” (Bahebera 4:13) Re tshwanetse gore ka metlha re eletse go tshwana le Moshe, yo “o na a ichōka yaka moñwe eo o tlhomileñ matlhō mo go èna eo o sa bōnaleñ.” (Bahebera 11:27) Ee, re tshwanetse go nna re ipolelela gore go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ga go itumedise Jehofa ebile go tla felela go re tlhagiseditse kotsi. Re tshwanetse go amega thata kaga go tlhagolela maungo otlhe a moya wa Modimo, segolobogolo boikgapo, ka go bo ga re kake ra kgona go tila ntlha ya gore fa re jalela nama re tla roba sebodu sa nama.—Bagalatia 5:22, 23; 6:7, 8.
Dilo tsa Mmatota tsa Bogosi
10, 11. (a) Ke dintlha dife tse di buelelang tota gore Mmopi o teng? (b) Go na le bosupi bofe jwa gore Bibela ruri ke Lefoko la Modimo? (c) Go na le bosupi bofe jwa gore Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke ya mmatota?
10 Tsela e e gaisang ya go gana go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ke go nna re batla dilo tsa mmatota tsa Bogosi. Dilo tsa mmatota tsa Bogosi tse Modimo o dirang gore di nne teng di farologane gotlhelele le tsa selefatshe tse go ijesiwang dijo tsa ditoro ka tsone. A tota Modimo o teng? Ga go na pelaelo ya gore o teng. Dilo tse re di bonang tseo a di bopileng di tlhomamisa gore ntlha eno e boammaaruri. (Baroma 1:20) Re gakololwa seo se neng sa bolelwa dingwaga tse di fetang lekgolo tse di fetileng mo bukeng ya The Divine Plan of the Ages, e e neng ya gatisiwa ke Mokgatlho wa Watch Tower. E ne ya bolela jaana: “Motho ope fela yo o ka lebang loapi ka thelesekoupu, kana le eleng ka leitlho la gagwe fela le le esi, mme a bona kafa dilo tse di bopilweng di leng matsetseleko ka teng, di kgatlhang ka teng ka go bo di lekalekana sentle, di le dintle, di rulagane sentle, di sa thulane ebile di farofarologane tota, mme lefa go ntse jalo a bo a belaela gore a tota Mmopi wa dilo tseno tsotlhe o mo feta kgakala ka botlhale le maatla a gagwe a magolo, kana motho ope fela yo o ka akanyang ka motsotsonyana fela gore tsela e di rulaganeng ka yone e itlhagetse fela, kwantle ga Mmopi, motho yoo o tla bo ruri a sa akanye kana a itlhokomolosa dilo mo e leng gore go tla bo go tshwanela go mo leba jaaka fa Bibela e mo tlhalosa gore ke seeleele (motho yo o itlhokomolosang dilo kana yo o senang tlhaloganyo).”—Pesalema 14:1.
11 Re ithuta dilo tse dintsi kaga Bogosi mo Bibeleng E E Boitshèpō. A tota ruri gone Bibela ke Lefoko la Modimo le le kwadilweng? Eleruri ke lone, jaaka re kgona go bona ka tsela e e dumalanang ka yone, go nepa ga yone dilo tsa saense, le maatla a yone a go fetola matshelo a batho mme segolobogolo go diragadiwa ga boperofeti jwa yone.a Go tweng ka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, Jesu Keresete? A ruri o kile a nna teng? Dipego tsa dikwalo tsa Efangele mmogo le makwalo a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika a tlhomamisa ka phepafalo ebile a nonofile le ka tsela e e utlwalang gore Jesu Keresete o kile a nna teng. Mabapi le ntlha ya gore Jesu Keresete o kile a nna teng, go na le bosupi jo bongwe jwa Talmud ya Bajuda joo ba buang ka ene jaaka motho. Le borrahisitori ba Bajuta le ba Baroma ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba bua jalo ka ene.
12, 13. Ke dintlha dife tse di supang tota gore Bogosi jwa Modimo ke jwa mmatota?
12 Go tweng ka kgang ya gore Bogosi le jone ke selo sa mmatota? Labokeresete e bo itlhokomolosa tota, jaaka go bonala ka tsela e mongwe wa maemo a a kwa godimo wa kereke ya Presbyterian a neng a ngongorega ka yone: “Go setse go fetile dingwaga tse di fetang masome a mararo fa e sale ke utlwa moruti a leka go tlhalosetsa batho gore Bogosi ke selo sa mmatota.” Lefa go ntse jalo, go tlotlomadiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi ke setlhogo sa Lefoko la gagwe. Modimo ka boone o ne wa solofetsa la ntlha ka Bogosi, o bolela jaana: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:15) Bogosi bo ne bo tshwantshediwa ke morafe wa Iseraele, segolobogolo fa Kgosi Solomone a ne a busa. (Pesalema 72) Mo godimo ga moo gape Bogosi e ne e le setlhogo sa thero ya ga Jesu. (Mathaio 4:17) E ne e le karolo e kgolo ya ditshwantsho tse dintsi tsa gagwe, jaaka tse di mo go Mathaio kgaolo 13. Jesu o ne a re bolelela gore re rapelele Bogosi re bo re batle jone pele ga dilo tsotlhe. (Mathaio 6:9, 10, 33) Ebile tota, Bogosi jwa Modimo bo umakiwa ka makgetlo a ka nna 150 mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.
13 Bogosi jono ke puso ya mmatota, e e nang le maatla le thata, mme bo tla dira dilo tsotlhe tse di molemo tse di lebeletsweng. Bo na le setlhopha sa melao, e e fitlhelwang mo Bibeleng. Bogosi bo setse bo dirile dilo tse dintsi. Bo na le babusiwa ba ba ikanyegang—Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 4 000 000. Ba rera mafoko a a molemo a Bogosi mo dinageng di le 211 ba diragatsa Mathaio 24:14. Mo ngwageng wa bone wa tirelo wa 1991, ba ne ba dira diura di le 951 870 021 ba rera molaetsa wa Bogosi. Tiro eno ya bone e na le matswela a a bonalang le a a nnelang ruri jaaka boidiidi jwa batho bo ithuta “puō e e itshekileñ” ya boammaaruri jwa Bibela.—Sefania 3:9.
Go Gagamalela go Bona Dilo tsa Mmatota tsa Bogosi
14. Re ka nonotsha jang tsela e re anaanelang ka yone gore Bogosi ke jwa mmatota?
14 Gone mme, re ka gagamalela jang go bona dilo tse e leng tsa mmatota tsa Bogosi? Tsholofelo ya rona e tshwanetse ya bo e tlhomame e ikaegile ka gore re tlhwatswegile pelo tota. Lefatshe le lesha la Modimo le le solofeditsweng le tshwanetse ya nna la mmatota mo go rona. (2 Petere 3:13) Ebile re tshwanetse ra dumela tsholofetso ya gore Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a [rona]; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” (Tshenolō 21:4) Re ka tlhomamisega jang gore seno ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela? Seno eleruri se tlile go diragala ka nako e Modimo o e tlhomileng, ka go bo ga o kake wa aka. (Tito 1:1, 2; Bahebera 6:18) Go tlhokega gore re nne re tlhatlhanye ka ditsholofetso tseo. Go ipona re setse re le mo lefatsheng le lesha la Modimo ebile re itumelela masego ga se go ijesa dijo tsa ditoro ka selo se se ka se kang sa kgonega mme go na le moo ke bosupi jwa gore re na le tumelo. Fela jaaka Paulo a ne a e tlhalosa, “tumèlō ke go ikanya kaga dilō tse di sholohèlwañ, ke tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ.” (Bahebera 11:1) A re nonotsheng tumelo ya rona ka metlha ka go iphepa ka metlha ka go bala Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa Bokeresete tseo di re thusang go le tlhaloganya le go le dirisa. Mme fa re dirisa nako e ntsi re bolelela ba bangwe ka Bogosi, e le ka tsela ya tlwaelo e e seng ya ka tlwaelo, re tlile go nonotsha tumelo ya rona le go dira gore tsholofelo ya rona e phatsime le go feta.
15. Ke eng se re tshwanetseng go se dira mabapi le boikarabelo jwa rona ka bodihedi jwa Bokeresete?
15 Re tshwanetse gape re dire go dumalana le dilo tsa mmatota tsa Bogosi ka go tokafatsa boleng jwa bodihedi jwa rona. Ereka go santse go na le go le gontsi go go santseng go tshwanetse go dirwa re ka dira seno jang? (Mathaio 9:37, 38) Polelo e e reng thuto ga e golelwe e boammaaruri tota. Lefa re ka tswa re na le dingwaga di le kae re ntse re dira tiro ya go neela bosupi, re ka kgona go tokafatsa. Re tla kgona go thusa bao ba utlwang lentswe la Kgosi, Jesu Keresete fa re nna ditswerere mo go diriseng Lefoko la Modimo. (Bapisa Yohane 10:16.) Fa re akanyetsa gore tsela e matshelo a batho a tla felelang ka yone e a amega, re tshwanetse ra batla go akaretsa tshimo ya rona ka botlalo gore re kgone go ba naya tshono kgapetsakgapetsa e le gore ba itshupe gore ba mo letlhakoreng lefe, a ke “dinku” kana ke “dipodi.” (Mathaio 25:31-46) Ke boammaaruri gore seo se kaya gore re kwale ka kelotlhoko dipego tsa bao ba neng ba seo kwa gae mme segolobogolo bao ba kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi.
Nnang Lo Ntse Lo Batla Bogosi
16. Ke bomang bao ba tlhomileng sekao se se molemo sa go leka go bona dilo tsa mmatota tsa Bogosi, mme ba dira jang gore ba ‘gape’ Bogosi joo?
16 Re tshwanetse go iteka ka natla tota gore re nne re ntse re batla dilo tsa mmatota tsa Bogosi. A ga re kgothadiwe ke sekao sa go nna tlhaga sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba santseng ba setse? Ba ile ba nna ba batla dilo tsa mmatota tsa Bogosi ka masomesome a dingwaga. Tsela eno ya go batla e ne ya tlhalosiwa jaana ke mantswe ano a ga Jesu: “E sale go tloga mo metlheng ya ga Johane Mokolobetsi go fitlha gompieno bogosi yoa magodimo ke mokgele o batho ba batlang go o gapa, mme ba ba lekang ka natla ba a o gapa.” (Mathaio 11:12, NW) Se go buiwang ka sone fano ga se gore baba ba gapa Bogosi. Go na le moo, seno ke se se tshwanetseng go dirwa ke bao ba tshwanelang go tsena mo Bogosing. Mokanoki mongwe wa Bibela o ne a bolela jaana: “Tsela eno ke yone e go tlhalosiwang ka yone go dira ka natla ka botlhaga le go lwela thata go bona bogosi jo bo atamelang jwa ga Mesia.” Batlodiwa ba ile ba dira bojotlhe jwa bone gore Bogosi e nne jwa bone. Ba “dinku di sele” le bone ba tshwanetse go dira maiteko a a tshwanang a a dirwang ka natla gore ba kgone go tshwanela go nna babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo.—Yohane 10:16.
17. Bao ba setseng morago go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ba tlile go diragalelwa ke eng?
17 Eleruri re tshela mo lobakeng lo lo kgethegileng lwa go kgona go bona ditshono tsa go gatela pele. Bao ba latelelang go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe e tla re letsatsi lengwe ba thanye lo le tsebeng. Se se tla ba diragalaleng se tlhalosiwa sentle ka mafoko ano: “Me go tla etsa yaka ha motho eo o bolailweñ ke tlala a lōra, me bōnañ, oa ya; me a thanye, mōea oa gagwè oa bo o le lolea hèla: kgotsa yaka motho eo o nyorilweñ a lōra, me bōnañ oa nwa: me a thanye, me bōnañ oa idibala, mōea oa gagwè o eletse hèla.” (Isaia 29:8) Eleruri he, dijo tsa ditoro tsa lefatshe leno ga di kitla di kgotsofatsa ope kana di itumedisa ope.
18. Mabapi le ntlha ya gore Bogosi ke jwa mmatota, ke tsela efe e re tshwanetseng ra e sala morago, mme re lebeletse eng kwa pele?
18 Bogosi jwa ga Jehofa ke selo sa mmatota. Bone jaanong bo a busa, fa tsamaiso e e boikepo eno ya dilo e lebane le go nyelelediwa ruri mo bogautshwaneng. Ka gone, nna o gakologelwa o bo o dirise kgakololo eno ya ga Paulo: “A re se robaleñ, yaka ba bañwe ba tla ba dihe, me a re lebeleleñ, re nneñ boitekanèlō.” (1 Bathesalonia 5:6) Ekete re ka tshola dipelo tsa rona le dikakanyo tsa rona di akanya fela ka dilo tsa mmatota tsa Bogosi, mme ka gone re bone masego a goyagoile. Mme ekete e ka nna rona ba ba tla utlwang Kgosi ya Bogosi joo e re raya e re: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.”—Mathaio 25:34.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Buka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go dira jalo?
◻ Ke dikao dife tse di supang boeleele jwa go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe?
◻ Ke dintlha dife tse di tlhomamisang gore eleruri Mmopi o teng, gore Lefoko la gagwe ke la mmatota, gore Jesu Kereste o teng le gore Bogosi ke jwa mmatota?
◻ Re ka nonotsha jang tsela e re dumelang ka yone mo dilong tsa mmatota tsa Bogosi?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tsa selefatshe gantsi go bakiwa ke go eletsa go huma dithoto
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go rera mafoko a a molemo ke nngwe ya ditsela tsa go latelela dilo tsa mmatota tsa Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
A o ganelela mo go batleng dilo tsa mmatota tsa Bogosi ka go ithuta Lefoko la Modimo ka botlhaga?