LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 3-4
  • Botshelo—Mpho E E Tswang kwa Modimong

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo—Mpho E E Tswang kwa Modimong
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Botshelo Jwa Motho bo Simologa Leng?
    Tsogang!—2009
  • Go Belegelwa mo Lefatsheng Le le Se Nang Lorato!
    Tsogang!—2004
  • Botshelo jwa Motho Bo Simologa Leng?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 3-4

Botshelo—Mpho E E Tswang kwa Modimong

PELO YA RONA e pompa madi a a botlhokwa thata mo mmeleng wa rona diura di le masome a mabedi le bone ka letsatsi. Re a thulamela, mme makgwafo a rona a tswelela pele go buduloga le go hunyela. Re ja dijo, go tswa foo di silega fela ka botsone. Dilo tseno tsotlhe di direga letsatsi le letsatsi, rona re dira boiteko jo bonnye fela kana re sa dira sepe ka borona. Ditiragalo tseno tse go leng thata go di tlhaloganya ebile di gakgamatsa, tseo gantsi di tsewang motlhofo fela, ke karolo ya mpho eo re e bitsang botshelo. Ke mpho e ka tsela nngwe go ka tweng ke kgakgamatso.

Ela tlhoko go imiwa le go tsholwa ga motho. Le mororo gantsi mmele o gana ditogwa tse e seng tsa one, popelo yone e amogela lee le le kopaneng le peo ya monna. Go na le gore popelo e gane losea lo lo golang jaaka fa e gana ditogwa tse e seng tsa yone, e a lo tlamela le go lo sireletsa go fitlha fa lo setse lo siame sentle gore lo tlhage e le ngwana. Fa e ne e se ka go bo popelo e kgona go amogela lee leno le mororo e gana ditogwa tse dingwe tse e seng tsa yone, motho o ne ka se ke a kgone go tsholwa.

Lefa go ntse jalo, ngwana yo o sa tswang go tsholwa o ne a ka se ka a tshela lobaka lo loleele fa e ne e se ka seo se diregang mo popelong fa losea lo santse lo na le dikgwedi di ka nna nne fela. Ka nako eo lo simolola go anya monwana wa lone wa kgonotswe, lo katisa mesifa eo moragonyana e tla lo thusang go anya mabele a ga mmaalone. Mme jono ke bothata bo le bongwe fela mo go a le mantsi a a botlhokwatlhokwa ao a rarabololwang go sale gale pele ngwana a tsholwa.

Fa losea lo santse lo le mo popelong, lo na le phatlha mo pelong ya lone. Lefa go ntse jalo, phatlha eno e a itswala fa lo tsholwa. Mo godimo ga moo, tshika e kgolo ya madi e e sa tseneng mo makgwafong fa losea lo sa ntse lo le mo popelong e a hunyela ka boyone fa losea lo tsholwa; madi jaanong a bo a ya kwa makgwafong, koo a ka tsenngwang okosejene fa losea lo simolola go hema.

Seno sotlhe ke tshimologo fela. Mo botshelong ditsamaiso di le dintsi tse di rulagantsweng sentle (tse di tshwanang le ya go hema, ya go dira gore madi a nne a dikologe mo mmeleng, ya ditshika, le ya diedi tse di ntshiwang ke mmele tse di tsamaisiwang ka madi) di tla dira di bo di rulaganye ditiro tsa tsone sentle tota ka tsela e e akabatsang tlhaloganyo ya motho—gotlhe fela go direlwa gore botshelo bo tswelele pele. Ga go gakgamatse he go bo mokwadi mongwe wa bogologolo a ne a bua jaana kaga Modimo: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ. Dia gakgamatsa, ditihō tsa gago: me go mo, mōea oa me oa go itse sentlè.”—Pesalema 139:14.

Go phepafetse gore, mokwadi wa mafoko a mantle ao o ne a sa dumele gore botshelo bo nnile gone ka go itlhagelela fela kana ka kotsi. Fa go ne go ntse jalo, re ka bo re sa tlamege tota kana re se na maikarabelo a gore re tshwanetse go dirisa matshelo a rona jang. Lefa go ntse jalo, ditiragalo tsa botshelo di bontsha gore di rulagantswe, mme thulaganyo e tlhoka morulaganyi. Bibela e bontsha molaomotheo ono: “Gonne ntlo ñwe le ñwe e tle e agiwe ke motho moñwe; me eo o agileñ dilō cotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Ka jalo go botlhokwa go “[itse] ha Yehofa e le èna Modimo; ke èna eo o re dihileñ.” (Pesalema 100:3) Ee, botshelo ke sengwe se se fetang kotsi fela e e diragetseng fela ka go bo mongwe a ne a batla go dira sengwe sa bopelonomi; ke mpho e e tswang kwa Modimong ka boone.—Pesalema 36:9.

Fa e le gore go ntse jalo, re tlamega go direla Monei wa botshelo eng? O lebeletse gore re dirise matshelo a rona jang? Dipotso tseno le tse dingwe tse di amanang le tsone di tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela