Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ba Phatsimisa Lesedi la Bone kwa India
MAFOKO a a molemo a Bogosi a rerwa ke Basupi ba ba itumetseng ba le 11 524 kwa India. (Mathaio 24:14) Ba le 1 066 ba bone bao ba ileng ba kolobediwa ka ngwaga wa tirelo wa 1991 jaanong ke baboledi ba Bogosi, ba phatsimisetsa ba bangwe lesedi la bone. Abo botlhe ba ile ba itumela jang ne go bona batho ba le 28 866 ba tlile go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete!
◻ Ba le bantsi ba simolola go utlwa ka tsholofelo ya Bogosi ka bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo. Ka sekai, Mosupi o ile a bua le badiri ka ene kaga Bogosi, bao le bone e neng e le babetli. Mongwe wa badirimmogo o ile a tsaya kgato mme a simolola go phatsimisetsa lelapa la gagwe le ditsala lesedi. Le bone ka boitumelo ba ile ba bolelela ba bangwe molaetsa o o molemo wa Bogosi. Go ya ka dipego, mo dingwageng di sekae fela, ‘batho ba feta 30 ba ne ba setse ba amogetse boammaaruri.’ Jehofa o ne a mo segofatsa le bakaulengwe ba gagwe ba basha ba semoya ka go bo ba ile ba phatsimisa lesedi.
◻ Mokaulengwe mongwe yo mmotlana wa phuthego nngwe o ne a phatsimisa lesedi ka go neela baithuti ka ene bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo kwa sekolong. Bangwe ba bone ba ne ba kgatlhegela tsholofelo ya Bogosi, mme gangwe le gape o ne a tle a ba tlhalosetse Bibela go fitlha morago ga bosigogare. Mongwe wa bone yo e neng e le Mokatoliki, o ile a tsaya boammaaruri ka masisi go sa kgathalesege lebaka la go bo a ile a tlhagisiwa ke moruti kaga ditlamorago tse di sa itumediseng tseo di neng di tla mo tlela fa a ka a tswelela pele a inaakanya le Basupi. Lefa go ntse jalo, moithuti yono o ne a tlhatswegile pelo gore seo a neng se ithuta mo Basuping e ne e le boammaaruri jwa Bibela, ebile a tswelela a rafa kitso eno. Fa nako e ntse e tsamaya o ne a kolobediwa mme jaanong o direla jaaka motlhanka wa bodihedi mo phuthegong. O ipelela tsholofelo e e bonwang ka lesedi le le molemo la boammaaruri!—Baroma 12:12.
◻ Yo mongwe yo o ileng a reetsa Mosupi yono yo mmotlana ke moithuti mongwe yo o itsegeng thata, molatolamodimo yo o neng a itlwaeditse go sotla bao ba neng ba ipolela fa ba dumela mo Modimong, mme lefa go ntse jalo letsatsi lengwe le ene o ile a tsenelela motlotlo mme a botsa dipotso tse dintsi. O ile a gakgamadiwa ke go bona dikarabo tse di nang le tlhaloganyo tsa dipotso tsotlhe tsa gagwe mme a swetsa gore eleruri Bibela ke Lefoko la Modimo. O ile a gatela pele sentle thata mo go boneng kitso ya Bibela mme kwa bofelong a kolobediwa. Rraagwe yo e neng e le Mohindu o ile a mo ganetsa thata mo a ileng a mo leleka mo gae. Lefa go ntse jalo, go emela boammaaruri ga lekawana leno le nitame go ile ga duelwa fa ba babedi ba bomorwarraagwe le ditsala tsa gagwe tse pedi ba ne ba amogela boammaaruri le go kolobediwa. Yo mongwe wa bomorwarragwe gone jaanong o direla kwa ofiseng ya lekala kwa India.
◻ Moithuti mongwe yo e neng e le morulaganyi wa ditiro tsa baithuti le ene o ile a tsenelela mo motlotlong le Mosupi yono yo mmotlana. O ne a goga motsoko bobe ebile a nwa bobe. Ka nako nngwe, o ile a batla a itaya baithuti ba bangwe bao ba neng ba ithutile boammaaruri go tswa mo Mosuping yono. Ka ntlha ya go amogela boammaaruri, ba ne ba gana go tsenelela fa go ne go ngadilwe dithuto kwa kholejeng mme ebile gape ba ne ba sa dumele go aba madi a bone a mmele ka nako ya fa go na le letsholo la kabo ya madi leo le neng le eteletswe pele ke moithuti yono yo o neng a rulaganya ditiro tsa baithuti. Lekawana leno gone jaanong le itumelela go bo e le Mosupi wa ga Jehofa yo o phatsimisang lesedi.
◻ Fa ba balwa botlhe, moithuti yo o neng a phatsimisa lesedi la ntlha o ile a dirisiwa go thusa balekane ba gagwe ba le 15 go ineela le go kolobediwa e le fela ka go ba neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo.
Go a itumedisa go bona ba le bantsi kwa nageng eo e kgolo ba dumela tsholofelo ya Bibela kaga lefatshe le lesha la Modimo ebile ba kopanela le bakaulengwe mo lefatsheng ka bophara bao Jehofa Modimo a ba phuthang go tla go tshelela ruri kafa tlase ga Bogosi jwa gagwe.