Labokeresete le Go Gweba ka Makgoba
KA LEKGOLO la bo 19 la dingwaga, barongwa ba Bakatoliki le ba Baporotesetanta ba ne ba le seoposengwe mo go nneng kgatlhanong le go gweba ka makgoba. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ntse ba se kgatlhanong le gone pele. Mo makgolong a dingwaga pele ga foo, ba ne ba amogela go gweba ka makgoba ebile ba nna le seabe mo go gone go sa kgathalesege botlhoko jo bo tsitsibanyang mmele jo go neng go bo baka.
Barongwa ba ne ba simolola go ya kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba le lo lo kafa bophirima jwa Afrika fa go ne go bonwa tsela e bagwebi ba ka tsamayang ka yone ka lewatle go dikologa Cape of Good Hope ka lekgolo la bo 15 la dingwaga. Lefa go ntse jalo, morago ga makgolo a le mararo a dingwaga, tiro ya borongwa kwa Afrika e ne ya batla e ema. Go ne go sokologile Maafrika a sekae fela. Lengwe la mabaka a go bo Labokeresete a ne a palelwa jaana ke ka gonne a ne a na le seabe mo kgwebong ya makgoba. C. P. Groves o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya The Planting of Christianity in Africa:
“Setlhopha sa Bakeresete ba barongwa se ne sa tsenelela mo go gwebeng ka makgoba ka tlhagafalo mme go ne go sa lejwe go le phoso. Ebile tota, setlhopha seno sa barongwa se ne se na le makgoba a sone; lefelo la baitlami la Ba-Jesuit kwa Loanda [e jaanong e leng Luanda, motsemogolo wa Angola] le ne le filwe a le 12 000. Fa go gweba ka makgoba go ne go simololwa fa gare ga Angola le Brazil, bishopo wa Loanda, a le mo setulong sa letlapa fa thoko ga boemakepe, o ne a segofatsa sebishopo makgoba ano ao a neng a tsamaya jaaka dithoto, a ba solofetsa gore ba ne ba tla itumela mo isagweng fa diteko tse di setlhogo tsa botshelo di sena go fela.”
Barongwa ba Ba-Jesuit ga ba a ka ba “nna kgatlhanong le go dirwa makgoba ga Ba-Negro,” go tlhomamisa jalo C. R. Boxer jaaka fa a tsopotswe mo bukeng ya Africa From Early Times to 1800. Kwa Luanda, fa makgoba a ise a pagame dikepe tse di yang kwa dikoloning tsa Spain le Portugal, Boxer o oketsa ka go re, “a ne a isiwa kwa kerekeng e e fa gaufi . . . mme koo a ne a kolobediwa ke moruti wa lefelo leo ka ditlhopha tsa a le lekgolo nako e le nngwe fela.” Go tswa foo, fa ba sena go kgatshiwa ka “metsi a a boitshepo,” makgoba a ne a bolelelwa jaana: “Bonang batho ke lona, jaanong lo setse lo le bana ba Modimo; lo ya kwa nageng ya Ba-Spain koo lo tla ithutang dilo tsa Tumelo gone. Lo se ka lwa tlhola lo gopola kwa lo tswang teng . . . Tsamayang ka pelo e e ratang.”
Legale, barongwa ba Labokeresete e ne e se bone fela ba dumelelang go gweba ka makgoba. “Go fitlha ka sephatlo sa bofelo sa lekgolo la bosomerobedi la dingwaga,” go tlhalosa jalo Geoffrey Moorhouse mo bukeng ya gagwe ya The Missionaries, “e ne e le tsela e bontsi jwa batho bo neng bo tsaya dilo ka yone.” Moorhouse o ntsha sekai sa morongwa mongwe wa Moporotesetanta wa lekgolo la bo 18 la dingwaga ebong Thomas Thompson, yo o neng a kwala pampitshana ya setlhogo se se reng The African Trade for Negro Slaves Shown to Be Consistent With the Principles of Humanity and With the Laws of Revealed Religion (Kgwebo ya Afrika ya Makgoba a Ba-Negro E Supiwa Fa E Dumalana le Melaometheo ya Setho le Melao ya Bodumedi Jo Bo Senotsweng).
Lefa go ntse jalo, Labokeresete le yone e ikarabelela mo go sotliweng go go setlhogo go go ileng ga direlwa makgoba a le dimilione a Maafrika ka gonne le yone e ile ya nna le seabe. “Kwantle ga makgoba ao a neng a swa pele ga a tsamaya ka sekepe go tswa mo Afrika,” go bolela jalo The Encyclopædia Britannica, “121/2% ya bone e ne ya swela mo tseleng fa ba fetela kwa West Indies; 41/2% e ne ya swela kwa boemakepeng kwa Jamaica kana pele ga ba rekisiwa mme nngwetharong e nngwe gape ya swa fa ba ‘sugiwa gore e nne makgoba a a tshwanelegang.’”
Mo bogautshwaneng Jehofa Modimo o tla otlhaela Labokeresete le mefuta e mengwe ya bodumedi jwa maaka ditiro tsotlhe tse di bosula tsa molato wa madi tseo ba di dumeletseng ba bo ba di segofatsa.—Tshenolō 18:8, 24.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
(For fully formatted text, see publication.)
Setshwantsho sa kafa makgoba a neng a subelwa ka gone mo sekepeng sa makgoba
[Motswedi wa Setshwantsho]
Schomburg Center for Research in Black Culture / The New York Public Library / Astor, Lenox and Tilden Foundations