Dipotso tse di Tswang go Babadi
Fa Mokeresete a lwala kana a tsere mosepele mme ka gone a sa kgone go nna gone kwa moketeng wa Segopotso, aa ka se keteka kgwedi morago ga moo?
Kwa Iseraeleng wa bogologolo Tlolagano e ne e tshwarwa gangwe ka ngwaga mo letsatsing la bo 14 la kgwedi ya ntlha, eleng Nisane (kana, Abibe). Lefa go le jalo re bona go na le paakanyetso e e kgethegileng mo go Dipalō 9:10, 11: “Bua le bana ba Iseraela, u re, Ha motho moñwe oa lona, kgotsa oa dikokomana tsa lona, a itshekologile ka setoto sa motho, kgotsa ha a le mo loetoñ a le kgakala, leha go nntse yalo o tla yèla Yehofa tlolaganyō: Ka kgwedi ea bobedi [eo e neng e bidiwa Iyyar, kana Ziv] ka letsatsi ya leshomè le mecō menè go le maitsiboea ba tla e ya; ba tla e ya le senkgwè se se sa bedisiwañ, le merōgō e e botlhoko.”
Tlhokomela gore seno se ne se sa tlhome matlha a mabedi a a farologaneng ao go neng go ka ketekwa Tlolaganyo ka one (e le ka Nisane 14 kgotsa ka Ziv 14), mo Moiseraele mongwe kana lelapa la gagwe le neng le gololesegile go itlhophela gore o tla keteka lefe go ikaegile ka maemo a gagwe. Paakanyetso eno ya sejo sa Tlolaganyo ka kgwedi ya bobedi e ne e segetswe melelwane. E ne e seegetswe kwa thoko bakeng sa Moiseraele a ne a itshekologile go ya ka molao ka Nisane 14 kgotsa a ne a le kgakala le lefelo leo ka gale go neng go tshwarelwa mokete mo go lone.
Lekgetlo le le lengwe fela leo batho ka bontsi ba ileng ba dirisa thulaganyo eno ka lone e ne e le ka nako ya fa Kgosi Hesekia yo o ikanyegang a ne a tsosolosa go ketekiwa ga Mokete wa Senkgwe Se Se Sa Bedisiwang. Go ne go sena nako ya gore mokete o baakanyediwe mo kgweding ya ntlha (ereka moperesiti a ne a sa ipaakanyetsago ka tshwara mokete, batho le bone ba sa phuthega), ka gone o ne wa ketekiwa mo letsatsing la bo 14 la kgwedi ya bobedi.—2 Ditihalō 29:17; 30:1-5.
Kwantle fela ga fa e ne e le kafa tlase ga maemo ano a a rileng, Bajuda ba ne ba tshwara Tlolaganyo mo letlheng leo Modimo a neng a le tlhophile. (Ekesodo 12:17-20, 41, 42; Lefitiko 23:5) Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba le keteka jaaka fa Molao o ne o batla, ba sa le tseye e le letsatsi le le tlwaelegileng fela. Luke o bega jaana: “Me ga hitlha letsatsi ya sekgwè se se sa bedisiwañ, ye Tlolaganyō e nañ le go tlhaywa ka yeōna. Me a [Jesu] roma Petere le Yohane, a re, Eañ, lo re baakanyetsè Tlolaganyō gore re e yè.”—Luke 22:7, 8.
Ka nako eo Jesu o ile a simolola mokete wa ngwaga le ngwaga o Bakeresete ba o itseng jaaka Sejo sa Morena sa Maitseboa. Go botlhokwa thata gore Bakeresete ba nne gone mo moletlong ono. Tiragalo eno ke tiragalo e e botlhokwa go gaisa tsotlhe mo ngwageng mo Basuping ba ga Jehofa. Mafoko a ga Jesu a bontsha lebaka la seno; o ile a re: “Dihañ mo, lo nkgopolè ka gōna.” (Luke 22:19) Ka gone, mongwe le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o tshwanetse a rulaganya dilo tsa gagwe dikgwedi pele ga letsatsi leno e le gore fa letsatsi leo le fitlha a bo a sena dithulaganyo dipe tse di ka mo kgoreletsang mo go nneng gone. Sejo sa Morena sa Maitseboa se tla ketekiwa ka Labobedi e April 6, 1993, morago ga fa letsatsi le sena go phirima mo lefelong la lona.
Mo makgetlong mangwe ke ka sewelo fela maemo ao a neng a sa lebelelwa, a a ntseng jaaka go lwala kana mathata a tsa mesepele, a ka kganelang Mokeresete go nna gone ka tsela eo a neng a rulagantse ka gone. Ke eng seo se ka dirwang kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo?
Ka nako ya mokete go fitisiwa senkgwe se se sa bidisiwang le beine e khibidu, mme bao ba tloditsweng ka moya o o boitshepo wa Modimo ebile ba tlhophetswe botshelo kwa legodimong ba nna le seabe mo go jeng. (Mathaio 26:26-29; Luke 22:28-30) Fa go diragala gore mo ngwageng oo motho mongwe yo ngwaga le ngwaga a keng a je a robale mo diphateng tse di bolelo e ka tswa e le kwa gae kana kwa bookelong, bagolwane ba phuthego eo ya lefelo la gagwe ba tla rulaganya gore mongwe wa bone a ke a tseele yo o lwalang yono bontlhanngwe jwa senkgwe le beine, a tlotle le ene ka ditemana dingwe tsa Bibela tse di leng malebana le kgang eno, le gore a ke a mo abele ga ditshwantshetso. Fa e le gore Mokeresete yo o tloditsweng yono ga a yo mo phuthegong ya gagabo ka nako eo, o tshwanetse a dira dithulaganyo tsa gore a kopanele le phuthego eo a tla bong a le mo lefelong la yone ka letsatsi leo.
Ka ntlha ya seno, e ka nna kafa tlase ga maemo a a rileng fela Mokeresete yo o tloditsweng a ka ketekang Sejo sa Morena sa Maitseboa malatsi a le 30 morago ga leo (eleng kgwedi e e feletseng), tumalanong le taelo e e mo go Dipalō 9:10, 11 le sekao se se mo go 2 Ditihalō 30:1-3, 15.
Bao eleng ba setlhopha sa ga Jesu sa “dinku di sele,” bao ba nang le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, ga ba kafa tlase ga taelo ya gore ba je ga senkgwe le beine. (Yohane 10:16) Go botlhokwa gore ba nne gone mo moketeng wa ngwaga le ngwaga, lefa go le jalo ga ba je ditshwantshetso. Ka gone fa mongwe wa bone a lwala kana a tsere mosepele mme ka gone a sa kgone go kopanela le phuthego epe mo maitseboeng ao, a ka ipalela ditemana tse di malebana le tiragalo eo (go akaretsa le tiragalo ya nako ya fa Jesu a ne a simolola mokete ono) le go rapelela gore Jehofa a segofatse tiragalo eno lefatshe ka bophara. Lefa go le jalo mo kgannyeng eno ga go tlhokege gore go dirwe dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go tshwara pokano kana motlotlo o o kgethegileng wa Bibela kgwedi e e latelang eo.