Go Atlega mo go Lweng le go Tshwakgolwa Ke Tagi
“Ka nako ya tiro, mo e ka nnang ka ura ya lesome mo mosong, ke ne ke simolola go akanya ka bojalwa. Ka ura ya 12 motshegare ke ne ke tswa ke ya go nwa seno se le sengwe kana di le pedi. Ka ura ya boraro mmele wa me o tla be o setse o roroma. Ke ne ke fela pelo gore ke tla tswa leng kwa tirong gore ke tle ke ye go nwa gape. Gantsi ke ne ke nwa dino di le mmalwa fa ke le mo tseleng ya go ya gae. Mo e ka nnang ka ura ya bosupa ke ne ke setse ke gopola bojalwa gape. Ke tla bo ke nwa, ke we mo setulong ke idibale, ke ikolobetse, mme ke be ke robala jalo ke ntse ke le metsi go fitlha phakela. Tsaya makgetlo ano o a atise ka malatsi a le 7 a beke;
o bo o a atisa ka dibeke di le 52 ka ngwaga; atisa seo gape ka dingwaga di le 29.”
MONNA yono ke motho yo o tshwakgotsweng ke tagi. Ga se ene fela. Dimilionemilione tsa batho lefatshe ka bophara di lwantshana le boemo jono jo bo maswemaswe mo eleng gore, Dr. Vernon E. Johnson o bolela jaana, “seno se akareletsa mmele wa motho otlhe: eleng mo mmeleng, mo tlhaloganyong, tsela e a akanyang ka yone, le mo moyeng.”a
Baitseanape ba le bantsi ba re go tshwakgolwa ke tagi ga go kake ga alafiwa mme go ka laolwa ka gore motho a tlogele go nwa botshelo jotlhe jwa gagwe. Seno ruri ga se selo se go ka tweng ga se tlhokafale, ka ntlha ya gore tagi ga e botlhokwa mo botshelong. Ebile tota, go dirisa tagi ka tsela e e sa siamang ga go itumedise Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Go ka nna botoka go tsena mo lefatsheng le lesha la Modimo ka go itima tagi go na le go ineela mo keletsong ya yone mme o bo o latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 5:29, 30.
Go ikgaoganya—le go ithiba—mo go diriseng tagi ka tsela e e sa siamang gantsi ke kgwetlho e e kgobang marapo. (Bapisa Baroma 7:21-24.) Ke eng se se ka thusang? Mma re le neeleng kgakololo nngwe e e tlhamaletseng. Lefa gone o sa nwe tagi gotlhelele, kgakololo eno ke e e rutang mme e ka nna ya dira gore o kgone go thusa tsala nngwe ya gago kana wa losika yo o lwantshanang le go tshwakgolwa ke tagi.
Nna Boammaaruri Kaga Se O Leng Sone
Nngwe ya dikgoreletsi tse dikgolo tsa go fenya bothata jono ke go ganela gore tota o tshwakgotswe ke tagi. Go ganela ke tsela e nngwe ya go sa ikanyege. Ke go ipuelela ka maikaelelo a go: sireletsa kgololesego ya gago ya go nwa. O ka nna wa ntsha lebaka la go re: ‘Bothata jwa me jwa go nwa ga bo maswe go le kalo, ke santse ke na le lelapa la me. Tiro ya me ga e ise e ntatlhegele.’ Mme se se leng botlhokwa segolobogolo ke gore o santse o nwa.
Go ganela go ka nna ga go dira gore o seka wa reetsa ditsala tse di batlang go go thusa. Robert o ne a lemoga gore rre wa bobedi wa mosadi wa gagwe o ne a setse a na le mokgwa o o sa siamang wa go nwa, gape a tlwaetse go sa bue le batho sentle. Robert o bolela jaana, “Morago ga malatsi a le mmalwa, ke ne ka mo atamela, ke mmotsa gore a o ne a ikutlwa gore go nwa ga gagwe go ne go ama boitshwaro jwa gagwe.” Go ne ga felela jang? “Ke ne ka fitlhela a ganela gotlhelele, a e tla a araba ka go re, ‘Ga o na bosupi’ le, ‘Ga o itse tsela e ke ikutlwang ka yone.’”
Fa mongwe mo lapeng kana tsala nngwe e e amegileng ka go nwa ga gago e go atamela, itlhatlhobise tota, mme o nne boammaaruri ka se o leng sone. (Diane 8:33) A o ka kgona go nna o sa nwe tagi beke yotlhe, kgwedi yotlhe, kana dikgwedi di le mmalwa? Fa o sa kgone, ke ka ntlhayang fa go sa kgonege? O seka wa tshwana le monna yo o itsietsang ka mabaka a a seng boammaaruri. Jakobe o bolela jaana: “O chwana le motho eo o ipōnañ sehatlhōgō sa gagwè sa tlholègō mo seiponiñ: Gonne oa ipōna, me a tsamaee, me a tloge a lebale ka bonakō popègō ea gagwè kaha e ne e nntse ka gōna.”—Yakobe 1:22-25.
Le eleng fa o setse o simolotse go bo tlwaologa, o santse o tshwanela ke go itlhokomela gore o seka wa ganela. Buka ya Willpower’s Not Enough e tlhalosa jaana: “Motho yo o sa tswang go tlogela tagi o ka nna a dira phoso ka go tsaya gore ereka a ile a kgona go e tlogela lobakanyana—gongwe ebile e ne e le lantlha a dira jalo—a bo a akanya gore jaanong o alafegile.” Seno ke mogopolo o o tshwakgolang o o maswemaswe, mme ke kgato ya ntlha e e tla go busetsang kwa morago. Gore o tle o se ka wa ganela ka tsela e e ntseng jalo, ga o a tshwanela go lwantshana le bothata jono o le nosi.
Batla Thuso
Erile a lemoga gore ga a kake a lwantshana le bothata jwa tagi a le nosi, monna yo re ka nnang ra mmitsa Leo o ne a batla thuso go tswa mo bathong ba ba ithutileng ka mathata ano. Morago ga go alafiwa go go tseneletseng, o ne a fenya bothata joo. Leo o ikutlwa gore thuso ya bomankge bano ke e e kwa godimo.b Fa thuso e e ntseng jalo e le gone mo lefelong la lona, o ka nna wa fetsa ka gore o e sole molemo.
Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore go itlwaolola go raya mo gontsi thata go na le go ithiba fela. Fa o tshwakgotswe ke tagi go ka nna ga nna le kgang e e masisi e o tshwanelang ke go lebagana le yone. Go itlhokomolosa dilo tseno go ka nna kotsi. Dr. Charlotte Davis Kasl o kwala jaana: “Ke ile ka botsolotsa batho ba ba ileng ba ya go alafiwa mo dilong tse di ba tshwakgolang ka makgetlho a a ka fetang somenne ka ntlha ya gore mathata a totatota e leng a go dirisa sengwe ka tsela e e sa siamang, go ineela mo sengweng, le go tlhokomologwa a ne a sa tlhalosiwe.”
Dennis o ne a fitlhela seno se le boammaaruri. O kwala jaana: “Ke ne ke le motho yo o tshwakgotsweng ke tagi yo o sa tlholeng a nwa yo o neng a santse a na le mathata a le mantsi, go tlogela go nwa go ne go sa lekana. Ke ne ke tshwanela ke gore ke itlhatlhobise gore ke ne ke ntse jang pele, ke sekaseke dilo tse ke neng ke di rutiwa fa ke sa le ngwana, ke tlhaloganye gore di ne di nkama jang, mme ke be ke dire diphetogo mo boitshwarong jwa me.”
Ka go tshwana, Leo o ne a tshwanela ke gore a itlhatlhobise tota gore a tle a kgone go itlwaolola. O bolela jaana: “Ke ne ke le motho yo o lefufa ka mo go feteletseng, yo o neng a rata ntwa, ke ne ke fetofetoga, ka nako nngwe ke ne ke inyatsa nako nngwe ke ipona ekete ke motho yo o tlotlegang.” Leo o ne a dirisa kgakololo ya Bibela e e mo go Baefesia 4:22 e e reng: “Kaga mokgwa oa botshelō yoa lona yoa galè, lo apolè motho oa bogologolo.” Ee, “mokgwa oa botshelō yoa [gago] yoa galè” o ile wa ama botho jwa gago thata. Fela jaaka momaro o tsaya sebopego sa selo se o marilweng mo go sone, go ntse fela jalo le ka botho jwa gago, ka tsela nngwe bo tshotse sebopego sa mokgwa wa gago wa nako e e fetileng. Ke eng se se salang fa mokgwa o o sa siamang o tlosiwa? Go sala botho jo bo neng bo setse bo na le sebopego se se rileng gongwe sebaka sa dingwaga di le dintsi. Ka jalo, go itlwaolola go tshwanetse ga akaretsa go fetola botho jwa gago jwa bogologolo jo bo neng bo tshotse mokgwa wa botshelo jwa pele.
Nna le Kamano le Modimo
Go itlwaolola ga ga Leo gape go ne go kopanyeletsa le gore ene ka boene a nne le kamano le Modimo ka namana. O bolela jaana: “Go ithuta go ikaega ka Jehofa go ne ga fetola mokgwa wa me gotlhelele, boitshwaro, le tsela e ke neng ke leba dilo ka yone.”
Lefa go ntse jalo, kgakololo e a tlhokega. Kamano lefa e ka nna efe—le batho kana le Modimo—e tlhoka gore o seka wa fitlha sepe, o ikanyege, le go nna le tsholofelo. Tseno ke dinonofo tse di tloswang ke go tshwakgolwa ke tagi. Di ka tlhagolelwa, mme lefa go ntse jalo, go tsaya nako.
Jaaka motho yo o tshwakgotsweng ke tagi, o ka nna wa seka wa itse gore go atamelana thata le ba bangwe go utlwala jang. Ka gongwe ga o ise o ke o go bontshiwe. Ka jalo, nna pelotelele. O seka wa batla gore kgato eno e diragale ka bonako, o solofela gore kamano le Modimo e tla nna selo se se tla itlelang bonolonyana fela ka ntlha ya go bo o itlwaolotse. Dira ka thata gore o tle o tlhaloganye seo Modimo a se batlang le dinonofo tsa gagwe. Tlhatlhanya ka metlha, gongwe le go bala dipesalema tsa Bibela tse di buang ka maikutlo a a kwa teng, a go anaanela Jehofa le ditsela tsa gagwe.c
“Bogolo Yo Bo Leñ Bogolo Thata yoa Nonohō”
Go ikanya Modimo ka mo go feletseng go ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go wena. Jehofa o tla go ema nokeng mo maitekong a gago a go itlwaolola. (Bapisa Pesalema 51:10-12; 145:14.) O ka bua le ene ka thapelo e e tswang mo botennyeng jwa pelo nako nngwe le nngwe, o dumela tota gore o tla go naya “bogolo yo bo leñ bogolo thata yoa nonohō.”—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:6, 7.
Mmopi o itse popego ya gago botoka go feta motho ope fela. (Pesalema 103:14) Bagakolodi ba e leng ba batho, bao ba ikaegileng ka botlhale jwa motho, ba ka thusa; mme fa ba kgona go tweng ka Mmopi wa motho, a bo a ka go thusa jang ne le go feta mo ntweng eno! (Isaia 41:10; 48:17, 18) O ile a neelana ka tshegetso e e lorato e e fitlhelwang mo phuthegong ya Bokeresete.
Thulaganyo E E Tshegetsang
Bagolwane ba ba godileng sentle mo semoyeng ba ba mo phuthegong ya Bokeresete ba ka nna thuso e kgolo mo go wena. Ga se ba le bantsi ba bone ba ba nang le kitso ka ga kalafi kana malwetsi a tlhaloganyo, mme lefa go ntse jalo, ba a itse gape ba ikanya Lefoko la Modimo le melaometheo ya gagwe. Ba ka na ba itshupa fa ba le “boitekelecō mo ledimoñ; yaka dinoka tsa metse mo sekakeñ, yaka moruti oa lehika ye legolo mo nageñ e e lapisañ.” (Isaia 32:2) Dirisa thuso ya bone ka bojotlhe ka mo o ka kgonang ka teng.d
Ee gone, bagolwane ba ba ntseng jalo ba Bakeresete, mmogo le ba bangwe ba ba mo lapeng le ditsala, ga ba kitla ba go sireletsa ka go sa go bolelele matswela a a tla nnang teng ka ntlha ya dilo tse o di dirileng. Kgatiso ya Coming Off Drink e tlhalosa jaana: “Kalafi ya botlhokwatlhokwa ya batho ba ba tshwakgotsweng ke tagi ke go ba bolelela o sa ba lobele matswela a go ineela mo go yone le go ba dira gore ba rwale maikarabelo a boitshwaro jwa bone.” Ka jalo, ba tla nna pelotlhomogi mme ba go bolelela ka tlhamalalo, ba go rotloetsa gore o lebagane le boammaaruri le go ngaparela kalafi le thuto lefa e ka nna efe kaga maitsholo a a tlhokegang gore o tle o fenye ntwa ya gago kgatlhanong le tagi.
Go Itlwaolola Ke Maikarabelo a Gago
Fa o ntse o solegelwa molemo ke go engwa nokeng ke ba bangwe, o tlhoka go itse gore ga go na motho ope kana moya o o tla go pateletsang gore o itlwaolole. O gololesegile gore o ka itlhophela tsela e o bonang gore e go siametse. Go bo itlwaolola ke maikarabelo a gago ka mo go feletseng. (Bapisa Genesise 4:7; Duteronome 30:19, 20; Bafilipi 2:12.) Amogela maikarabelo ao, mme Jehofa o tla go segofatsa. Re a tlhomamisediwa jaana mo go 1 Bakorintha 10:13: “Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea ichōkèlwa ke motho: me Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” Ka jalo, nametsega—o ka atlega mo ntweng ya gago kgatlhanong le go tshwakgolwa ke tagi.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefa motho yo o tshwakgotsweng ke tagi yo re tla buang ka ene e le monna, melaometheo e e fano e dira ka go tshwana le mo mosading yo o tshwakgotsweng ke tagi.
b Go na le mafelo a le mantsi a a ka go thusang mo bothateng jono, dikokelo, le dithulaganyo tse dingwe tse dintsi tse di ka go thusang go fenya bothata jono. Tora ya Tebelo ga e re mokgwa mongwe wa go alafa o botoka mo go o mongwe. Motho o tshwanetse go ela tlhoko gore a se ka a tsenelela mo ditirong tse di sa dumelaneng le melaometheo ya Dikwalo. Lefa go ntse jalo, morago ga go sobokanya kgang eno, mongwe le mongwe o tla tshwanela ke gore a itirele diphetso tsa gore ke kalafi ya mofuta ofe e e tlhokegang.
c Dikai tse dingwe ke Dipesalema 8, 9, 18, 19, 24, 51, 55, 63, 66, 73, 77, 84, 86, 90, 103, 130, 135, 139, 145.
d Dintlha tse di mosola ka ga bagolwane di fitlhelwa mo go Tora ya Tebelo, ya September 15, 1983, ditsebe 7-11.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Ka gongwe o na le bothata jwa go inyatsa le go hutsafala go go bakiwang ke go tshwakgolwa ke bojalwa. Fa e le gore go ntse jalo, o seka wa latlhegelwa ke tsholofelo. O ka kgona go thusiwa.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
FA O KA WA
Buka ya Willpower’s Not Enough e bolela jaana: “Fa o ipaakanyeditse gore o tla wa, go tshwana le go ikatisetsa gore o tla dira jang fa molelo o ka runya. Ga go reye gore o lebeletse molelo oo mme go raya gore o ipaakanyeditse go tsaya kgato fa o ka runya.” Fa o ka wa:
□ Rapela Jehofa. Tlhomamisega gore o tlhaloganya bothata jwa gago mme o batla go go thusa.—Pesalema 103:14; Isaia 41:10.
□ Tlhalosetsa mogolwane mongwe wa Mokeresete bothata jwa gago mme o dire tshwetso pele gore ke mang yo o tla yang kwa go ene fa go ka direga gore o tlhoke thuso. Bua boammaaruri ka se se diragetseng, mme reetsa ka kelotlhoko kgakololo ya gagwe ya Dikwalo.
□ Itise gore o seka wa itlhoboga. Go itenegela go go gogela fela kwa go reng o sitlhame mo go botlhoko, ka jalo leba diphoso tsa gago ka mogopolo o o siameng. Ereka o fentswe mo ntweng e le nngwe ga go reye gore o fentswe mo ntweng gotlhelele. Fa mosiani wa marathone a wa, ga a boele morago kwa a simolotseng teng; o a ema mme a tswelele ka lobelo lwa gagwe. Dira se se tshwanang fa o itlwaolola. O santse o le mo tseleng. Lefa gone o na le dibeke, dikgwedi, kana dingwaga o ntse o tlogetse, ga go reye gore mokgwa ono o dule gotlhelele.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Lwa le mokgwa wa go sa batle go dumela ka go itshekatsheka thata le go ikanyega ka seo o leng sone