Papias O Ne A Tsaya Mafoko A A Builweng Ke Morena A Le Botlhokwa
“KE NE ke . . . sa itumelele go nna le ba ba buang dilo tse dintsintsi, mme ke ne ke itumelela go nna le bao ba neng ba ruta se se boammaaruri.” Go ne ga kwala jalo Papias, motho mongwe yo o neng a ipitsa Mokeresete mo lekgolong la bobedi la dingwaga la Motlha wa rona O O Tlwaelegileng.
Papias o ne a tshela mo lobakeng lwa fa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba sena go swa. Ebile tota, e ne e le tsala ya ga Polycarp, yoo go begwang gore o ne a rutiwa ke moaposetoloi Johane. Bosupi jono, mmogo le mekgwa e Papias a neng a e dirisa go bona kitso, di supa gore a ka tswa a ne a itse dilo sentle.
Mokgwa wa go Nna Kelotlhoko
Dibuka tse tlhano tse Papias a di kwadileng tse di nang le mafoko a Morena a a buileng di supa sentle ka phepafalo gore o ne a nyoretswe go utlwa boammaaruri. Ga go belaetse gore Papias o ne a tshwara ka tlhogo boammaaruri jotlhe jo a neng a bo utlwa fa a santse a le mmotlana. Moragonyana, fa a ne a le kwa legaeng la gagwe kwa motsemogolo wa Phrygia kwa Hierapolis, kwa Asia Minor, Papias o ne a botsa ba ba setseng ba godile go tlhomamisa gore a ba ne ba kile ba utlwela ka baaposetoloi ba ga Jesu. O ne a ba botsa a le tlhaga mme a kwala se ba neng ba se bolela.
Papias o tlhalosa jaana: “Ke iketleeditse go kwala . . . sengwe le sengwe se ke se utlwang mo bagolong ka nako epe fela, le se ke se gakologelwang sentle, ke go tlhomamisetsa fa e le boammaaruri. Ka go bo, jaaka batho ba bantsi, ke ne ke sa itumelele go nna le ba ba buang dilo tse dintsintsi, mme ke ne ke itumelela go nna le bao ba rutang se se boammaaruri; kana bone ba ba bolelang ditaolo tse di tlhomilweng ke bangwe, mme ke itumelela ba ba bolelang tse di boletsweng ke Morena a di bolelela ba ba mo tumelong ebile e le tsa boammaaruri. Mme fa nka bona mongwe yo o kileng a bo a tsamaya le bagolwane, ke tla mmotsa dilo tse ba neng ba di bua—se Anderea kana Petere a neng a se bolela, kana se Filipo kana Thomase kana Jakobe, kana Johane kana Mathaio a neng a se bolela, kana morutwa ope fela wa Morena.”
Dibuka tsa Gagwe
Ga go belaetse gore Papias o ne a ka kgona go bona kitso e ntsi thata ya semoya. Re ka akanya fela gore o tshwanetse a bo a ne a reetsa dintlha tse di neng di bolela ka botshelo le bodihedi jwa moaposetoloi mongwe le mongwe ka tlhoafalo tota. Mo e ka nnang ka 135 C.E., Papias o ne a kwala kgang ya gagwe mo bukeng. Se se botlhoko ke gore buka eno e ile ya nyelela. E ne ya nopolwa ke Irenaeus, motho mongwe yo a neng a ipitsa Mokeresete mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., le ke Eusebius, raditiragalo wa lekgolo la bonè la dingwaga. E bile tota e ne e santse e balwa ka lekgolo la bo 9 la dingwaga C.E. e bile e ka tswa e ne e santse e le teng ka lekgolo la bo 14 la dingwaga.
Papias o ne a dumela gore go tla tla Mileniamo wa Puso ya ga Keresete. (Tshenolō 20:2-7) Go ya ka Irenaeus, o ne a kwala ka motlha “wa fa dilo tse di bopilweng, di tla bong di tlhabololwa le go gololwa, mme di ntsha mefuta yotlhe ya dijo, go tloga ka monyo wa legodimo go fitlha ka lefatshe le le nonneng, fela jaaka bagolwane, ba ba neng ba bona Johane, le barutwa ba Morena, ba ne ba bolela gore ba ne ba utlwa kafa Morena a neng a tla ruta ka teng mo metlheng eo.” Papias o ne a kwala gape jaana: “Mo go ba ba dumelang, dilo tseno di boammaaruri. Mme ka nako ya fa Judase, yo a neng a mo oka, a ne a gana go dumela mme a botsa gore, ‘Morena o tla kgona go dira jang seno?’ Morena o ne a re, ‘Ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla bona.’”
Bokenosetiki bo ne bo tletse tota ka nako ya fa Papias a ne a kwala. Bakenosetiki ba ne ba tlhakanya filosofi, go akanyetsa dilo, le tirisabadimo ya baheitane le dithuto tsa Bakeresete ba batenegi. Totatota, go senola ga ga Papias boperofeti jwa Morena, kana mafoko ao a a buileng, e ne le go leka go thibela gore Bokenosetiki bo se ka jwa anama. Morago ga gagwe, Irenaeus le ene o ne a tswelela a ganana le dithuto tsa sedumedi tse di phoso le tse di feteleditsweng tsa Bokenosetiki. Dibuka tsa Bakenosetiki di tshwanetse tsa bo di ne di le dintsi tota, mo di neng tsa dira gore Papias a bo a ba sotle a ba bitsa “ba ba buang dilo tse dintsintsi.” Boikaelelo jwa gagwe bo ne bo phepafetse—o ne a batla go ganetsa maaka ka boammaaruri.—1 Timotheo 6:4; Bafilipi 4:5.
Dikakgelo tsa Gagwe ka Diefangele
Mo karolwaneng ya dibuka tsa ga Papias tse di santseng di le teng, re fitlhela go umakiwa dipego tse di kwadilweng ke Mathaio le Mareko. Ka sekai, Papias o bolela jaana ka lokwalo lwa ga Mareko: “Ereka Mareko a ne a ranolela Petere, o ne a kwala sengwe le sengwe se a neng a se gakologelwa sentle.” Papias o ne a tswelela jaana a tlhomamisa gore Efangele eno e tlhomame: “Ka jalo, Mareko o ne a se ka a dira phoso, jaaka a ne a kwala dilo jaaka a ne a di gakologelwa; gonne o ne a tlhokomela thata gore a se ka a tlogela sepe se a neng a se utlwile, kana a kwala sengwe se se phoso.”
Papias o re naya bosupi jo bongwe gape jwa gore Mathaio o ne a kwala Efangele ya gagwe ka puo ya Sehebera. Papias o bolela jaana: “O ne a kwala mafoko ao ka puo ya Sehebera, mme mongwe le mongwe o ne a a ranola kafa a neng a kgona ka teng.” Go lebega Papias a ne a umaka dipego tsa Efangele ya ga Luke le ya ga Johane, mmogo le dikarolo tse dingwe tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Fa e le gore go ntse jalo, e ne e tla nna mongwe wa basupi ba ntlhantlha ba ba neng ba supa gore di tlhomame le gore di tlhotlheleditswe. Lefa go ntse jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore, ke dikarolwana di sekae fela tsa mekwalo ya ga Papias tse di santseng di le teng.
O Ne A Lemoga Dilo Tse A Di Tlhokang tsa Semoya
Papias o ne a batlisisa a sa lape e re ka e ne e le molebedi mo phuthegong ya Hierapolis. Mo godimo ga go rata go batlisisa, o ne a anaanela Dikwalo thata. Papias o ne a kgona go bona sentle gore polelo epe fela e e rutang ya ga Jesu Keresete kana ya baaposetoloi ba Gagwe e ne e le botlhokwa thata fa e tlhalosiwa go gaisa dipuo tse di sa tlhomamang tse di neng di le mo dibukeng tsa motlha wa gagwe.—Yude 17.
Go bonala Papias a ne a swela tumelo kwa Peregamo ka 161 kana ka 165 C.E. Ga go kake ga tlhomamisiwa gore dithuto tsa ga Jesu Keresete di ne di amile botshelo le boitshwaro jwa ga Papias ka selekanyo se se kana kang. Lefa go ntse jalo, o ne a eletsa thata go ithuta Dikwalo le go tlotla ka tsone. Bakeresete ba boammaaruri ba dira fela jalo le gompieno, ka go bo ba lemoga dilo tse ba di tlhokang tsa semoya. (Mathaio 5:3) Mme ba tsaya mafoko a Morena a a buileng a le botlhokwa fela jaaka Papias.