Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
Mo dinakong tseno tse di thata tsa ikonomi, batho le dikhampani di le dintsi di bona tharabololo ka go ipolela kafa molaong gore ga ba kgone go duela melato ya bone. A mme go siame go ya kafa Dikwalong gore Mokeresete a ikwadise kafa molaong gore ga a kgone go duela melato ya gagwe?
Karabo ya potso eno e re fa sekai se sentle sa kafa Lefoko la Modimo le re nayang kaelo e e tshwanetseng mo dikganyeng tse di amanang thata le dilo tsa segompieno. Mafatshe a le mantsi a na le melao e e laolang mathata a go sa kgone go duela melato. Naga nngwe le nngwe e na le molao o o farologaneng, mme ga se boikarabelo jwa phuthego ya Bokeresete go naya kgakololo e e kafa molaong ka ga kgang eno. Mme a re sekasekeng thulaganyo e e ka fa molaong ya fa motho a sa kgone go duela melato ya gagwe.
Lebaka le le lengwe leo dipuso di letlang batho le dikgwebo go ipolela kafa molaong gore ga ba kgone go duela melato ya bone ke gore seno se neela batho ba ba adimileng ba bangwe madi kana ba ba kolotisang ba bangwe (bakolotisi) tshireletso e e rileng mo bathong kana dikgwebong tse di adimileng madi kana tse di dirileng dikoloto (bakoloti) mme morago ba bo ba sa duele se ba se kolotang. Mo bathong ba ba adimileng ba bangwe madi go ka na ga bonala gore tharabololo fela e tla nna gore ba ikuele kwa kgotlatshekelong gore motho yono a bolelwe fa a sa kgone go duela melato ya gagwe mme morago ba bo ba kgaoganya dithoto tsa gagwe go thusa go duela karolo ya sekoloto sa gagwe.
Tsela e nngwe e go ipolela kafa molaong gore ga o kgone go duela melato ya gago e dirang ka gone ke go sireletsa bakoloti bao e leng gore ruri ga ba kgone go duela batho ba ba ba kolotang. Motho yo o kolotang a ka nna a letlwa gore a ikwadise kafa molaong gore a kgone go duela melato ya gagwe, mme batho ba a ba kolotang ba bo ba kgona go tsaya dithoto dingwe tsa gagwe. Mme e bile, molao o ka na wa mo letlelela gore a nne a ntse a na le ntlo kana dilwana dingwe tsa gagwe mme a tswelele ka botshelo kwantle ga gore a tshoge gore o tla latlhegelwa ke dithoto kana gore di tla tsewa ke batho ba a neng a ba kolota.
Go a bonala, he, gore melao eno e diretswe go sireletsa matlhakore oomabedi mo ditirisanong tsa madi kana tsa dikgwebo. Mme he, a re tlhokomeleng gore Bibela e re naya kgakololo efe e e molemo.
Motho a ka se bale Bibela yotlhe kwantle ga go lemoga gore ga e re kgothaletse gore re dire dikoloto. Re fitlhela ditlhagiso tse di ntseng jalo mo go Diane 22:7: “Mohumi o laola mohumanegi, le moadimi ke motlhanka oa eo go adiñwañ mo go èna.”
Gape, gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu mo go Mathaio 18:23-34 ka ga motlhanka yo o neng a na le molato o mogolo. “Morèna oa gagwè a laola gore a rekisiwè, le mosadi oa gagwè, le bana, le dilo cotlhe tsa gagwè,” mme morago, morena wa gagwe, e leng kgosi, o ne a mo utlwela botlhoko mme a mo itshwarela. Fa moragonyana motlhanka yono a ne a itshupa gore ke motho yo o sa itshwareleng, kgosi e ne ya laola gore a ‘neelwe batlhokohatsi, a tla a tsamaeè a lehè molato otlhe hèla.’ Tsela e e molemo he, e e akantshiwang, ke go tila go adima madi gotlhelele.
Batlhanka ba Modimo kwa Iseraeleng wa bogologolo ba ne ba tle ba nne le ditirisano tsa kgwebo, e bile go ne go tle go direge gore ba adime le go adimisana madi. Mme ke eng se Jehofa a neng a ba laela go se dira? Fa motho a ne a batla go adima madi go simolola kana go oketsa kgwebo ya gagwe, go ne go le kafa molaong e bile go siame gore Mohebera a mo duedise morokotso. Lefa go ntse jalo, Modimo o ne a kgothaletsa batho ba gagwe gore ba se ka ba nna bogagapa fa ba adima Moiseraele yo o tlhokang; ba ne ba sa tshwanela go dirisa boemo jono jo bo sa itumediseng go batla poelo nngwe ka go duedisa motho morokotso. (Ekesodo 22:25) Duteronome 15:7, 8 e bua jaana: “Ha u na le mohumanegi moñwe, e le moñwe oa bana ba ga rra eno . . . , rure o tla mo huporololèla seatla, rure u tla mo adima mo go lekanyeñ botlhōkwa yoa gagwè mo go se o se tlhōkañ.”
Melao e e tshwanang e e neng e supa go nna molemo kana go akanyetsa ba bangwe e ne e bontsha gore batho ba ba adimileng ba bangwe madi ba ne ba sa tshwanela go tsaya dilo tsa bone tse ba di tlhokang mo botshelong, jaaka tshilo ya lelapa kana seaparo se se neng se dira gore a lale a thutafetse bosigo fa a robetse.—Duteronome 24:6, 10-13; Esekiele 18:5-9.
Mme legale, e ne e se Bajuda botlhe ba ba neng ba amogela le go dirisa melao eno e e lorato e e neng e tswa go Moatlhodi yo mogolo le Motlhomamolao wa bone. (Isaia 33:22) Bajuda bangwe ba ba pelotshetlha ba ne ba tshwara bakaulengwe ba bone maswe tota. Le e leng gompieno, batho ba ba kolotiwang ba ka nna ba tshwara ba bangwe ka tsela e e maswe kana ba sa ba akanyetse, tota le e leng Mokeresete yo o ikanyegang, yo ka ntlha ya mabaka mangwe a a neng a sa a lebelela, a neng a palelwa ke go duela molato mongwe. (Moreri 9:11) Ka ntlha ya go batla dilo ka tsela e e gatelelang, batho ba lefatshe ba ba kolotisang ba bangwe ba ka na ba patelela motho yo o ba kolotang gore a ikutlwe gore o tshwanetse gore a itshireletse mo go bone. Jang? Mo mabakeng a mangwe selo se le sengwe fela se batho ba ba kolotiwang ba tla se amogelang ke fa motho a ipolela kafa molaong gore ga a kgone go duela melato ya gagwe. Ka jalo Mokeresete yo e leng gore o ne a se pelotshetlha kana a sa tlhokomologe melato ya gagwe, a ka na a bona gore o tshwanetse go ikwadisa kafa molaong gore ga a kgone go duela melato ya gagwe.
Le fa go ntse jalo, re tshwanetse gore re lemoge letlhakore le lengwe la kgang eno. Mokeresete o ka na a bo a le mo molatong fela ka ntlha ya go bo a ne a se ka a nna le boikgapo mo go seo kana ka tsela eo a ileng a dirisa madi ka gone kgotsa a se ke a ile a lebelela dilo pele sentle fa a ne a dira ditshwetso mo kgwebong ya gagwe. A mme o tshwanetse gore a se ka a kgathala ka molato wa gagwe mme a rarabolole bothata jono ka bonako fela ka go ipolela kafa molaong gore ga kgone go duela melato ya gagwe, ka go dira jalo a utlwisa batho ba bangwe botlhoko ka ntlha ya ditshwetso tsa gagwe tse di sa tlhomamang? Bibela ga e re kgothaletse gore re nne batho ba ba senang boikarabelo mo dikganyeng tse di amanang le madi. E rotloetsa batlhanka ba Modimo gore ee ya bone e nne ee. (Mathaio 5:37) Gape, gakologelwa mafoko a ga Jesu fa a ne a re motho o tshwanetse gore a bale madi a gagwe pele ga a ka aga kago e e godileng. (Luke 14:28-30) Ka go dumalana le seo, Mokeresete o tshwanetse gore a akanyetse sentle mabaka mangwe a a sa eletsegeng pele ga a ka dira sekoloto sa madi. Fa a setse a dirile molato, o tshwanetse gore a lemoge gore o na le boikarabelo jwa go duela batho kana dikhampani tse a di kolotang madi. Fa batho ba le bantsi ba bangwe ba ka leba Mokeresete jaaka motho yo o sa kgathaleng kana yo o sa ikanyegeng, o ka na a bo a sentse leina le lentle le a le itiretseng mme ka jalo a sa tlhole a bolelwa molemo ke ba ba kwantle.—1 Timotheo 3:2, 7.
Gakologelwa se Pesalema 15:4 e se re bolelelang ka ga mofuta wa motho o Jehofa a mo amogelang. Re bala jaana: “Eo [motho yo Modimo a mo amogelang] ea reñ a ikutlwisitse botlhoko ka go ikana ga gagwè, a se ke a hetoge.” Ee, Modimo o lebeletse gore Bakeresete ba tshware batho ba ba ba kolotang ka tsela e le bone ba tla batlang gore ba ba tshware ka yone.—Mathaio 7:12.
Fa re sobokanya dintlha he, Bibela ga e gane gore go ka na ga direga gore mo mabakeng a a masisi, Mokeresete o ka na a dirisa tshireletso eo e neelwang ke melao ya ga Kaesare ya go ipolela kafa molaong gore ga a kgone go duela melato ya gagwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse gore ba ikanyege le go nna batho ba ba ka ikanngwang ka tsela e e feletseng tota. Ka jalo, ba tshwanetse go nna dikao tse di molemo fa go tla mo go dueleng melato ya madi e ba nang le yone.