Go Utlwana mo Sebofong se se Itekanetseng sa Lorato
“Nnang lo tshwaragane ka kutlwano mo loratong.”—BAKOLOSA 2:2, NW.
1, 2. Ke tlhotlheletso efe e e kgaoganyang e e leng teng segolobogolo gompieno?
REETSA! Lentswe le legolo le utlwala mo legodimong le re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” (Tshenolo 12:12) Fa ngwaga mongwe le mongwe o ntse o feta, molaetsa oo o nna o ntse o tshosetsa baagi ba ba mo lefatsheng ka kotsi e e tlang.
2 Mmaba yo mogolo wa ga Jehofa ga a bolo go itsiwe e le moganetsi (Satane) le mosebi (Diabolo). Mme jaanong motsietsi yono jaanong o dira sengwe se se bosula—ke modimo o o gaketseng! Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a kobiwa kwa legodimong ke Mikaele le baengele ba gagwe mo ntweng e e neng ya simologa kwa legodimong ka 1914. (Tshenolo 12:7-9) Diabolo o a itse gore o saletswe ke nako e khutshwane gore a supe gore kgwetlho ya gagwe ya gore o ka faposa batho botlhe mo go obameleng Modimo e boammaaruri. (Jobe 1:11; 2:4, 5) E re ka go sena kafa a ka falolang ka teng, ene mmogo le badimona ba gagwe ba tshwana fela le motshitshi wa dinotshe o o gaketseng o o tshololelang kgakalo ya one mo bontsintsing jwa batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong.—Isaia 57:20.
3. Matswela a go bo Satane a le bosula thata jaana mo motlheng wa rona e ile ya nna eng?
3 Ditiragalo tseno, tse go seng motho ope yo o di bonang, di tlhalosa lebaka la go bo gone jaanong boitsholo jwa batho bo senyegile. Gape di tlhalosa maiteko a magolo a batho a go leka go kopanya ditšhaba tse di kgaoganeng tse di ka se kang tsa tshela ka kutlwano. Batho ba merafe le ba ditso ba tlhaselana ka tsela e e setlhogo, ba dira gore go nne le dimilionemilione tsa batho ba ba senang magae le ba ba tshabileng mo magaeng a bone. Ga go gakgamatse go bo tlolomolao e ntse e oketsega jaana ka selekanyo se se iseng se ko se nne! Fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, “lorato lwa bontsi bogolo lo tlaa tsidifala.” Gongwe le gongwe kwa o lebang teng, go tlhoka kutlwano le go sa ratane go supa batho ba ba tshwenyegileng mo maikutlong.—Mathaio 24:12.
4. Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo ba le mo kotsing segolobogolo?
4 Ka ntlha ya kafa lefatshe le ntseng ka teng, thapelo e Jesu a neng a e rapelela balatedi ba gagwe e botlhokwa fela thata: “Ga ke rapele gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba dibele mo go yo o bosula. Bone ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.” (Johane 17:15, 16) Gompieno, “yo o bosula” o galefela “ba ba ntseng ba bolokile ditaolo tsa Modimo, ba dumetse tshupo ya ga Jesu.” (Tshenolo 12:17) Fa e ne e se ka go bo Jehofa a tlhokometse Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang ka kelotlhoko le ka lorato, ba ka bo ba nyeleditswe. Matshelo a rona a ikaegile ka gore re dirisa dilo tsotlhe tse Modimo o re di neileng ka tsela e e molemo gore re bolokege le go itekanela semoyeng. Seo se akaretsa gore re iteke thata re dira go dumalana le tsela e maatla a Gagwe a dirang ka yone a dirisa Keresete, jaaka moaposetoloi a ne a rotloetsa mo go Bakolosa 1:29.
5, 6. Moaposetoloi Paulo o ne a ikutlwa jang ka Bakeresete ba kwa Kolosa, mme ke ka ntlha yang fa temana ya setlhogo ya 1995 e tshwanela jaana?
5 Le mororo go lebega Paulo a ne a ise a bone bakaulengwe ba gagwe ba kwa Kolosa ba lebane difatlhego, o ne a ba rata. O ne a ba bolelela jaana: “E kete lo ka tlhaloganya kafa ke tlhobaelang thata ka teng ka ntlha ya lona.” (Bakolosa 2:1, The New Testament in Modern English, e e kwadilweng ke J. B. Phillips) E re ka balatedi ba ga Jesu e se ba lefatshe, “yo o bosula” o ne a tla nna a leka go senya kutlwano ya bakaulengwe ka go jala moya wa lefatshe mo go bone. Dikgang tse Epaferase a neng a tswa le tsone kwa Kolosa di ne di bontsha gore seno se ne se ntse se diragala ka selekanyo se se rileng.
6 Sengwe sa dilo tse Paulo a neng a amegile ka tsone ka bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete se ne se ka bolelwa ka mafoko ano a makhutshwane: “Nnang lo tshwaragane ka kutlwano mo loratong.” Mafoko a gagwe a botlhokwatlhokwa thata gompieno, mo lefatsheng le le tletseng ka go sa utlwane le go sa ratane. Fa re latela kgakololo ya ga Paulo, Jehofa o tla re tlhokomela. Gape re tla nna le maatla a moya wa gagwe mo botshelong jwa rona, a re thusa gore re itshokele dikgatelelo tsa lefatshe. A bo kgakololo eno e le botlhale jang ne! Ka gone, Bakolosa 2:2 e tla nna temana ya rona ya setlhogo ya 1995.
7. Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go bonwa ka kutlwano e e ntseng jang mo go bone?
7 Mo lekwalong la ntlha le moaposetoloi a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a dirisa mmele wa motho jaaka setshwantsho. O ne a kwala gore “go se nne kgaogano” mo phuthegong ya Bakeresete ba ba tloditsweng mme ‘ditokololo di tshwane mo go tlameleng.’ (1 Bakorinthe 12:12, 24, 25) A bo e le setshwantsho se se molemolemo jang ne! Ditokololo tsa rona di ikaegile ka tse dingwe, nngwe le nngwe e momagane le mmele otlhe wa rona. Seno se tshwana le bokopano jwa rona jwa bakaulengwe lefatshe ka bophara, jo bo dirilweng ka batlodiwa le dimilionemilione tsa batho ba ba solofelang go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise. Ga re a tshwanela go ikgaoganya le setlhopha sa Bakeresetekarona re bo re tshela re le nosi! Moya wa Modimo o tshololelwa mo go rona ka selekanyo se segolo ka Keresete Jesu, fa re kopane le bakaulengwe ba rona.
Kutlwano e Amana Thata le Kitso
8, 9. (a) Ke selo sefe sa motheo se se dirang gore re nne le kutlwano mo phuthegong? (b) O ile wa bona kitso ka ga Keresete jang?
8 Nngwe ya dintlha tsa konokono tsa ga Paulo e ne e le gore kutlwano ya Bokeresete e amana thata le kitso, segolo jang e e malebana le Keresete. Paulo o ne a kwala gore Bakeresete ba tshwanetse gore “ba [nne lo tshwaragane ka kutlwano mo loratong, NW], ba bile ba na le boitlhomamiso jo bo tletseng jwa tlhaloganyo, ba ke ba itse bosaitsiweng jwa Modimo, e bong Keresete.” (Bakolosa 2:2) Re ile ra bapala kitso—dintlha—fa e sale re simolola go ithuta Lefoko la Modimo. Re tlhaloganya seabe sa ga Jesu se se botlhokwa fa re ntse re leka go tlhaloganya tsela e bontsi jwa dintlha tseno bo tsenang teng mo boikaelelong jwa Modimo. “Yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fit[l]hilweng mo go ene.”—Bakolosa 2:3.
9 A ke yone tsela e o ikutlwang ka yone mabapi le Jesu le seabe sa gagwe mo boikaelelong jwa Modimo? Go motlhofo fela mo bathong ba le bantsi ba Labokeresete go bua ka ga Jesu, ba bolela gore ba mo amogetse le gore ba bolokilwe. A mme tota ba a mo itse? Nnyaa, ka gonne ba le bantsi ba bone ba dumela thuto ya Tharonngwe e e seyong mo Dikwalong. Ga se gore o itse boammaaruri ka kgang eno fela mme gape o na le kitso e ntsi mabapi le se Jesu a neng a se bolela le se a neng a se dira. Dimilionemilione tsa batho di ile tsa thusiwa go nna le yone ka gore ba nne le thuto e e rutang tota ba dirisa buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela. Lefa go ntse jalo re tlhoka go oketsa thata kitso ya rona ka ga Jesu le ditsela tsa gagwe.
10. Re kgona go bona kitso e e fitlhilweng ka tsela efe?
10 Mafoko a a reng “lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso” lo ‘fitlhilwe ka kelotlhoko’ mo go Jesu, ga a bolele gore re ka se kgone go tlhaloganya kitso e e ntseng jalo. Go na le moo, e tshwana le moepo ka tsela e e rileng. Ga re a tshwanela go batla mo karolong e kgolo re ntse re ipotsa gore re ka simolola kae go epa. Re setse re itse—kitso ya mmatota e simolola ka se Baebele e se senolang ka ga Jesu Keresete. Fa re anaanela ka botlalo seabe sa ga Jesu mo go fitlheleleng boikaelelo jwa ga Jehofa, re bona matlotlo a botlhale jwa boammaaruri le kitso e e tlhomameng. Ka jalo se re se tlhokang ke go tswelela pele re epela kwa teng, re ntshe majana a a tlhokegang a le mantsi kana dilo tse di tlhokegang tse di leng teng mo motsweding ono o re setseng re o epile.—Diane 2:1-5.
11. Re ka oketsa kitso ya rona le botlhale ka go tlhatlhanya jang ka ga Jesu? (Tshwantsha ka Jesu fa a ne a tlhapisa barutwa dinao, kana o dirise dikai tse dingwe.)
11 Ka sekai, re ka tswa re itse gore Jesu o ne a tlhapisa dinao tsa baaposetoloi ba gagwe. (Johane 13:1-20) Lefa go le jalo, a re ile ra tlhatlhanya ka thuto e a neng a e neela le boikutlo jo a neng a bo bontsha? Fa re dira jalo, re ka nna ra lere letlotlo la botlhale jo bo dirang gore re kgone—ee, jo bo re tlhotlheletsang—go fetola tsela e re tshwarang mokaulengwe kana kgaitsadi yo botho jwa gagwe bo sa bolong go nna bo re kgopisa ka nako e telele. Kana fa re neelwa kabelo e re sa e rateng thata, re ka nna ra itshwara ka tsela e e farologaneng fa re sena go tlhaloganya se se kaiwang ke Johane 13:14, 15 ka botlalo. E ke yone tsela e kitso le botlhale di re amang ka yone. Ba bangwe ba tla amega jang fa re sala morago thata sekao sa gagwe, re dirisa kitso e ntsi e re nang le yone ka ga Keresete? Go ka solofelwa gore letsomane le tla ‘tshwaragana ka kutlwano mo loratong.’a
Go Iteega Tsebe go ka Senya Kutlwano
12. Re tlhoka go nna re itisitse mo kitsong e e ntseng jang?
12 Fa e le gore kitso e e tlhomameng e re tlhofofaletsa ‘gore re tshwaragane ka kutlwano mo loratong,’ se se bidiwang “‘kitso,’ mme e se yone” sone se felela ka eng? Ka sengwe se se farologaneng—e leng dikgang, kgotlhang, le go fapoga mo tumelong. Ka jalo re tshwanetse go itisa kgatlhanong le kitso e e ntseng jalo e e seng yone, fela jaaka Paulo a ne a tlhagisa Timotheo. (1 Timotheo 6:20, 21) Paulo gape o ne a kwala jaana: “Ke bua jalo gore ope a se ka a lo fora ka bofatshwa jwa puo. Lo itise e se [re] kgotsa go bo go le mongwe yo o lo thopang ka botlhajana, jo e leng jwa gagwe le ka tsietso e e ithamakang, ka fa melawaneng ya batho, le ka fa ditlhakeng tsa kitso ya lefatshe, e seng ka fa mokgweng wa ga Keresete.”—Bakolosa 2:4, 8.
13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa bakaulengwe ba kwa Kolosa ba ne ba le mo kotsing mabapi le go nna le kitso? (b) Ke ka ntlha yang fa ba bangwe gompieno ba ka nna ba akanya gore ga ba mo kotsing e e tshwanang?
13 Bakeresete ba kwa Kolosa ba ne ba dikologilwe ke tlhotlheletso e e boferefere e e neng e le kitso e e seng yone. Batho ba le bantsi kwa Kolosa le ba ba gaufi le yone ba ne ba tlotlomatsa thata difilosofi tsa Segerika. Gape go ne go na le batho ba ba neng ba dumela mo Sejuteng ba ba neng ba batla gore Bakeresete ba boloke Molao wa ga Moshe, jaaka malatsi a one a moletlo le melao ya dijo. (Bakolosa 2:11, 16, 17) Paulo o ne a sa gane gore bakaulengwe ba gagwe ba nne le kitso ya boammaaruri, mme ba ne ba tlhoka gore ba nne kelotlhoko gore go se nne motho ope yo o neng a ka ba gapa, a dirisa mafoko a a borethe gore ba lebe botshelo le ditiro go ya ka kgopolo ya motho. O ka tlhaloganya gore fa ba bangwe mo phuthegong ba letla gore tsela e ba akanyang ka yone le ditshwetso tsa bone di kaelwe ke megopolo le maikutlo a a ntseng jalo a a sa dumalaneng le Dikwalo, maloko a phuthego a ne a ka se ka a utlwana le go ratana.
14 O ka nna wa akanya jaana: ‘Ee, ke bona kotsi e Bakolosa ba neng ba lebane le yone, mme nna ga nkake ka tlhotlhelediwa ke dikgopolo tsa Bagerika, tse di jaaka tsa gore moya ga o swe kana tsa gore modimo ke tharonngwe; le gone ga ke bone go na le bodiphatsa jwa gore nka gogelwa ke malatsi a boikhutso a seheitane a bodumedi jwa maaka jo ke neng ka bo tlogela.’ Seo se siame. Go molemo go tlhatswega pelo gore boammaaruri jwa motheo jo bo neng jwa senolwa ka Jesu jo bo leng teng mo Dikwalong bo nonofile tota. Lefa go ntse jalo, a e ka tswa e le gore difilosofi tse dingwe kana dikgopolo tsa batho tse di anameng thata gompieno di ka nna diphatsa mo go rona?
15, 16. Ke tsela efe e re lebang botshelo ka yone e e ka nnang ya ama tsela e Mokeresete a akanyang ka yone?
15 Boikutlo jo bongwe jo bo ntseng jalo ga bo bolo go nna teng: “Jaanong tsholofetso ya go tla ga gagwe e kae? Fa e sa le ka borraarona ba robala, mme sengwe le sengwe se santse se tswelela pele fela jaaka ka gale.” (2 Petere 3:4, The New English Bible) Boikutlo joo bo ka nna jwa bolelwa ka mafoko a mangwe, mme kgopolo ya jone e a tshwana. Ka sekai, motho yo mongwe o ka nna a akanya jaana, ‘Fa ke ne ke simolola go ithuta boammaaruri mo dingwageng tse di masomesome tse di fetileng, bokhutlo bo ne “bo le gaufi thata.” Mme bo santse bo ise bo tle, e bile ke mang yo o itseng gore bo tla tla leng?’ Ke boammaaruri gore ga go na motho ope yo o itseng gore bokhutlo bo tla tla leng. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko kgopolo e Jesu a neng a e rotloetsa: “Itiseng, lo lebelele lo rapele, gonne ga lo itse lobaka gore ke lofe.”—Mareko 13:32, 33.
16 A bo go tla bo go le diphatsa jang ne go akanya gore re tshwanetse go rulaganya go tshela botshelo jo bo “tlwaelegileng” ka botlalo re ntse re sa itse gore bokhutlo bo tla tla leng! Mokgwa oo o ne o ka bonala mo kakanyong eno, ‘Le nna tota ke ka tsaya dikgato tse di tla nkgonisang (kana bana ba me) go nna le tiro ya maemo a a kwa godimo e e duelang madi a mantsi le e e tla dirang gore ke ipelele botshelo jo bo manobonobo. Legale, ke tla nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera, mme ga go na lebaka le le utlwalang la gore ke leke ka thata kana ke intshe setlhabelo thata.’—Mathaio 24:38-42.
17, 18. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ile ba rotloetsa gore re nne le kgopolo efe?
17 Lefa go ntse jalo, re ka se ganetse gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba akantsha gore re tshele re na le boikutlo jwa gore go rera mafoko a a molemo go potlakile, re leka ka thata le go intsha setlhabelo ka go rata. Paulo o ne a kwala jaana: “Ke bua lefoko le, bagaetsho, ke re, lobaka lo khutshwafetse, gore e tle e re mo lobakeng lo lo tlang, go le ba ba nang le basadi ba nne jaaka fa ba ka bo ba se na nabo; . . . go le ba ba rekang; ba nne jaaka ba ka bo ba se na sepe; go le ba ba ipapalelang ka lefatshe, a ba se fetise selekanyo, gonne mokgwa wa lefatshe leno o a feta.”—1 Bakorinthe 7:29-31; Luke 13:23, 24; Bafilipi 3:13-15; Bakolosa 1:29; 1 Timotheo 4:10; 2 Timotheo 2:4; Tshenolo 22:20.
18 Paulo o ne a sa akantshe gore re itlhomele mokgele wa go tshela botshelo jo bo manobonobo mme o ne a tlhotlheleditswe go kwala jaana: “Ga re a ka ra tla le sepe mo lefatsheng, le gone ga re ka ke ra tswa le sepe; e re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone. . . . Tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo, o tshware botshelo jo bo sa khutleng, jo o bo bileditsweng, wa ipolela ka boipolelo jo bo molemo mo ponong ya basupi ba le bantsi.”—1 Timotheo 6:7-12.
19. Phuthego e ka nna jang fa ba ba leng mo go yone ba leba botshelo jaaka Jesu a ne a ba kgothaletsa?
19 Fa phuthego e na le Bakeresete ba ba tlhoafetseng ba ba gagamalelang go “ipolela ka boipolelo jo bo molemo,” kutlwano e nna gone. Ga ba itetle go nna le boikutlo jwa gore, “o na le dithoto di tona, di boloketswe dinyaga di le dintsi; iketle, o je, o nwe, o dire mokete.” (Luke 12:19) Go na le moo, ba kgona go utlwana gore ba leke go dira se se tshwanang, ba iketleeditse go intsha setlhabelo gore ba nne le seabe se segolo ka mo ba ka kgonang ka teng mo tirong eno e e ka se keng ya boelediwa gape.—Bapisa Bafilipi 1:27, 28.
Ikele Tlhoko mo go Forweng ka Puo
20. Ke tsela efe e nngwe e Bakeresete ba ka nnang ba faposiwa mo go yone?
20 Ke boammaaruri gore go na le ditsela tse dingwe tse Bakeresete ba ka nnang ba ‘forwa ka bofatshwa jwa puo’ kana ka tsietso ya boithamako e e ka ba kgoreletsang gore ba ‘utlwane mo loratong.’ Ofisi ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Jeremane e ne ya kwala jaana: “Go na le tiragalo nngwe e e neng ya tsosa dikgang thata, baboledi tota le bagolwane ba ne ba buelela matlhakore a a farologaneng a mefuta ya kalafi e mokaulengwe mongwe a neng a e dirisa.” Ba ne ba oketsa jaana: “E re ka go dirisiwa mekgwa e mentsi e e farologaneng le palo ya balwetse e le kgolo fa e le gore mekgwa eo ya kalafi ke ya tirisabadimo ka tsela nngwe, he, seo se ka nna sa nna kotsi thata.”—Baefeso 6:12.
21. Mokeresete o ka nna a palelwa ke go nna le pono e e siameng jang gompieno?
21 Bakeresete ba batla go nna ba ntse ba tshela le go itekanela e le gore ba obamele Modimo. Lefa go ntse jalo, mo tsamaisong eno re a tsofala e bile re a lwala ka ntlha ya go bo re sa itekanela. Go na le gore re bue thata ka dikgang tsa botsogo, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go se se ka rarabololang mathata a rona le a ba bangwe. (1 Timotheo 4:16) Keresete ke motswedi wa tharabololo eo, fela jaaka kgakololo e Paulo a neng a gakolola Bakolosa ka yone e ne e tswa kwa go ene. Mme gakologelwa, Paulo o ne a supa gore ba bangwe ba ka nna ba tla ‘ka mafoko a a bofatshwa’ ba dira gore re se ka ra tlhokomela Keresete, gongwe re tlhokomele mekgwa ya go lemoga bolwetse, dikalafi, kana tsela e re jang ka yone.—Bakolosa 2:2-4.
22. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe jo bo siameng ka dipolelo tse dintsi tse di mabapi le mekgwa ya go lemoga bolwetse le kalafi?
22 Batho go dikologa lefatshe ba bontshiwa thata dipapatso le dilo tse di supang melemo e e bonwang mabapi le mo mefuteng yotlhe ya dikalafi le ditsela tsa go lemoga bolwetse. Dingwe tsa tsone di a dirisiwa e bile di itsiwe thata; tse dingwe di tshwaiwa diphoso thata kana di a belaelwa.b Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go swetsa gore o tla dira eng malebana le botsogo jwa gagwe. Mme ba ba amogelang kgakololo ya ga Paulo e e fitlhelwang mo go Bakolosa 2:4, 8 ba tla sireletsega kgatlhanong le go forwa ‘ka mafoko a a bofatshwa’ kana “ka tsietso e e ithamakang” e e timetsang batho ba le bantsi ba ba batlang go fola ka bonako, ba ba sa solofelang mo Bogosing. Lefa gone Mokeresete a tlhatswegile pelo gore kalafi e e rileng ke yone e mo siametseng, ga a tshwanela go e bapaletsa bakaulengwe ba Bakeresete, ka gonne go ka nna ga buiwa thata ka yone ga bo ga tsosa dikgang. Ka gone o ka bontsha gore o tseela botlhokwa jwa go utlwana mo phuthegong kwa godimo.
23. Ke ka ntlha yang fa re na le lebaka la go ipela segolobogolo?
23 Paulo o ne a gatelela gore kutlwano ya Bokeresete ke yone tota e lereng go ipela ga boammaaruri. Mo motlheng wa gagwe palo ya diphuthego tota e ne e le nnye thata go gaisa gompieno. Lefa go ntse jalo o ne a kgona go kwalela Bakolosa jaana: “Le fa ke se koo go lona ka sebele sa me, ke na le lona mo moweng, ke itumela ke bile ke lebile thulaganyo ya lona, le go tia ga tumelo ya lona mo go Keresete.” (Bakolosa 2:5; bona gape le Bakolosa 3:14.) A bo re na le mabaka a mantsi thata jang ne a go ipela! Re ka tswa re bona bosupi jwa mmatota jwa kutlwano, thulaganyo e e molemo, le go tia mo tumelong mo phuthegong e e leng ya rona, se se supang kafa batho ba Modimo ka kakaretso ba leng ka teng mo lefatsheng ka bophara. Ka jalo mo nakong e khutshwane e e setseng ya tsamaiso eno ya gompieno, e kete rotlhe re ka iketleetsa gore re ‘tshwaragane ka kutlwano mo loratong.’
[Dintlha tse di kwa tlase]
a E re ka go na le dipolelo di le dintsi tse re ka ithutang mo go tsone, bona gore o ka ithuta eng wena ka namana ka ga Jesu se se ka dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong ya gago, go tswa mo dikaing tse di latelang: Mathaio 12:1-8; Luke 2:51, 52; 9:51-55; 10:20; Bahebere 10:5-9.
b Bona Tora ya Tebelo ya June 15, 1983, ditsebe 21-30.
A o ne wa Ela Tlhoko?
◻ Temana ya ngwaga ya 1995 ya Basupi ba ga Jehofa ke efe?
◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba kwa Kolosa ba ne ba tlhoka go tshwaragana ka kutlwano mo loratong, mme ke ka ntlha yang fa le rona re tshwanetse go nna jalo gompieno?
◻ Ke tsela efe e e tsietsang ya go leba botshelo e Bakeresete ba tlhokang go itisa mo go yone segolobogolo gompieno?
◻ Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go nna podimatseba gore ba se ka ba faposiwa ke mafoko a a bofatshwa a a mabapi le botsogo le ditsela tsa go lemoga bolwetse?
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
A dithulaganyo tsa gago tsa mo isagweng di ikaegile ka go nna gone ga ga Jesu?