Nna Gone Kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Babaki ba ba Itumetseng”
ABO dikopano tsa kgaolo tsa 1995 di tlhophetswe setlhogo se se molemo jang ne: “Babaki ba ba Itumetseng”! Ruri Basupi ba ga Jehofa ba ntse jalo. Ke babaki ba ga mang? Ba ga Jehofa Modimo!
Jehofa ga a ka ke a bapisiwa le ope, ga a lekane le ope, o tlhomologile ka ditsela tse dintsi thata. O maatla otlhe, o itse dilo tsotlhe, o na le tshiamiso ka tsela e e feletseng e bile ke lorato ka bolone. O tshwanelwa ke go obamelwa le go bakiwa go gaisa botlhe.
Ruriruri re batla go nna babaki ba gagwe ba ba itumetseng! Go re thusa go dira jalo, Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se dirile thulaganyo e e molemo ya kopano ya malatsi a mararo e e tla simololang mo setlheng sa selemo sa 1995. Ruri malatsi ano a mararo e tla nna a a itumedisang, mme e bile Mosupi mongwe le mongwe wa ga Jehofa o tla dira bojotlhe go nna gone go tloga ka pina e e bulang ya Labotlhano mo mosong go fitlha ka pina le thapelo tse di konelang ka Sontaga thapama.