Kopano ya 1996 ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo”
MO METLHENG ya bogologolo batho ba ga Jehofa ba ne ba keteka mekete e meraro e megolo ngwaga le ngwaga. Ka tsela e e batlileng e tshwana, mo metlheng ya gompieno batho ba ba ipitsang ka leina la ga Jehofa ba kopana gararo mo ngwageng ba tlile dinakong tsa boipelo. Ba itumelela go kokoana mmogo kwa kopanong e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe fela, kwa kopanong ya potologo ya malatsi a le mabedi le kwa kopanong ya kgaolo ya malatsi a le mararo kana a le manè. Monongwaga, setlhogo sa kopano ya kgaolo ke “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo.”
A bo setlhogo seo se tshwanela jang ne! Modimo wa rona, Jehofa, ke “Modimo wa kagiso,” ee, “Modimo o o nayang kagiso.” Moeteledipele wa rona, Jesu Keresete, ke “Kgosana ya Kagiso,” mme molaetsa o batlhanka ba ga Jehofa ba o tsamaisang ke molaetsa wa kagiso ya bomodimo. (Bafilipi 4:9; Baroma 15:33, NW; Isaia 9:6; Nahume 1:15) Go dirilwe thulaganyo e e molemolemo ya kopano e e tla thusang batho botlhe gore ba tlhaloganye ka botlalo thata kafa kagiso ya bomodimo e leng botlhokwa ka gone.
Monongwaga kwa United States fela go tla bo go na le dikopano di le 198. Go tshwanetse ga bo go tla nna le kopano gaufi le fa o nnang teng. Ke eng o sa botse Basupi ba ga Jehofa ba ba mo tikologong ya lona gore tota e tla nna leng le gone kae gore o rulaganyetse go nna teng? Batho botlhe ba ba ratang kagiso ya mmatota, e e nnelang ruri ba tla amogelwa ka lorato.