A Dikalafi Tsa Dikgakgamatso di sa Ntse di Diragala?
“AMOGELA Jesu mme o fole!” Mafoko a a tshwanang le ano a ne a dira gore Alexandre, leloko lengwe la kereke ya Evangelical, a dumele gore go nwa molemo fa a lwala e ne e tla bo e le go bontsha gore ga a na tumelo. O ne a tlhomamisega gore tumelo ya gagwe e le yosi e ne e tla mo fodisa ka tsela ya kgakgamatso. Benedita, Mokatoliki mongwe yo o neng a tlhoafetse, o ne a amega thata mo maikutlong fa a ne a utlwa ka dikgakgamatso tsa go fodisa kwa lefelong le le boitshepo la Aparecida do Norte, kwa kgaolong ya São Paulo, kwa Brazil. Ka go dirisa mafoko a maselamose a mmamogoloagwe a neng a mo ruta one, Benedita o ne a rapela Our Lady of Aparecida, e bong Anthony le “baitshepi” ba bangwe gore a nne le maatla a go fodisa balwetse.
Go bonala gore tota le kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, batho ba le bantsi ba sa ntse ba dumela mo dikalafing tsa dikgakgamatso—mme ka ntlha yang? Gongwe, ba bangwe ba tshwenyega thata fa dingaka di sa kgone go dira mo go oketsegileng go okobatsa bolwetse, botlhoko le go boga ga baratiwa ba bone, segolobogolo bana ba bone. Ba ba tshwerweng ke malwetse a a sa foleng ba ka nna ba ikutlwa gore ka ntlha ya go tura thata ga kalafi ya segompieno, ba ka se senyegelwe ke sepe fa ba ka ya go fodisiwa ka tumelo. Ba bangwe ba bona mo thelebisheneng fa dikereke tse di farologaneng le batho ka bongwe ba alafa AIDS, go tshwenyega thata mo maikutlong, kankere, botseno, kgatelelo e e kwa godimo ya madi le malwetse a mangwe a mantsi. Go sa kgathalesege gore ba na le tumelo mo dipolelong tse di ntseng jalo kana nnyaa, ba ka nna ba ya kwa go bone fa ba sa tlhole ba itse gore ba ye kae. Le fa go ntse jalo ba bangwe ba ba dumelang gore bolwetse jwa bone bo bakwa ke meya e e bosula ba ka nna ba ikutlwa gore kalafi e e tlwaelegileng ga e na maatla a go ba thusa.
Mo letlhakoreng le lengwe, go na le ba bangwe ba ba ganetsang thata, e bile ba nyatsa kgopolo ya go alafa ka tsela ya dikgakgamatso ga “baitshepi” ba ba suleng kana bafodisi ba ba tshelang. Lokwalodikgang lwa Jornal da Tarde lo bolela gore moithuti wa mmele gore o lwantshe malwetse e bong Dráusio Varella o akanya gore go dumela mo go seno go “tsietsa tumelo ya batho ba ba seng podimatseba le ba ba se nang tsholofelo.” O oketsa jaana: “Go baya tsholofelo mo dikgakgamatsong, batho ba le bantsi ba ka nna ba tlogela kalafi e e botlhokwa ka ntlha ya boferefere jono.” Mme The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Diphodiso tse di sa tlwaelegang mo nakong e e fetileng di ne di amanngwa le mafelo a a boitshepo le ditirelo tsa bodumedi, mme kalafi ya saense e batla gore diphodiso tsotlhe tse di ntseng jalo di nne tsamaiso e e tlwaelegileng e e tlhotlheletsang maikutlo e e dirang fela mo maemong a a siameng.” Le fa go ntse jalo, go na le batho ba le bantsi ba ba dumelang gore tota ba fodisitswe ka dikgakgamatso. Bone ba dumela gore phodiso eo e ne e bereka!
Batho ba ba tlwaelaneng le Baebele ba lemoga gore Jesu Keresete o ne a fodisa balwetse mo makgetlhong a le mantsi, a dira seno ka ‘maatla a Modimo.’ (Luke 9:42, 43) Ka gone ba ka nna ba ipotsa gore, ‘A maatla a Modimo a sa ntse a dira le go fodisa ka tsela ya dikgakgamatso gompieno?’ Fa go le jalo, ke ka ntlha yang fa maiteko a go alafa a sa atlege go tlisa matswela a a solofeditsweng? A ke ka go bo molwetse a se na tumelo e e lekaneng kana a ke go bo moneelo wa gagwe o se montsi thata? A go tshwanetse gore Mokeresete a batle go alafiwa ka tsela ya kgakgamatso fa a lwala bolwetse jo bo botlhoko thata kana gongwe a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa foleng? Le gone a dikalafi tsa dikgakgamatso tse di neng di atlega tsa mefuta tse Jesu a neng a di dira di tla tsamaya di diragala gape? O ka bona dikarabo tsa dipotso tseno tse di botlhokwa mo setlhogong se se latelang.