Jerome—Mosimolodi wa Thanolo ya Baebele yo o Tsositseng Dikgang
KA April 8, 1546 Lekgotla la Trent le ne la bolela gore “Kereke [ya Katoliki] . . . e dumetse gore [Vulgate ya Selatine] e dirisiwe le gore go se nne le motho ope yo o lekang go e gana kafa tlase ga maemo ape fela.” Le mororo Vulgate e ile ya wediwa dingwaga di feta sekete pele ga foo, yone le moranodi wa yone e bong Jerome, e ne e sa bolo go tsosa dikgang tsa moruthutha. Jerome e ne e le mang? Ke eng fa ene le thanolo ya gagwe ya Baebele ba ile ba tsosa dikgang tseno tsa moruthutha? Thanolo eno ya gagwe e ama thanolo ya Baebele jang gompieno?
O Nna Mokanoki
Leina la Selatine la ga Jerome e ne e le Eusebius Hieronymus. O tshotswe ka 346 C.E. kwa Stridon, kwa porofenseng ya Roma ya Dalmatia, gaufi le molelwane o gompieno o leng fa gare ga Italy le Slovenia.a Batsadi ba gagwe ba ne ba humile sentle fela mme o ne a bona melemo ya go nna le madi a sa ntse a le monnye ka go tsena sekolo kwa Roma a rutwa ke morutathutapuo yo o tumileng e bong Donatus. Jerome e ne e le moithuti yo o nang le bokgoni mo thutapuong, mo bokwading le mo filosofing. Ka nako eo gape o ne a simolola go ithuta Segerika.
Fa Jerome a sena go tswa kwa Roma ka 366 C.E., o ile a kgarakgatshega, mme kgabagare a nna kwa Aquileia, kwa Italy kwa a neng a fitlha a ithuta kgopolo ya botshelo jwa boitlami teng. Ka ntlha ya go kgatlhiwa ke dikgopolo tseno tsa botshelo jwa go itima dilo, ene le setlhopha sa ditsala tsa gagwe ba ne ba fetsa dingwaga tse di latelang di sekae ba tshela botshelo jwa boitlami.
Ka 373 C.E., ka lebaka lengwe le le sa itseweng, setlhopha seno se ne sa phatlalala. Ka ntlha ya go swaba, Jerome o ile a kgarakgatshegela kwa botlhaba go ralala Bithinia, Galatia le Kilikia mme kgabagare a fitlha kwa Antioka kwa Siria.
Loeto lono lo loleele lo ile lwa mo tsenya dingalo. Ka ntlha ya go lapa thata le go lwala, Jerome o ile a batla a fekeediwa ke letshoroma. O ile a bua jaana a kwalela tsala ya gagwe: “Ooo, fa ke ne nka bona fela Morena Jesu Keresete a nkisitse koo go wena. Mmelenyana wa me o setse o le bokoa, tota le fa o ne o sa lwale o setse o tletse dingalo.”
Jerome o ne a lebana le masetlapelo a mangwe—a dilo tsa semoya—jaaka e kete bolwetse, go jewa ke bodutu le go tshwenyega mo maikutlong di ne di sa lekana. O ne a lora a ipona a “kgokgoelediwa fa pele ga setulo sa bogosi” sa Modimo. Fa Jerome a ne a bodiwa gore ke ene mang, o ne a araba jaana: “Ke Mokeresete.” Le fa go ntse jalo, yo o okametseng o ile a mo araba a re: “O bua maaka, o molatedi wa ga Cicero e seng wa ga Keresete.”
Go fitlha ka nako eo, lorato lwa ga Jerome lwa go ithuta lo ne lo sekametse thata mo go ithuteng dingwao tsa seheitene e seng Lefoko la Modimo. O ile a re: “Ke ne ka jewa ke segakolodi.” Jerome o ne a ikana jaana mo torong ya gagwe a solofetse gore o tla baakanya dilo: “Morena, fa o ka tlhola o mpona ke tshotse dibuka tsa lefatshe, kana fa o ka tlhola o mpona ke bala dibuka tseo, e tla bo e le gore ke Go itatotse.”
Moragonyana Jerome o ile a bolela gore a ka se ka a patelediwa go diragatsa maikano a o a dirileng mo torong. Le fa go ntse jalo, o ne a ikemiseditse go diragatsa maikano a gagwe—bobotlana ka mo a ka kgonang ka teng. Ka jalo Jerome o ne a tswa kwa Antioka mme a ya go nna a le nosi kwa Chalcis kwa sekakeng sa Siria. Ka ntlha ya go nna moitlhaodi wa bodumedi jalo, o ne a inaakanya thata le go ithuta Baebele le dibuka tsa thutabodumedi. Jerome o ile a re: “Ke ne ka bala dibuka tsa Modimo ka tlhagafalo e e fetang e pele ke neng ke bala dibuka tsa batho ka yone.” Gape o ile a ithuta puo ya koo ya Sesiria mme a simolola go ithuta Sehebera a thusiwa ke Mojuda mongwe yo o neng a fetogetse mo Bokereseteng.
Taelo ya Mopapa
Morago ga gore Jerome a fetse dingwaga di le tlhano a tshela botshelo jwa boitlami, o ne a boela gape kwa Antioka go ya go tsweletsa dithuto tsa gagwe pele. Le fa go ntse jalo, fa a goroga koo, o ne a fitlhela kereke e kgaogane thata. Ee, ka nako ya fa Jerome a sa ntse a le kwa sekakeng, o ne a kopa kgakololo ya ga Mopapa Damasus, a re: “Kereke e kgaogane ka makgamu a mararo, mme lengwe le lengwe le batla gore ke nne kafa letlhakoreng la lone.”
Moragonyana Jerome o ne a dira tshwetso ya go ikamanya le Paulinus, mongwe wa banna ba bararo ba ba neng ba lwela go nna bobishopo ba Antioka. Jerome o ne a dumela gore Paulinus a mo tlhome ka mabaka a mabedi. La ntlha, o ne a batla gore a mo letle go tswelela pele ka tiro ya gagwe ya boitlami. La bobedi, o ne a batla gore a se ka a newa maikarabelo ape a go nna moruti wa kereke e e rileng.
Ka 381 C.E., Jerome o ile a pata Paulinus go ya kwa Lekgotleng la Constantinople mme go tswa foo a ya le ene kwa Roma. Ka bonako fela ke fa Mopapa Damasus a lemoga bokgoni jwa ga Jerome jwa bokanoki le go itse dipuo. Mo lobakeng lwa ngwaga fela ke fa Jerome a tlhatlosediwa mo maemong a a kwa godimo a go nna mokwaledi wa ga Damasus.
Mo maemong ao a go nna mokwaledi, Jerome o ne a se ka a tshaba go tsosa dikgang. Tota go ne go bonala fa a di rata. Ka sekai, o ile a tswelela pele ka go tshela botshelo jwa boitlami mo lelapeng leo la manobonobo la bopapa. Mo godimo ga moo, Jerome o ne a ipakela baba ba bantsi ka ntlha ya go rotloetsa botshelo jono jwa gagwe jwa boitlami le ka go nyatsa phatlalatsa botshelo jwa letlepu jwa baruti.
Le fa go ntse jalo, Mopapa Damasus o ne a ema Jerome nokeng ka botlalo le mororo a ne a na le baganetsi. Mopapa o ne a na le lebaka le le utlwalang la go kgothaletsa Jerome go tswelela pele ka patlisiso ya gagwe ya Baebele. Ka nako eo, go ne go dirisiwa dithanolo di le dintsinyana tsa Baebele tsa Selatine. Bontsi jwa tsone di ne di sa ranolwa sentle, di na le diphoso tse dintsintsi. Selo se sengwe se Damasus a neng a tshwenyegile ka sone ke gore puo e ne e kgaoganya dikereke tsa Botlhaba le tsa Bophirima. Bontsi jwa dikereke tsa Botlhaba di ne di sa itse Selatine; mme bontsi jwa tsa Bophirima di ne di sa itse Segerika.
Ka gone, Mopapa Damasus o ne a gakaletse gore go nne le thanolo e e tlhabolotsweng ya Selatine ya Diefangele. Damasus o ne a batla gore thanolo ya tsone e tshwane kgo le tsa ntlhantlha tsa Segerika, le fa go ntse jalo e le ka Selatine se se balegang ka thelelo le ka tsela e e utlwalang sentle. Jerome e ne e le mongwe wa bakanoki ba sekae fela ba ba neng ba ka tlhagisa thanolo e e ntseng jalo. E re ka a ne a itse Segerika, Selatine le Sesiria sentle e bile a na le kitso e e lekaneng ya Sehebera, o ne a tshwanelega sentle go ka dira tiro eo. Ka jalo, ka taelo ya ga Damasus, Jerome o ne a simolola tiro eo e e neng e tla tsaya dingwaga di le 20 tsa botshelo jwa gagwe.
Kgang e a Gakala
Le mororo Jerome a ile a ranola Diefangele ka bonako jo bogolo, o ne a di ranola sentle ka botswerere. Ka go bapisa mekwalo yotlhe ya Segerika e e neng e le gone ka nako eo, o ne a baakanya mokwalo wa Selatine, a baakanya tsela ya go kwalwa ga one le diteng tsa one e le gore o tshwane le mokwalo wa Segerika.
Bontsi jwa batho ba ne ba amogela thanolo ya ga Jerome ya Diefangele mme le thanolo ya gagwe ya Selatine ya Dipesalema e a neng a e ranola go tswa mo mokwalong wa Segerika wa Septuagint le yone ba ne ba e amogela. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le batshwayadiphoso. Jerome o ne a kwala jaana: “Batho bangwe ba e seng ba sepe ba ne ba mpega molato wa gore ke ile ka nna kgatlhanong le batlhalefi ba bogologolo le dikgopolo tsa lefatshe lotlhe ka go dira maiteko a go baakanya diphoso tse di mo diefangeleng.” Kganetso eo e ne ya gakala fa Mopapa Damasus a sena go swa ka 384 C.E. Jerome o ile a dira tshwetso ya gore a tswe kwa Roma ka go bo a ne a sa utlwane le mopapa yo mosha. Jerome o ne a boela gape kwa botlhaba.
Go Atlega go Nna Mokanoki wa Mohebera
Ka 386 C.E., Jerome o ne a nna kwa Betlelehema, koo a neng a tla nna gone botshelo jotlhe jwa gagwe. O ne a patilwe ke setlhotswana sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, go akaretsa le Paula, mosadi mongwe wa mohumi yo e neng e le motho wa maemo go tswa kwa Roma. Paula le ene o ne a tshela botshelo jwa boitlami ka ntlha ya tlhotlheletso ya ga Jerome. Ka thuso ya gagwe ya tsa madi go ne ga tlhongwa lefelo la baitlami le le neng le okametswe ke Jerome. Fa a le koo o ne a tswelela ka tiro ya gagwe ya bokanoki mme a wetsa tiro e kgolo go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa gagwe.
Go nna kwa Palesetina go ne ga naya Jerome tshono ya go tokafatsa kitso ya gagwe ya Sehebera. O ne a duela barutisi bangwe ba Bajuda gore ba mo thuse go tlhaloganya dikarolo dingwe tse di thata tsa puo eno. Tota le fa a ne a na le morutisi, go ne go se motlhofo. Jerome o ile a bua jaana malebana le morutisi mongwe e bong Baraninas wa Tiberia: “A bo go ile ga ntlhoka matsapa le madi a mantsi jang ne go kgona Baraninas gore a nthute mo lefifing bosigo.” Ke eng fa ba ne ba ithuta bosigo? Ka gonne Baraninas o ne a tshaba tsela e Bajuda ba neng ba tla mo leba ka yone fa a tsalana le “Mokeresete”!
Mo motlheng wa ga Jerome, Bajuda ba ne ba sotla ka Baditšhaba ba ba buang Sehebera ka go bo ba ne ba sa kgone go bitsa mafoko mangwe sentle. Le fa go ntse jalo, Jerome o ne a kgona go bitsa mafoko ano sentle morago ga maiteko a magolo. Gape Jerome o ne a ranolela bontsi jwa mafoko a Sehebera mo Selatineng. Kgato eno e ne ya se ka ya mo thusa fela go gopola mafoko ao mme gape e ne ya mo thusa go boloka tsela ya Sehebera ya go bitsa mafoko ao.
Kgang e Kgolo go Gaisa Tsotlhe ka Jerome
Ga go itsiwe sentle gore Mopapa Damasus o ne a batla gore Jerome a ranole Baebele go le kana kang. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo e e kalo malebana le tsela e Jerome a neng a leba kgang eno ka yone. Jerome o ne a e dira ka pelo yotlhe e bile a ititeile sehuba. Keletso ya gagwe e kgolo e ne e le gore a tlhagise sengwe se se neng se tla “solegela Kereke molemo, se se neng se tla dirisiwa ke dikokomana tse di neng di tla latela.” Ka gone, o ne a dira tshwetso ya gore a dire thanolo e e tlhabolotsweng ya Baebele yotlhe ka Selatine.
Malebana le Dikwalo Tsa Sehebera, Jerome o ne a ikaeletse go dirisa Septuagint. Batho ba le bantsi ba ne ba tsaya thanolo eno ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera e kwa tshimologong e ileng ya ranolwa mo lekgolong la boraro B.C.E., e tlhotlheleditswe ke Modimo ka tlhamalalo. Ka gone, Septuagint e ne ya anamisiwa thata mo Bakereseteng ba nako eo ba ba buang Segerika.
Le fa go ntse jalo, fa Jerome a ntse a tsweletse ka tiro eno ya gagwe, o ne a lemoga gore mekwalo ya Segerika le yone e na le mathata a go se dumalane fela jaaka a o neng a kopana le one ka ya Selatine. Bothata jwa ga Jerome bo ne jwa nna bogolo. Kgabagare o ne a dira tshwetso ya gore a kgaogane le mekwalo ya Segerika go akaretsa le Septuagint e e neng e tlotlwa thata mme a dirise mokwalo wa ntlhantlha wa Sehebera ka tlhamalalo e le gore a tle a tlhagise thanolo e e ikanyegang.
Tshwetso eno e ne ya tsosa dingongorego. Bangwe ba ne ba bolela gore Jerome o sokamisa dikwalo, o tlhapatsa Modimo le gore o tlhokomologa dithuto tsa kereke ka ntlha ya go batla go ratwa ke Bajuda. Tota le Augustine—moithutabodumedi yo mogolo wa kereke ka nako eo—o ne a kopa Jerome gore a boele mo go diriseng mokwalo wa Septuagint, a re: “Fa thanolo ya gago e simolola go balwa thata mo dikerekeng tse dintsi, e tla bo e le phoso e kgolo thata gore fa batho ba bala Dikwalo ba kopane le dipharologano fa gare ga Dikereke tsa Selatine le Dikereke tsa Segerika.”
Ee, Augustine o ne a boifa gore kereke e ka nna ya kgaogana fa dikereke tsa Bophirima di ka dirisa thanolo ya ga Jerome ya Selatine—e e thailweng mo mekwalong ya Sehebera—fa dikereke tsa Segerika tsa kwa Botlhaba tsone di tla bo di sa ntse di dirisa thanolo ya Septuagint.b Mo godimo ga moo, Augustine o ile a bolela gore ga a itumedisiwe ke go bo go tlhokomologwa Septuagint ka go dirisa thanolo e e leng Jerome fela yo o ka e femelang a le nosi.
Jerome o ile a araba balatofatsi bano botlhe jang? Jerome o ne a itlhokomolosa batho bano ba ba neng ba mo tshwaya diphoso. O ile a tswelela pele ka go dirisa mokwalo wa Sehebera ka tlhamalalo mme e ne ya re ka ngwaga wa 405 C.E., a konela Baebele ya gagwe ya Selatine. Dingwaga morago ga foo thanolo eno ya gagwe e ne ya bidiwa Vulgate, e leng leina le le kayang gore ke thanolo e e ratwang thata (lefoko la Selatine vulgatus le bolela “e e tlwaelegileng, e e tumileng”).
Katlego e e Nnetseng Ruri
Tiro ya ga Jerome ya go ranola Dikwalo Tsa Sehebera e ne e se fela go tlhabolola mokwalo o o neng o setse o le teng. E ne ya tlisa phetogo e kgolo mo tseleng ya go ithuta le go ranola Baebele mo dikokomaneng tse di neng tsa latela. Rahisitori e bong Will Durant o ile a re, “Vulgate e sa ntse e le buka ya lekgolo la bonè la dingwaga e e leng ya maemo a a kwa godimo le e e nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa tsotlhe.”
Le mororo Jerome e ne e le motho yo o ratang go sotla ba bangwe ka puo e bile a rata go tsosa dikgang, o ne a dira dipatlisiso tsa Baebele a tla a leba mo mokwalong o o tlhotlheleditsweng wa Sehebera a dira jalo a sa thusiwe ke ope. Ka kelotlhoko o ne a sekaseka le go bapisa mekwalo ya Baebele ya Sehebera le ya Segerika e e sa tlholeng e le gone gompieno. Gape o ne a dira tiro eno ya gagwe pele ga bakwadi ba Masora ba Bajuda ba dira ya bone. Ka gone, Vulgate ke buka e e molemo e e ka dirisiwang go bapisa dithanolo tsa Baebele tse di sa tshwaneng.
Le fa batho ba ba ratang Lefoko la Modimo ba sa utlwane le botho le dipono tsa bodumedi tsa mosimolodi yono wa thanolo ya Baebele yo o neng a tsosa dikgang, ba anaanela tiro e kgolo e a e dirileng ka tlhoafalo. Ee, Jerome o ne a fitlhelela mokgele wa gagwe—o ne a tlhagisa sengwe “se se neng se tla dirisiwa ke dikokomana tse di neng di tla latela.”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ga se borahisitori botlhe ba ba dumalanang ka matlha le tatelano ya ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jerome.
b Go ne ga nna fela jalo, thanolo ya ga Jerome e ne ya nna Baebele ya konokono ya dikereke tsa Sekeresete tsa Bophirima fa dikereke tsa Sekeresete tsa Botlhaba tsone di ile tsa tswelela di dirisa Septuagint go fitlha le gompieno.
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Sefikantswe sa ga Jerome kwa Betlelehema
[Motswedi wa Setshwantsho]
Garo Nalbandian
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Top left, Hebrew manuscript: Courtesy of the Shrine of the Book, Israel Museum, Jerusalem; Bottom left, Syriac manuscript: Reproduced by kind permission of The Trustees of the Chester Beatty Library, Dublin; Top center, Greek manuscript: Courtesy of Israel Antiquities Authority