LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 1/15 ts. 3-4
  • Go Utlwana mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Utlwana mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa la ga Jehofa Le na Le Kutlwano e e Tlhokegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Kutlwano e Tlhaola Kobamelo ya Boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Bakeresete ba ka Nna le Kutlwano ya Boammaaruri Jang?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Go Utlwana mo Kobamelong mo Motlheng wa Rona—Go Kaya Eng?
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 1/15 ts. 3-4

Go Utlwana mo Tseleng e e Molemolemo ya Botshelo

Fa baagi ba lefatshe ba tswelela ba oketsega, go tla tloga go nna le batho ba le dimilione di le dikete tse thataro mo lefatsheng. Le fa batho botlhe ba tswa mo mogologolwaneng a le mongwe, go bonala fa ba le bantsi ba sa dumele gore ke karolo ya lelapa la lefatshe lotlhe le le ikarabelang mo Mmoping yo o botlhale le yo o lorato. Go sa utlwane le dikgogakgogano fa gare ga ditšhaba, merafe le ditso ke bosupi jo bo utlwisang botlhoko jwa boemo jono jo bo hutsafatsang.

KA NTLHA ya maemo a a leng teng gone jaanong mo lefatsheng, go bonala fa kutlwano ya lefatshe lotlhe e le mokgele o o se kitlang o fitlhelelwa. The Columbia History of the World e bolela jaana: “Malebana le potso e e botlhokwa thata ya gore re ka tshela mmogo jang, lefatshe leno la gone jaanong ga le na le fa e le kakantsho e le nngwe fela e ntšha e le ka e neelang.”

Le fa go ntse jalo, gore go nne le kutlwano mo gare ga batho botlhe ba lefatshe ga go tlhokege gore go nne le kakantsho epe e ntšha. Selo se se ka dirang gore go nne le kutlwano se tlhalositswe mo Dikwalong Tse di Boitshepo. E theilwe mo kobamelong ya Ene yo o bopileng lefatshe le botshelo jo bo mo go lone. Kutlwano ya mmatota ya mogopolo, maikaelelo le tsela ya go tshela e setse e le teng mo bathong ba Modimo. Dimilione tsa bone tse tlhano le sephatlo mo dinageng di le 233, di a utlwana mo tumelong ya bone ya gore tsela ya Modimo ya botshelo e molemo go gaisa tsotlhe. Jaaka mopesalema ba rapela jaana: “Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.”—Pesalema 86:11.

Kutlwano eno ya batho mo kobamelong e e itshekileng e ile ya bolelelwa pele bogologolo ke moporofeti Isaia. O ne a kwala jaana: “Go tlaa dirala mo metlheng e e tlaa tlang kwa pelepele go re thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhongwa mo setlhoeng sa dithaba, e tlaa golediwa godimo ga makhujana, mme merafe yotlhe e tlaa fologela kwa go yone. Ditšhaba di le dintsi di tlaa ya di re: ‘Ntlong, a re tlhatlogeleng kwa thabeng ya ga Jehofa, kwa ntlong ya Modimo wa ga Jakobe; mme o tlaa re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa sepela mo ditselaneng tsa gagwe.’”—Isaia 2:2, 3.

Kutlwano ya Basupi ba ga Jehofa e tlhomologile. Mo diphuthegong tse di fetang 87 000 mo lefatsheng lotlhe, ba ja dijo tsa semoya tse di tshwanang kwa dipokanong tsa bone beke nngwe le nngwe. (Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, go tloga mo bogareng jwa 1998 go fitlha mo tshimologong ya 1999, Basupi ba ile ba supa kutlwano ya bone ka tsela e nngwe—ka go nna gone kwa Dikopanong tse dikgolo tsa malatsi a le mararo tsa “Tsela ya Modimo ya Botshelo” mo lefatsheng lotlhe. Mo dinageng di le 13, dikokoano tseno di ne di akaretsa batlakopanong go tswa kwa dinageng tse di farologaneng mme di ne di bidiwa dikopano tsa ditšhabatšhaba. Tse dingwe di ne di bidiwa dikopano tsa kgaolo. Mme le fa go ntse jalo, kwa dikopanong tseno tsotlhe go ne go neelwa thulaganyo e e tshwanang ya dilo tse dintle tsa semoya.

A bo go ne go itumedisa jang ne go bona batlakopanong ba ba itumetseng ba ba apereng sentle ba ologela mo diholong le mo ditediamong go tla go rutiwa ke Jehofa! Mafoko a motlakopanong mongwe a ne a tshwanela sentle malebana le kopano e e neng e tshwaretswe kwa Michigan, U.S.A. O ne a re: “Go ne go itumedisa thata go bona bakaulengwe ba rona go tswa mo lefatsheng lotlhe—Repaboliki ya Czech, Barbados, Nigeria, Hungary, Engelane, Holland, Ethiopia, Kenya le dinaga tse dingwe tse dintsi—ba tlamparelana! Go ne go itumedisa go bona bakaulengwe ba ntse mmogo ka kutlwano, ba lela ka ntlha ya boipelo le ka ntlha ya tsela e ba ratanang ka yone le kafa ba ratang Modimo wa bone yo mogolo e bong Jehofa ka teng.” Setlhogo se se latelang se tla sekaseka thulaganyo ya kopano e e ileng ya reediwa ke dimilione tsa batho go ralala lefatshe.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela