Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
E re ka mekgwa ya go dirwa moopa jaanong go twe e ka kgona go dirololwa fa motho a kopa jalo, a Mokeresete a ka e leba e le tsela e nngwe ya go thibela pelegi?
Go dirwa moopa e setse e le mokgwa o o dirisiwang thata wa go thibela pelegi. Mo bathong ba le bantsi, gore a ba tla go amogela go ikaegile ka mofuta wa batho o ba tswang mo go one le thutego e ba nang le yone, mmogo le tsela e bodumedi jwa bone bo go lebang ka yone. Kgang ya tumelo ya bodumedi e ama Basupi ba ga Jehofa, ba ba nang le keletso e e tshwanang le ya mopesalema: “Nthuta motlhala wa gago, Jehofa, o ntsamaise mo tseleng [ya tshiamo, NW].” (Pesalema 27:11) Go dirwa eng fa motho a dirwa moopa?
Go dirwa moopa ga banna e le go thibela pelegi go bidiwa vasectomy. Go kgaolwa metha, kgotsa ditšhupu, tse pedi tse di nnye tsa peo, tse di mo setlobong, di bo di kabiwa. Seno se ka dirwa ka ditsela tse di farologaneng tsa kalafi, mme boikaelelo ke go dira gore go se ka ga kgonega gore peo e fete go tswa kwa dikgelesweng tse di tlhagisang peo. Go dirwa moopa ga basadi go bidiwa tubal ligation. Gantsi go dirwa ka go sega le go bofa (kgotsa go babola) ditšhupu tsa Fallopian gore di tswalege, tse e leng tsone di tsamaisang mae go tswa kwa kgelesweng e e dirang mae go ya kwa popelong.
Batho ga ba bolo go dumela gore dikgato tseno di nnela ruri—gore di dira motho moopa ka tsela e e ka se kang ya dirololwa. Mme batho bangwe, ka gonne ba ikwatlhaela kgato e ba e tsereng kgotsa ka ntlha ya maemo a masha a a tlhagileng, ba ile ba batla thuso ya bongaka gore ba dirolole vasectomy kgotsa tubal ligation. Ka ntlha ya go tlhamiwa ga didirisiwa tse di kgethegileng le dikaro tse di dirwang go dirisiwa maekerosekoupo, maiteko a go dirolola seno a ntse a atlega go feta pele. Go tlwaelegile go bala gore mo bathong ba go akantsweng gore ba ka atlega go ka nna le kgonagalo ya diperesente tse di fa gare ga 50 le 70 tsa gore vasectomy e ka dirololwa ka katlego ka go kopanya gape dintlhana tsa ditšhupu tse ditshesane tse di kgaotsweng. Go bolelwa fa mo basading diperesente tsa go tloga ka 60 go ya go 80 di ka atlega mo go dirololeng tubal ligation. Bangwe ba ba utlwileng seno ba ile ba akanya gore go dirwa moopa ga go tlhole go tlhoka gore go lejwe jaaka sengwe se se nnelang ruri. Ba ka nna ba dumela gore vasectomy le tubal ligation di ka lejwa e le tse di mo seemong se se tshwanang le sa dithibelapelegi tse di nowang, dikhontomo, le ditaeforamo—mekgwa e e ka tlogelwang fa motho a batla go ithwala. Le fa go ntse jalo, dintlha dingwe tse di masisi ga di a tshwanela go tlhokomologiwa.
E nngwe ke gore go dirolola go ka nna ga nna thata ka ntlha ya mabaka a a jaaka selekanyo se ditšhupu di senyegileng ka sone fa motho a ne a dirwa moopa, selekanyo sa tšhupu se se tlositsweng kgotsa se se gobaditsweng, palo ya dingwaga tse di fetileng fa e sa le motho a ne a dirwa moopa, mme fa e le ka vasectomy, gore a jaanong go tlhagile disele tse di lwantshang peo ya monna. Mme se se sa tshwanelang go tlhokomologiwa ke gore mafelo a go direlwang dikaro tse di dirwang go dirisiwa maekerosekoupo mo go one a ka nna a bo a seyo mo mafelong a le mantsi, kgotsa go ka nna ga bo go batla madi a mantsi thata. Ka gone, batho ba le bantsi ba ba ka tswang ba eletsa thata go dirolola boopa jo ba bo dirilweng ba ka nna ba se ka ba kgona go dira jalo. Bone ba opafaletse ruri.a Ka jalo dipalo tse di umakilweng fa godimo tsa batho ba ba ka dirololwang tota ke puo fela, ga se dipalo tse motho a ka di ikanyang.
Dilo dingwe tse di diragetseng di bontsha se tota se leng boammaaruri. Setlhogo sengwe se se gatisitsweng kwa United States kaga go dirolola vasectomy se ne sa akgela gore morago ga karo eo e e jang didolara di le 12 000 (R74 300) “ke diperesente tse 63 fela tsa balwetse tse di ka kgonang go ithwadisa balekane ba bone.” Mo godimo ga moo, ke “diperesente di le thataro fela tsa banna ba ba itirang baopa ba e reng morago ba bo ba batla go go dirolola.” Mo patlisisong nngwe kwa Jeremane kaga Yuropa bogare, diperesente di le 3 tsa banna ba ba neng ba tlhopha go dirwa baopa morago ba ne ba batla go dirololwa. Le fa sephatlo sa batho bano ba ba dirang maiteko ano se ne se ka atlega, go ne go tla raya gore diperesente di le 98,5 di tla nnela baopa ruri. Mme palo eno e ne e tla nna kwa godimo thata mo mafatsheng a a nang le dingaka di se kae fela tse di dirang dikaro tse di dirwang go dirisiwa maekerosekoupo kgotsa a a se nang tsone gotlhelele.
Ka ntlha ya seo, ga go utlwale go tsaya go dirwa moopa ga banna kgotsa ga basadi motlhofo, jaaka e kete ke thibelapelegi ya nakwana. Mme mo Mokereseteng yo o ikanyegang, go na le dilo tse dingwe tse di tshwanetseng tsa akanyediwa.
Ntlha ya botlhokwa ke gore dithata tsa go tshola ke mpho e e tswang kwa Mmoping wa rona. Boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong bo ne bo akaretsa gore batho ba ba itekanetseng ba tshole mme “ba tlale ka lefatshe, [ba] le fenye.” (Genesise 1:28) Fa Morwalela o sena go fokotsa batho ba lefatshe gore ba sale ba le robedi, Modimo o ne a boeletsa ditaelo tseo tsa motheo. (Genesise 9:1) Modimo ga a ka a boeletsa taelo eo mo setšhabeng sa Iseraele, mme Baiseraele ba ne ba leba go nna le bana e le selo se se eletsegang thata.—1 Samuele 1:1-11; Pesalema 128:3.
Molao wa Modimo mo Iseraele o ne o na le dilo tse di supang gore o rata gore batho ba tshole bana. Ka sekai, fa monna yo o nyetseng a ne a swa pele a nna le morwa yo o neng a tla tsweledisa losika lwa gagwe pele, morwarraagwe o ne a tshwanetse go nna le morwa ka go nyala mosadi wa gagwe seyantlo. (Duteronome 25:5) Molao o o maleba thata e ne e le wa fa mosadi a leka go thusa monna wa gagwe fa a lwa. Fa a ne a ka gamutla dirwe tsa sera sa monna wa gagwe tsa sephiri, seatla sa gagwe se ne se tshwanetse sa kgaolwa; mme se se kgatlhang ke gore Modimo o ne a sa re go dirisiwe molao wa gore leitlho le tswele leitlho mo go ene kgotsa mo dirweng tsa monna wa gagwe tsa tsalo. (Duteronome 25:11, 12) Go phepafetse gore molao ono o ne o tla dira gore batho ba tlotle dirwe tsa tsalo; di ne di sa tshwanela go senngwa fela go sa tlhokege.b
Re a itse gore Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa Iseraele, ka jalo taelo e e mo go Duteronome 25:11, 12 ga e ba tlame. Jesu ga a ka a laela le fa e le gone go kaya gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba nyala mme ba nne le bana ba bantsi ka fa go kgonegang ka gone, e leng se banyalani ba le bantsi ba neng ba se akanyetsa fa ba dira tshwetso ya gore a ba dirise mokgwa mongwe wa go thibela pelegi. (Mathaio 19:10-12) Gone moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa ‘batlholagadi ba babotlana gore ba nyalwe mme ba tshole bana.’ (1 Timotheo 5:11-14) Ga a ka a umaka go opafalediwa ruri ga Bakeresete—ba senya ka boomo bokgoni jwa bone jwa go tshola bana.
Bakeresete ba dira sentle fa ba akanyetsa mabaka ano a a utlwalang a gore Modimo o tsaya bokgoni jwa bone jwa go tshola bo le botlhokwa. Banyalani bangwe le bangwe ba tshwanetse ba dira tshwetso ya gore a ba tla dirisa mekgwa mengwe e e tshwanetseng ya thibelapelegi le gore ba tla e dirisa leng. Ke boammaaruri gore, tshwetso ya bone e ne e tla bo e utlwala tota fa go bolelwa ka tlhomamo ke ba kalafi gore mmè kgotsa ngwana, o mo kotsing e kgolo ya tsa kalafi, kana gone gore ba ka swa, fa mmè a ka ima. Batho bangwe ba ba neng ba le mo seemong seo ka go okaoka ba ne ba ineela go opafadiwa jaaka go tlhalositswe pelenyana e le go tlhomamisa gore mosadi ga a ime (gongwe a setse a na le bana ba bangwe) mme botshelo jwa gagwe jwa tsena mo kotsing kgotsa jwa ngwana yo o ka tsholwang moragonyana mme a na le bothata jwa botsogo jo bo ka mmolayang.
Mme Bakeresete ba ba sa lebanang le kotsi eo e e sa tlwaelegang le e e tlhomologileng ruri ba tla batla go dirisa ‘go itekanela sentle mo mogopolong’ mme ba bope tsela e ba akanyang ka yone le ditiro tsa bone go dumalana le tsela e Modimo a tsayang bokgoni jwa go tshola bo le botlhokwa ka yone. (1 Timotheo 3:2; Tito 1:8; 2:2, 5-8) Seo se tla supa gore ba tsaya tsia se Dikwalo di se buang. Le fa go ntse jalo, go tweng fa go ne go ka itsege phatlalatsa gore Mokeresete ka go sa akanye o tlhokomologile dikaelo tsa Modimo? A ba bangwe ba ne ba ka se nne le dipelaelo tsa gore ga a tlhome sekao se se molemo, a itsege ka go se dire ditshwetso go dumalana le Baebele? Ke boammaaruri gore selabe seno mo leineng le lentle la modiredi, se ka ama go tshwanelegela ga gagwe go nna le ditshiamelo tse di kgethegileng tsa tirelo, le fa gone go ka se ka ga nna jalo fa motho a dirilwe seno ka go tlhoka kitso.—1 Timotheo 3:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “Maiteko a tsa kalafi a go momaganya [mosele wa peo] gape, a atlega ka diperesente di le 40, mme go na le bosupi bongwe jwa gore go ka atlegwa thata fa go ka dirisiwa mekgwa e e tokafaditsweng ya dikaro tse di dirwang go dirisiwa maekerosekoupo. Le fa go ntse jalo, go dirwa moopa ka vasectomy go tshwanetse ga tsewa e le ga sennelaruri.” (Encyclopædia Britannica) “Go dirwa moopa go tshwanetse ga tsewa e le ga sennelaruri. Go sa kgathalesege gore molwetse a ka tswa a utlwile eng kaga go dirololwa, go lomaganya metha e e kileng ya kgaolwa go a tura, mme go ka se ka ga tlhomamisiwa gore go ka atlega. Basadi ba ba dirololang tubal ligation, ba mo kotsing e kgolo ya gore ba ka ithwala mme ngwana a bo a sa nne mo popelong.”—Contemporary OB/GYN, June 1998.
b Molao o mongwe o go ka lebegang o le maleba o ne o re monna ope yo o gobaditsweng dirwe tsa gagwe tsa tsalo ga a tshwanela go tla mo phuthegong ya Modimo. (Duteronome 23:1) Le fa go ntse jalo, Insight on the Scriptures e bontsha gore go bonala fa seno se ne se “kaya go ikopafatsa ga ka boomo ka maikaelelo a go nna le maitsholo a a sa siamang, a a jaaka bosodoma.” Ka gone, molao oo o ne o sa akaretse go segwa metha ya tsalo kgotsa sengwe se se tshwanang le thibelapelegi. Gape Insight ya re: “Jehofa o ne a gomotsa ka go bolelela pele nako e ka yone a neng a tla amogela baopafadiwa go nna batlhanka ba gagwe, mme fa ba mo ikobela, ba ne ba tla nna le leina le le botoka go feta barwa le barwadi. Fa Molao o ne o fedisiwa ke Jesu Keresete, batho botlhe ba ba bontshang tumelo, go sa kgathalesege gore ba ne ba na le maemo kgotsa boemo bofe pele, ba ne ba ka nna barwa ba Modimo ba semoya. Go tlhaola batho ka tsela ya senama go ne ga fedisiwa.—Isa 56:4, 5; Joh 1:12.”