LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 11/15 ts. 3
  • A Tota Diabolo o Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tota Diabolo o Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diabolo ke Mang Kgotsa ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Tota ke Mang yo o Busang Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • “Ganetsang Diabolo” Jaaka Jesu A ne A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 11/15 ts. 3

A Tota Diabolo o Teng?

O AKANYANG ka Diabolo? A o mo tsaya e le motho wa mmatota yo o raelang batho go dira dilo tse di bosula, kana o tshwantshetsa fela dilo tse di boikepo? A Diabolo ke motho yo o tshwanetseng go boifiwa, kana go tsewa e le kgopolo fela ya tumelobotlhodi kana e le motho fela wa tlhamane? A lefoko “diabolo” le kaya maatla mangwe mo lobopong a a senyang a a ka se bonweng ka matlho? A lefoko leo le ka tswa le tlhalosa fela mekgwa e e bosula e batho ba nang le yone, jaaka baithutabodumedi ba bantsi ba metlha ya gompieno ba bua?

Ga go gakgamatse go bo batho ba na le maikutlo a a sa tshwaneng fa go tliwa mo kgannyeng ya gore Diabolo ke mang. Akanya kafa go ka nnang thata ka teng go itse se tota motho a leng sone fa motho yoo e le mankge fa go tliwa mo kgannyeng ya go itira se a seng sone! Go nna thata le go feta fa motho yoo a ikemiseditse go tswelela a fitlha se tota a leng sone. Baebele e tlhalosa Diabolo jalo. E mmitsa Satane, mme e bolela jaana ka ene: “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Le fa Diabolo a le bosula o itira e kete o siame gore a tle a tsietse batho. Mme fa a kgona go dira gore batho ba se ka ba dumela gore tota o teng, seo se mo thusa go diragatsa maikaelelo a gagwe.

Totatota, Diabolo ke mang? O nnile teng leng le gone jang? O tlhotlheletsa batho jang gompieno? A go na le sengwe se re ka se dirang go emelana le tlhotlheletso ya gagwe? Baebele e na le hisitori e e nepileng ka ga Diabolo go tloga kwa tshimologong ya gagwe mme e na le dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tseno.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Go ka nna thata le go feta go itse motho yo o ikemiseditseng go fitlha se tota a leng sone!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela