LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 11/15 ts. 8-9
  • Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo go Setseng ga Bone go Tlosa go Tlhaelelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • ‘Tiro e Kgolo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 11/15 ts. 8-9

Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang

MOGOLWANE mongwe wa kwa nageng e e tlhabologang e bong François, o ne a re: “Go ne ga tsoga dikhuduego morago ga ditlhopho e re ka bangwe ba ne ba sa di kgotsofalela, mme seno sa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba tlogele magae a bone ba tshabe. Dijo le melemo di ne di tlhaela, mme tse di neng di le gone di ne di tura thata. Dibanka di ne tsa tswalwa le metšhini e e ntshang madi e ne e se na madi kgotsa e sa bereke.”

Bakaulengwe kwa ofising ya lekala ba ne ba simolola go isetsa Basupi ba ba se nang magae ba ba neng ba tshabetse mo Diholong tsa Bogosi, madi le dilwana tsa thuso ya potlako. Makoko a a lwantshanang a ne a thiba ditsela, le fa go ntse jalo, e re ka makoko ao oomabedi a ne a itse gore Basupi ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking, gantsi ba ne ba letla dikoloi tsa ofisi ya lekala gore di fete.

François a re: “Fa re ne re le mo tseleng e e yang kwa Holong ya Bogosi, batho ba ba neng ba iphitlhile ba ne ba thuntsha koloi ya rona. Le fa go ntse jalo, marumo a tlhobolo a ne a feta fa gare ga rona. Fa re bona lesole lengwe le tabogela kwa go rona le tshotse tlhobolo, re ne ra busetsa koloi kwa morago ka bonako, ra e retolosa mme ra boela kwa lekaleng. Re ne ra leboga Jehofa go bo re tshela. Mo letsatsing le le latelang, bakaulengwe ba le 130 ba ba neng ba le mo Holong eo ya Bogosi, ba ne ba goroga kwa lefelong le le sireletsegileng. Bangwe ba bone ba ne ba tla kwa ofising ya lekala, kwa re neng ra ba tlamela gone ka dilo tse ba neng ba di tlhoka le ka dilo tsa semoya go fitlha dikhuduego di fela.”

François a re: “Moragonyana ofisi ya lekala e ne ya amogela makwalo a mantsi a a tswang kwa bakaulengweng go ralala naga, ba bontsha gore ba leboga tota. Go lemoga kafa bakaulengwe ba bone ba kwa mafelong a mangwe ba neng ba ba thusa ka gone, go ne ga dira gore ba tshepe Jehofa le go feta.”

Ka dinako tsa masetlapelo a tlholego le a a bakilweng ke batho, re thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba tlhokang, go na le gore re ba reye re re ba ‘nne ba thuthafetse e bile ba fepiwa sentle.’ (Jak. 2:15, 16) Go ne go ntse fela jalo le mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa barutwa ba sena go utlwa tlhagiso ya gore go tla nna le leuba, “ba ne ba swetsa, kafa mongwe le mongwe wa bone a neng a ka kgona ka gone, go romela thuso ya go namola kwa bakaulengweng ba ba nnang mo Judea.”—Dit. 11:28-30.

E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re iketleeleditse go thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang. Le fa go ntse jalo, gape batho ba tlhoka dilo tsa semoya. (Math. 5:3) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa, gore ba thuse batho go lemoga gore ba tlhoka dilo tsa semoya, mme ba ba neye tsone. (Math. 28:19, 20) Mongwe le mongwe wa rona o dirisa nako ya gagwe, maatla le dilo tse a nang le tsone gore a diragatse taelo eo. Phuthego ya Modimo e dirisa meneelo e mengwe go thusa batho ka se ba se tlhokang, le fa go ntse jalo, meneelo e dirisiwa segolobogolo mo dilong tse di direlwang Bogosi le go anamisa dikgang tse di molemo. Ka go dira jalo, re bontsha gore re rata Modimo le baagelani.—Math. 22:37-39.

Batho ba ba emang nokeng tiro eno ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, ba ka tlhomamisega gore meneelo ya bone e dirisiwa sentle le ka tsela e e molemo. A o ka kgona go thusa bakaulengwe ba gago ba ba tlhokang? A o eletsa go ema nokeng tiro ya go dira barutwa? Fa go ntse jalo, “o se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”—Dia. 3:27.

KAFA BANGWE BA TLHOPHANG GO NTSHA MONEELO WA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE KA GONE

Jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo, batho ba le bantsi gompieno ba ‘beela sengwe kwa thoko’ kgotsa ba ipeela madi a a rileng gore ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a kwadilweng, “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.” (1 Bakor. 16:2) Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ao kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Gape o ka kgona go romela meneelo ka tlhamalalo kwa mokgatlhong wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona. Gore o itse leina la mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e mo nageng ya lona. Aterese ya ofisi ya lekala e ka fitlhelwa mo atereseng ya Internet ya www.jw.org. O ka kgona go aba ka tlhamalalo o dirisa mekgwa e e latelang:

  • MENEELO E E NTSHIWANG KA TLHAMALALO

    • Meneelo ya madi, dibenyane kgotsa dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo.

    • Romela le lekwalo le le bontshang gore madi ao kgotsa dilwana tseo ke meneelo.

  • GO ABA MO GO RULAGANTSWENG

    Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi kgotsa dithoto tse di tlhwatlhwakgolo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. Fa tlase fano go na le lenaane la mekgwa eo. Go sa kgathalesege gore o ka rata go dirisa mokgwa kgotsa mekgwa efe, tsweetswee ikgolaganye pele le ofisi ya lekala e e mo nageng ya lona go bona gore ke mekgwa efe e e leng teng mo nageng ya lona. E re ka melao ya dinaga e e amanang le lekgetho e sa tshwane, go botlhokwa go ikgolaganya le bagakolodi ba lekgetho le ba semolao pele ga o tlhopha mokgwa o o siameng wa go aba.

    Inshorense: Moneelo o ka kwadisiwa ka mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa gore o amogele madi a inshorense morago ga loso lwa gago kgotsa a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

    Diakhaonto Tsa Banka: Diakhaonto tsa banka, diakhaonto tsa go beeletsa madi (certificate of deposit) kgotsa diakhaonto tsa phenshene di ka dirwa gore fa o tlhokafala, madi a tsone a abelwe mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa go dumalana le melao ya banka e o e dirisang.

    Ditoko le Dibonto (Stocks and Bonds): Ditoko le dibonto di ka abelwa mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e le dimpho tse o sa di beelang melelwane kgotsa gore e nne one o newang madi a gago fa o sena go tlhokafala.

    Ditsha le Dikago: Fa e le gore o eletsa go ntsha moneelo wa setsha kgotsa kago, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala pele. Ofisi ya lekala e tla sekaseka gore a setsha seo kgotsa kago eo e ka dirisiwa kgotsa gore a go tla nna molemo gore o di rekise o bo o ntsha madi a tsone e le moneelo wa tiro ya lefatshe lotlhe.

    Diwili le Di-Trust: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa ka wili e e kwadilweng semolao, kgotsa mokgatlho oo o ka kwadisiwa gore e nne one o abelwang madi a tumalano ya trust. Thulaganyo eno e ka nna ya dira gore mokgatlho o o abelwang madi le motho yo o a abang a se ka a duedisiwa lekgetho. Mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona o ka kwalwa gore e nne one o abelwang madi a wili kgotsa trust. Ga o a tshwanela go kwala gore mokgatlho oo ke one o o tla rulaganyang le go laola go abiwa ga dithoto tsa gago fa o swa.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, o ka ikgolaganya le Accounting Office ka mogala kgotsa o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya gaeno.

ACCOUNTING OFFICE

Bona aterese ya ofisi ya lekala mo go www.jw.org/tn.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela