LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w17 November ts. 18-19
  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tiro e Kgolo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Mo go Setseng ga Bone go Tlosa go Tlhaelelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
w17 November ts. 18-19
Hana o isa Samuele yo mmotlana kwa motlaaganeng

‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’

GO NTSHA ditlhabelo ga e bolo go nna karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo mme Bakeresete ga ba bolo go nna ba ntshetsa Modimo ‘setlhabelo sa pako.’ Le fa go ntse jalo, go na le ditlhabelo tse dingwe tse di itumedisang Modimo thata. (Baheb. 13:15, 16) Ditlhabelo tseno di dira gore re itumele le gore Modimo a re segofatse. Mma re bone dikai di le mmalwa.

Motlhanka yo o ikanyegang wa bogologolo e bong Hana, o ne a eletsa go nna le ngwana wa mosimane, le fa go ntse jalo, e ne e le moopa. O ne a rapela Jehofa mme a ikana gore fa a ka tshola ngwana wa mosimane, o ne a tla “mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” (1 Sam. 1:10, 11) Hana o ne a ima mme a tshola ngwana wa mosimane e bong Samuele. Fa Samuele a sena go kgwisiwa, Hana o ne a mo isa kwa motlaaganeng fela jaaka a ne a solofeditse Jehofa. Jehofa o ile a segofatsa Hana ka gonne a ile a intsha setlhabelo. O ne a segofadiwa ka bana ba bangwe ba batlhano mme Samuele o ne a nna moporofeti le mokwadi wa Baebele.—1 Sam. 2:21.

Fela jaaka Hana le Samuele, gompieno Bakeresete ba na le tshiamelo ya go dirisa matshelo a bone ba direla Mmopi wa bone. Jesu o ne a re Jehofa o tla re segofatsa fela thata fa re itima dilo dingwe gore re kgone go mo obamela.—Mar. 10:28-30.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Mokeresete mongwe e bong Dorekase o ne a itsege ka ‘ditiro tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko’ e leng matsapa a a neng a a tsaya go thusa batho ba bangwe. Ka maswabi, o ne ‘a bobola a bo a swa,’ mme loso lwa gagwe lo ne lwa utlwisa Bakeresetemmogo le ene botlhoko. Fa barutwa ba sena go utlwa gore Petere o ne a le mo motseng, ba ne ba mo kopa gore a ye kwa go bone. Akanya fela gore ba ne ba itumetse jang fa Petere a ne a tsosa Dorekase mo baswing! E ne e le ene moaposetoloi wa ntlha go tsosa motho mo baswing yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. (Dit. 9:36-41) Modimo ga a ka a lebala ditiro tse di molemo tsa ga Dorekase. (Baheb. 6:10) Pego ya gagwe ya go nna pelotshweu e kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore re etse sekao sa gagwe se se molemo.

Moaposetoloi Paulo le ene o re tlhometse sekao se se molemo. O ne a dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe. Fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha o ne a re: “Mme nna ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke [bo] ke dirisediwa meya ya lona ka botlalo.” (2 Bakor. 12:15) Paulo o ile a iponela gore go intsha setlhabelo ka go thusa ba bangwe go dira gore a kgotsofale mme sa botlhokwa le go feta, go dira gore Jehofa a mo segofatse le go mo amogela.—Dit. 20:24, 35.

Ga go pelaelo gore Jehofa o a itumela fa re tsaya matsapa go dira ditiro tsa Bogosi le go thusa badumedimmogo le rona. Le fa go ntse jalo, a go na le ditsela tse dingwe tse re ka emang nokeng tiro ya go rera? Ee! Gape re ka ema nokeng tiro ya go rera ka go ntsha meneelo. Meneelo eno e dirisiwa go tsweletsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, mme seo se akaretsa go tlhokomela barongwa le bakaulengwe ba bangwe ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Mo godimo ga moo, meneelo eno e dirisiwa mo tirong ya go ranola le go dira dikgatiso le dibidio, mo tirong ya namolo le mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Re ka tlhomamisega gore ‘yo o pelotshweu o tla segofadiwa.’ Mo godimo ga moo, fa re naya Jehofa dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo, re a mo tlotla.—Dia. 3:9; 22:9.

Kafa Bangwe Ba Tlhophang Go Ntsha Moneelo Wa Tiro Ya Lefatshe Lotlhe Ka Gone

Fela jaaka mo motlheng wa ga Paulo, gompieno batho ba le bantsi ba ‘beela sengwe kwa thoko’ e leng madi a ba a tsenyang mo lebokosong la moneelo la phuthego ya bone le le kwadilweng “Moneelo wa Tiro ya Lefatshe Lotlhe.” (1 Bakor. 16:2) Kgwedi le kgwedi diphuthego di romela meneelo eno kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya bone. Gape o ka romela meneelo kwa mokgatlhong wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng e o nnang mo go yone. Go itse leina la mokgatlho oo, tsweetswee ya kwa www.jw.org/tn mme o ikgolaganye le ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng e o nnang mo go yone. O ka romela meneelo eno e e latelang:

MENEELO

  • Meneelo e e ntshiwang ka electronic bank transfer, debit card kgotsa credit card. Mo dinageng tse dingwe o ka dirisa jw.org kgotsa website e nngwe e e tshwanelang.

  • Meneelo ya madi, dibenyane kgotsa dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Romela lekwalo le le tlhalosang gore madi ao kgotsa dilwana tseo o di ntsha e le moneelo.

MENEELO E MENGWE

  • Meneelo ya madi e o ka e busediwang fa o e tlhoka.

  • Romela lekwalo le le tlhalosang gore go na le maemo a a ka dirang gore o busediwe moneelo o o o ntshitseng.

DITSELA TSE DINGWE TSA GO NTSHA MONEELO

Kwantle ga go ntsha moneelo wa madi le dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo, go na le ditsela tse dingwe tse re ka di dirisang go tshegetsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Di tlhalosiwa fa tlase fano. Pele o ntsha moneelo, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e okametseng naga ya lona go itse gore o ka ntsha moneelo ka ditsela dife gape. E re ka melao ya dinaga le melao ya makgetho e sa tshwane, botsa mongwe yo o itseng ka melao eo pele o ntsha moneelo.

Inshorense le Penshene: Fa o na le inshorense kgotsa penshene, o ka e ntsha e le moneelo ka go kwadisa mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa gore e nne one o newang madi ao.

Diakhaonto Tsa Banka: O ka bula akhaonto ya banka, go ikaegile ka melao ya banka e e mo lefelong la lona gore fa o sena go tlhokafala, madi ao a newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Di-Stock le Di-Bond: O ka kwala gore fa o sena go tlhokafala, di newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Ditsha le Dikago: Fa o na le setsha kgotsa kago e e ka rekisiwang, o ka di abela mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Mme fa o nna mo setsheng kgotsa mo kagong eo, o ka rulaganya go tswelela o nna mo go yone go fitlha o tlhokafala.

Diwili le Di-Trust: O ka rulaganya gore fa o sena go tlhokafala, dithoto kgotsa madi a gago a ntshiwe e le moneelo. O ka dira jalo ka go kwala wili ya semolao kgotsa wa dira tumalano ya trust gore mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e nne one o amogelang madi kgotsa dithoto tseo. Thulaganyo eno e ka dira gore go se ka ga gogwa lekgetho le le kalo.

O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka ntshang moneelo ka gone go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo boroutšhareng jwa Charitable Planning to Benefit Kingdom Service Worldwide, e e gone ka Seesemane le Se-Spain. Boroutšhara jono bo tlhalosa mekgwa e o ka ntshang moneelo ka yone. Tshedimosetso e e mo boroutšhareng jono e ka nna ya se ka ya tsamaisana le maemo a gago ka gonne dinaga di na le melao e e farologaneng ya lekgetho. Batho ba ba tshegetsang tiro ya lefatshe lotlhe ka ditsela tseno, ga ba a ka ba gogelwa lekgetho le le kalo. Fa boroutšhara jono bo le teng mo nageng ya lona, o ka kopa khopi ya jone mo mokwaleding wa phuthego ya lona.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, tobetsa linki ya “Ntsha Moneelo go Tshegetsa Tiro ya Rona ya Lefatshe Lotlhe” e e kwa tlase mo jw.org, kgotsa ikgolaganye le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela