LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w14 12/15 ts. 4-5
  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Tiro e Kgolo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Mo go Setseng ga Bone go Tlosa go Tlhaelelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
w14 12/15 ts. 4-5
Mongwe o ntsha moneelo

Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata

MMOPI wa rona o neile batho tlotla ka go ba naya mpho e e tlhwatlhwakgolo ya go itlhophela. Mo godimo ga moo, o segofatsa batho ba ba dirisang kgololesego ya bone ka go rata go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri mmogo le ba ba itshepisang leina la gagwe le le boitshepo e bile ba ema nokeng maikaelelo a gagwe a magolo. Jehofa ga a batle gore re mo obamele fela ka gonne re ikutlwa re patelesega go dira jalo e bile re tshoga gore a ka re dira sengwe fa re sa mo ikobele. Go na le moo, o tseela kwa godimo thata batho ba ba ineelang ka go rata ba tlhotlhelediwa ke lorato lwa mmatota le kanaanelo e e tswang pelong.

Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng kwa Sinai, Jehofa o ne a ba laela gore ba age lefelo la kobamelo. O ne a re: “Tseelang Jehofa moneelo o o tswang mo go lona. A mongwe le mongwe wa pelo e e ratang a o tlise jaaka moneelo wa ga Jehofa.” (Ekes. 35:5) Moiseraele mongwe le mongwe o ne a ka ntsha sengwe le sengwe fela se a se kgonang mme moneelo mongwe le mongwe o o ntshiwang ka go rata—go sa kgathalesege gore ke eng kgotsa gore ke bokae—o ne o ka dirisiwa ka tsela e e tshwanetseng go diragatsa boikaelelo jwa Modimo. Batho ba ile ba tsiboga jang?

“Mongwe le mongwe yo pelo ya gagwe e neng e mo tlhotlheletsa” le “mongwe le mongwe yo moya wa gagwe o neng o mo tlhotlheletsa” o ne a ntsha moneelo ka go rata, “mongwe le mongwe wa pelo e e ratang.” Banna le basadi ba ne ba ntsha sengwe go tshegetsa tiro ya ga Jehofa: mabenya a a kopelwang mo seaparong go se kgabisa, manyena, dipalamonwana, gouta, selefera, koporo, tlhale e e bobududu, boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bo hibitswana, letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase, leloba le le boleta, maodi a podi, matlalo a diphelefu a a fetoletsweng mo mmaleng o mohibidu, matlalo a manyebi, logong lwa mokala, maje a onikise, balema le leokwane. Kgabagare, “dilwana di ne tsa itshupa di lekane tiro yotlhe e e neng e tshwanetse go dirwa, e bile di feta tekanyo.”—Ekes. 35:21-24, 27-29; 36:7.

Se se neng se itumedisa Jehofa thata, e ne e se ditshupelo go na le moo, e ne e le moya wa go ntsha ka go rata o ba ba neng ba ema nokeng kobamelo ya boammaaruri ba neng ba o bontsha. Gape ba ne ba tlhotlheletsega go dirisa nako ya bone le maatla a bone. Pego eo ya re, “Basadi botlhe ba ba neng ba na le pelo e e botlhale ba otlha ka diatla tsa bone.” Eleruri, “basadi botlhe ba dipelo tsa bone di neng di ba tlhotlheletsa ka botlhale ba otlha maodi a podi.” Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a naya Besalele ‘botlhale, tlhaloganyo le kitso mo tirong ya mofuta mongwe le mongwe ya botswerere.’ Tota e bile Modimo o ne a naya Besalele le Oholiabe botswerere jo bo neng bo tlhokega go dira tiro yotlhe e ba neng ba laetswe go e dira.—Ekes. 35:25, 26, 30-35.

Fa Jehofa a ne a re Baiseraele ba ntshe moneelo, o ne a tlhomamisegile tota gore “mongwe le mongwe wa pelo e e ratang” o tla ema nokeng kobamelo ya boammaaruri. Mme ene o ne a segofatsa ba dipelo tsa bone di ba tlhotlheletsang ka go ba kaela le go ba naya boipelo jo bogolo. Ka jalo, Jehofa o ne a bontsha gore fa a segofatsa moya o batlhanka ba gagwe ba nang le one wa go intsha setlhabelo, o tlhomamisa gore ga ba tlhaele sepe le fa e le bokgoni jwa go dira se a se batlang. (Pes. 34:9) Fa o ntse o direla Jehofa ka go rata, tlhomamisega gore o tla segofatsa moya o o nang le one wa go ithaopa ka go rata.

KAFA BANGWE BA TLHOPHANG GO NTSHA MONEELO WA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE KA GONE

Jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo, batho ba le bantsi ba ‘beela sengwe kwa thoko’ kgotsa ba ipeela madi a a rileng gore ba a tsenye mo lebokoseng la phuthego la moneelo le le kwadilweng, “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.” (1 Bakor. 16:2) Kgwedi le kgwedi diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng tiro ya naga ya tsone. Gape o ka kgona go romela meneelo ka tlhamalalo kwa mokgatlhong wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona. Gore o itse leina la mokgatlho oo, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e mo nageng ya lona. Aterese ya ofisi ya lekala e ka fitlhelwa mo www.jw.org. O ka kgona go aba ka tlhamalalo o dirisa mekgwa e e latelang:

MENEELO E E NTSHIWANG KA TLHAMALALO

  • Meneelo e e ntshiwang ka electronic bank transfer, debit card kgotsa credit card. Mo makaleng a mangwe seno se a kgonega ka go dirisa jw.org kgotsa Web site e nngwe e e tshwanetseng.

  • Meneelo ya madi, dibenyane kgotsa dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Romela le lekwalo le le bontshang gore madi ao kgotsa dilwana tseo ke moneelo o o o ntshang ka tlhamalalo.

DIMPHO TSE DI RULAGANTSWENG

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi kgotsa dithoto tse di tlhwatlhwakgolo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang molemo tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe. Fa tlase fano go na le lenaane la mekgwa eo. Go sa kgathalesege gore o ka rata go dirisa mokgwa kgotsa mekgwa efe, tsweetswee ikgolaganye pele le ofisi ya lekala e e mo nageng ya lona go bona gore ke mekgwa efe e e fa tlase e e leng teng mo nageng ya lona. E re ka melao ya dinaga e e amanang le lekgetho e sa tshwane, go botlhokwa go ikgolaganya le bagakolodi ba lekgetho le ba semolao pele ga o tlhopha mokgwa o o siameng wa go aba.

Inshorense: Moneelo o mo go one madi a inshorense kgotsa a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene a tla newang mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Diakhaonto Tsa Banka: Diakhaonto tsa banka, setifikeiti sa go beeletsa madi (certificate of deposit) kgotsa diakhaonto tsa phenshene di ka dirwa gore fa o tlhokafala, madi a tsone a abelwe mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa go tsamaisana le melao ya banka e o e dirisang.

Ditoko le Dibonto (Stocks and Bonds): Ditoko le dibonto di ka abelwa mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e le dimpho tse o sa di beelang melelwane kgotsa gore mokgatlho oo e nne one o newang madi a gago fa o sena go tlhokafala.

Ditsha le Dikago: Fa o batla go ntsha moneelo ka ditsha le dikago, tsweetswee ikgolaganye pele le ofisi ya lekala. Ofisi ya lekala e tla swetsa ka gore a go siame gore di dirisiwe kgotsa gore a go molemo go di rekisa le go tsaya madi ao go a dirisetsa tiro ya lefatshe lotlhe.

Diwili le Di-Trust: Dithoto kana madi a ka tlogelelwa mokgatlho o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa ka wili e e kwadilweng semolao, kgotsa mokgatlho oo o ka kwadisiwa gore e nne one o abelwang madi a tumalano ya trust. Thulaganyo eno e ka nna ya dira gore go se ka ga gogwa lekgetho le lentsi.

Mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng ya lona o ka kwadisiwa gore e nne one o abelwang madi a wili kgotsa a trust. Mme ga wa tshwanelwa go kwadisiwa e le o o tla laolang dithoto tsa gago kgotsa o o tla di rulaganyang.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, o ka ikgolaganya le Ofisi ya Diakhaonto, ka go kwala kgotsa ka go ba founela mme o dirisa aterese e e fa tlase fano kgotsa o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya lona.

OFISI YA DIAKHAONTO

Watchtower Bible and Tract Society

Private Bag X2067

Krugersdorp

1740

South Africa

27 11 761 1000

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela