LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w16 November ts. 19-20
  • ‘Tiro e Kgolo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Tiro e Kgolo’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa o Segofatsa Moya wa go Ithaopa ka go Rata
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Mo go Setseng ga Bone go Tlosa go Tlhaelelwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kafa re ka Thusang ba Bangwe ka Gone ka Dilo Tse ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • ‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
w16 November ts. 19-20
Kgosi Dafide o bontsha monna mongwe polane ya tempele; mokaulengwe o lebile dipolane tsa go aga

‘Tiro e Kgolo’

KE NAKO ya kopano e e botlhokwa thata kwa Jerusalema. Kgosi Dafide o biditse dikgosana tsotlhe tsa gagwe, badiredi ba ntlo ya kgosi le banna ba ba thata. Ba itumeletse go utlwa kitsiso e e kgethegileng. Jehofa o laetse morwa wa ga Dafide e bong Solomone go aga moago o o tla dirisediwang go obamela Modimo wa boammaaruri. Kgosi ya Iseraele e neile Solomone polane ya kago e e e boneng mo ponatshegelong. Dafide a re: “Tiro yone e kgolo; gonne kago ya phemelo ga se ya motho, mme ke ya ga Jehofa Modimo.”—1 Ditir. 28:1, 2, 6, 11, 12; 29:1.

Go tswa foo, Dafide o botsa jaana: “Ke mang yo o ithaopelang go tlatsa seatla sa gagwe ka mpho ya ga Jehofa gompieno?” (1 Ditir. 29:5) Fa o ka bo o le koo, o ne o tla dira eng? A o ne o tla tlhotlheletsega go tshegetsa tiro eno e kgolo? Baiseraele ga ba a ka ba senya nako! Ruri ba ne “ba ipela ka ntlha ya go ntsha . . . meneelo ka go rata, gonne ba ne ba ntshetsa Jehofa meneelo ka go rata ka pelo e e feletseng.”—1 Ditir. 29:9.

Dingwaga di le dintsi moragonyana, Jehofa o ne a rulaganya gore go nne le sengwe se se gaisang tempele. O ne a rulaganya gore go nne le tempele ya semoya, e leng thulaganyo ya gore batho ba mo obamele ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. (Baheb. 9:11, 12) Gompieno Jehofa o thusa jang batho gore ba atamalane le ene? Ka tiro ya go dira batho barutwa. (Math. 28:19, 20) Tiro eno e dira gore ngwaga le ngwaga go tshwarwe dithuto tsa Baebele di le dimilione, go kolobediwe barutwa ba le diketekete le gore go nne le diphuthego tse disha di le makgolokgolo.

Ka ntlha ya seo, re tlhoka dikgatiso di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng, go aga le go tlhabolola Diholo Tsa Bogosi le go batla mafelo a go tshwarelwang dikopano tse dinnye le tse dikgolo gone. Ruri tiro ya rona ya go rera dikgang tse di molemo e kgolo e bile e dira gore re bone masego!—Math. 24:14.

E re ka re rata Modimo le baagelani e bile re itse gore tiro ya go rera e potlakile, re tlhotlheletsega “go tlatsa seatla . . . ka mpho ya ga Jehofa” ka go ntsha meneelo ka go rata. Ruri go a itumedisa go “tlotla Jehofa ka dilo tsa [rona] tse di tlhwatlhwakgolo” le go bona kafa didirisiwa tseo di dirisiwang sentle ka gone!—Dia. 3:9.

Kafa Bangwe Ba Tlhophang Go Ntsha Moneelo Wa Tiro Ya Lefatshe Lotlhe Ka Gone

Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko ba bo ba a tsenya mo lebokosong la moneelo la phuthego ya bone le le kwadilweng “Moneelo wa Tiro ya Lefatshe Lotlhe.” (1 Bakor. 16:2) Kgwedi le kgwedi diphuthego di romela meneelo eno kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya bone. Gape o ka romela meneelo kwa mokgatlhong wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo nageng e o nnang mo go yone. Go itse leina la mokgatlho oo, tsweetswee ya kwa www.jw.org/tn mme o ikgolaganye le ofisi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng e o nnang mo go yone. O ka romela meneelo eno e e latelang:

MENEELO

  • Meneelo e e ntshiwang ka electronic bank transfer, debit card kgotsa credit card. Mo dinageng tse dingwe o ka dirisa jw.org kgotsa website e nngwe e e tshwanelang.

  • Meneelo ya madi, dibenyane kgotsa dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo. Romela lekwalo le le tlhalosang gore madi ao kgotsa dilwana tseo o di ntsha e le moneelo.

MENEELO E MENGWE

  • Meneelo ya madi e o ka e busediwang fa o e tlhoka.

  • Romela lekwalo le le tlhalosang gore go na le maemo a a ka dirang gore o busediwe moneelo o o o ntshitseng.

DITSELA TSE DINGWE TSA GO NTSHA MONEELO

Kwantle ga go ntsha moneelo wa madi le dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo, go na le ditsela tse dingwe tse re ka di dirisang go tshegetsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Pele o ntsha moneelo, tsweetswee ikgolaganye le ofisi ya lekala e e okametseng naga ya lona go itse gore o ka ntsha moneelo ka ditsela dife gape. E re ka melao ya dinaga le melao ya makgetho e sa tshwane, botsa mongwe yo o itseng ka melao eo pele o ntsha moneelo.

Inshorense: Fa o na le inshorense, o ka e ntsha e le moneelo ka go kwadisa mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa gore e nne one o newang madi ao.

Diakhaonto Tsa Banka: O ka bula akhaonto ya banka, wa dira setifikeiti sa go beeletsa madi (certificate of deposit) kgotsa wa bula akhaonto ya fa motho a sena go tlogela tiro jaaka trust, go ikaegile ka melao ya banka e e mo lefelong la lona gore fa o sena go tlhokafala, madi ao a newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Di-Stock le Di-Bond: O ka kwala gore fa o sena go tlhokafala, di newe mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa.

Ditsha le Dikago: Fa o na le setsha kgotsa kago e e ka rekisiwang, o ka di abela mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Mme fa o nna mo setsheng kgotsa mo kagong eo, o ka rulaganya go tswelela o nna mo go tsone go fitlha o tlhokafala.

Inshorense e e Duelang Morokotso Ngwaga le Ngwaga: O ka ntsha moneelo ka madi kgotsa ka dilwana dingwe tsa botlhokwa mme wa rulaganya gore fela fa o sa ntse o tshela, ngwaga le ngwaga go nne le madi mangwe a a newang mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa. Go ka direga gore o gogelwe lekgetho mo go one ngwaga o o ntshang moneelo ka one.

Diwili le Di-Trust: O ka rulaganya gore fa o sena go tlhokafala, dithoto kgotsa madi a gago a ntshiwe e le moneelo. O ka dira jalo ka go kwala wili ya semolao kgotsa wa dira tumalano ya trust gore mokgatlho wa semolao o o dirisiwang ke Basupi ba ga Jehofa e nne one o amogelang madi kgotsa dithoto tseo. Thulaganyo eno e ka dira gore go se ka ga gogwa lekgetho le le kalo.

O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka ntshang moneelo ka gone go tshegetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa mo boroutšhareng jwa Charitable Planning to Benefit Kingdom Service Worldwide, e e gone ka Seesemane le Se-Spain. Boroutšhara jono bo tlhalosa mekgwa e o ka ntshang moneelo ka yone. Tshedimosetso e e mo boroutšhareng jono e ka nna ya se ka ya tsamaisana le maemo a gago ka gonne dinaga di na le melao e e farologaneng ya lekgetho. Batho ba ba tshegetsang tiro ya lefatshe lotlhe ka ditsela tseno, ga ba a ka ba gogelwa lekgetho le le kalo. Fa boroutšhara jono bo le teng mo nageng ya lona, o ka kopa khopi ya jone mo mokwaleding wa phuthego ya lona.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, tobetsa linki ya “Ntsha Moneelo go Tshegetsa Tiro ya Rona ya Lefatshe Lotlhe” e e kwa tlase mo jw.org, kgotsa ikgolaganye le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela