Nna O Ntshitse Matlho Gore O Ke O Tsamaise Dibuka tsa Bibela
1 Abo re lebogela dibuka tsa Bibela tseo Jehofa a re tlamelang ka tsone ka metlha a dirisa phuthego ya gagwe jang ne! Re anaanela dijo tseno tsa semoya thata. Fa re sena go amogela buka nngwe e ntšha, re nna re e phutholola ka tlhoafalo. Morago ga moo, fa re ntse re e bala ka kelotlhoko, re bapala tlhaloganyo. Tsela eo re anaanelang Jehofa le maikaelelo a gagwe ka yone e a gola.
2 Melemo eo re e amogelang ka namana e re tlhotlheletsa gore re abalane le ba bangwe dilo tse di molemo tseo re ithutileng tsone. (Math. 24:14) Re gakalela go tsamaisetsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonagalang ka gone dikgatiso tsa Mokgatlho. Seno se ba kgonisa gore le bone ba ithute boammaaruri jo bo leng mo dikgatisong tseno tse di rutang Bibela. Fa re ipaakanyeditse sentle e bile re ntshitse matlho gore re ke re ithaopele go tsamaisa mpho ya buka eo e leng yone e tsamaisiwang, re ka nna ra kgona go thusa batho ba bangwe ba ba pelo-e-phepa gore ba sokologele mo go Jehofa le gore ba kopanele le rona mo tirelong ya gagwe.
KA NTLO LE NTLO
3 Ka January le February re tla bo re tsamaisa buka ya Polokesego mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō” ka moneelo wa R2,50. Ka dinako tse dingwe batho ba a bo ba tshwaregile eletota ka nako eo re ba etelang ka yone. Mo maemong a a ntseng jalo, re ka nna ra rata go tsamaisa buka fela ka tsela e go akantshiwang ka yone mo sekaong sa bobedi se se mo tsebeng 20 ya buka ya Go Fetolana. Kana re ka nna ra bua ka mafoko a rona sengwe se se tshwanang le se se mo sekaong sa boraro mo go yone tsebe eo, re bontsha gore re lemoga boemo jo mong wa ntlo a leng mo go jone re bo re bolela jaana ka tsela e e tlhotlheletsang: “Mme e re ka o se na nako ya go ka bua ga jaanong, re go akantsha gore o iponele dimakasine tse pedi tseno ka moneelo wa R1,20 o bo o di bala fa o bone nako. O tla itumelela go ithuta malebana le tsholofetso ya Modimo ya sengwe se sesha.” Mekgwa eno ya go buisana e bontsha gore re akanyetsa mong wa ntlo ka ntlha ya maemo ao a leng mo go one, mme mo godimo ga moo, re tsamaisa buka.
4 Ke eng seo se ka dirwang fa motho a setse a na le buka eo re e tsamaisang? Ke ka ntlhayang fa o sa dirise molao-motheo wa Bibela o o fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 3:6-9? Peo e setse e jadilwe. Dirisetsa sebaka seo go e nosetsa ka go neela motho yoo bosupi jo bo oketsegileng. Kana re ka nna ra bolela sengwe sa go tshwana le seno: “Ke itumelela thata go bo o setse o na le sekaelo sa buka eno. Kwantle ga pelaelo o ile wa ipelela go e bala. Fa o rata, nka rata go go bontsha kafa o ka bonang molemo ka gone le e leng go feta moo go tswa mo bukeng eno. Go tla tsaya metsotso e se kae fela.” Morago ga moo o bo o mmontsha kafa re ithutang Bibela ka gone re thusiwa ke buka eno. Boikaelelo jwa rona jwa kwa matlong ga bo fetoge fa mong wa ntlo a setse a na le buka. Gakologelwa, mokgele wa rona o mogolo ke go ‘dira barutwa.’—Math. 28:19.
BOSUPI JO BO SA IKAELELWANG
5 Gape re tshwanetse ra ntshetsa ditshono tse dintsi tseo re ka nnang le tsone matlho tsa go tsamaisa dibuka mo bosuping jo bo sa ikaelelwang. Akanya ka ditsela tseo o ka neelang baeti, balosika, ba o dirang nabo, ba o tsenang sekolo nabo, batho bao re kopanang le bone fa re ile go reka, le bao re kopanang le bone fa re tswa mo ntlong e nngwe re ya kwa go e nngwe fa re le mo tirelong ya tshimo bosupi ka gone. Rulaganyetsa seo e sa le gale, nna o tshwere buka eo o ka e tsamaisang mo makgetlong a go nna jalo lefa e ka nna leng fela fa go kgonagala. Gantsi, ga go boima go tsaya e le nngwe kana go feta ya dibuka tseno tse dinnyane mo go rona. Go ka fitlhelelwa go le gontsi ka bosupi jo bo sa ikaelelwang.—1 Pet. 3:15.
6 Phuthego ya ga Jehofa e ile ya re tlamela ka dibuka ka bopelotshweu go re boloka re nonofile semoyeng le go re thusa gore re anamise mafoko a a molemo. Fa re nna re ntsheditse ditshono tsa go tsamaisa dibuka tsa Bibela matlho, seo se tla re thusa gore re godise leina la ga Jehofa.—Pes. 34:3.