Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Botswerere Ka mo Go Oketsegileng ka go Reetsa
1 E le gore re nne ditswerere mo bodiheding jwa rona, re tshwanetse ra lemoga gore ga go na batho bape ba babedi ba ba tshwanang. Mongwe le mongwe o na le maitemogelo a a farologaneng mo botshelong le dilo tse di farologaneng tseo a amegileng ka tsone le tseo a di eletsang. Kgwetlho eo motho a lebaneng le yone ke go dira gore molaetsa wa Bogosi o ame motho yono ka namana, ka mantswe a mangwe, go bontsha motho yo re buang le ene gore seno se bolelang mo go ene ka namana. E le gore re dire seno ka botswerere, gape re tshwanetse ra reetsa ka kelotlhoko.
2 Baboledi ba le bantsi ba dirisa dipotso ka botlhale mo diketapeleng tsa bone, mme seno se thusa go dira gore mong wa ntlo a tsene le ene mo motlotlong. Dipotso tse di batlang gore mong wa ntlo a ntshe maikutlo a gagwe tse di sa mo tsenyeng matlho a batho di thusa thata. Mme fa mong wa ntlo a bua, go botlhokwa gore re reetse seo a se buang. Go reetsa go bontsha lorato lwa boagelani le tlotlo, mme fa re dira jalo re lemoga seo motho a se akanyang. Fa re itse boemo joo motho yono a leng mo go jone seno se re kgonisa gore re otlelele dintlha, re ipee mo boemong jwa gagwe. Mme fa re dira jalo re ka kgona go abelana le ene kgomotso le tsholofelo e e tswang mo Bibeleng.
NNA MOTHO YO O FETOFETOGANG
3 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Ithuteng ka moo lo ka buang le motho mongwe le mongwe yo lo kopanang le ene ka tsela e e molemolemo ka gone.” (Bakol. 4:6, New English Bible) Lemororo re sa itsetse pele seo tota motho a ka se buang, re tlwaelane le mathata ao batho ba le bantsi ba lebaneng le one gompieno. Ka gone, re ka nna ra “ithuta” mme re nne re ipaakantse mo megopolong gore re arabe go ya ka maemo a a farologaneng.
4 Ka sekai, re ka nna ra bo re ipaakanyeditse go tlotla ka setlhogo sa kagiso ya lefatshe, mme mong wa ntlo o umaka gore o latlhegetswe ke tiro. A re tshwanetse ra itlhokomolosa seo a se bolelang? Ga go belaesege gore kgang ya go tlhokomela lelapa la gagwe ke sone selo se segolo mo mogopolong wa gagwe le mo pelong ya gagwe. O ne o ka arabela jang mo go seo a se tlhokang? O ne o ka nna wa bontsha go amega le ene, o mmontsha gore eleruri o amegile ka boemo jwa gagwe. Morago ga moo o bo o ka lebisa tlhokomelo ya gagwe ka bopelonolo kwa dikwalong tseo di bontshang ka moo puso ya Modimo e tla re neelang ditiro tse di kgotsofatsang ka gone le dilo tseo re di tlhokang.—Isa. 65:17, 21, 22, 24.
5 Gongwe re utlwile gore motho mongwe kana leloko la lelapa la gagwe o sa tswa go bolawa ka ntlha ya bothubaki kana gore o ile a direlwa tshiamololo ka tsela nngwe. Fa re amega ka boutlwelo botlhoko le go kgatlhegela ba bangwe ka namana mo maemong ano seno gantsi se ka ama pelo ya motho, se dira gore go kgonege gore re mmontshe gore Jehofa Modimo o itse sentle ka mathata a a utlwisang botlhoko ano mme o tla tloga a tsaya kgato go tlosa boikepo jotlhe.—Bona Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 10, 12, 86-89.
6 Kamano e e seng molemo mo bathong gantsi e nna gone ka gonne gantsi ba ne ba sa buisane sentle. Fa motho a bua, yo mongwe a ka nna a bo a sa reetsa ka kelotlhoko ka mogopolo wa gagwe le ka pelo ya gagwe. Mokgwa o o ntseng jalo o o maswe wa go reetsa o ka nna wa gogela kwa goreng lo se ka lwa tlhaloganyana kana wa dira gore o se ka wa bona tshono ya go thusa mongwe. Ka go tlhagolela mokgwa o o molemo wa go reetsa ka tlhoafalo, re ka kgona go neela mafoko a a molemo ka bokgoni ka mo go oketsegileng, re bontsha kgatlhego eo Jehofa a nang le yone ka ba bangwe ka go senang bogagapa, mme re thuse ba bangwe gore ba nne le kamano e e molemo le Mmopi wa rona yo o lorato le batho ba gagwe.—Yak. 1:19; g74 11/22 dits. 21-3.