Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka go Dirisa Dikgatiso ka Botlhale
1 Thulaganyo ya letsatsi la kopano e e kgethegileng ya ngwaga wa tirelo wa 1991 e ne ya tlotla ka “Bodihedi jwa Rona—Ga Se Selo Fela, mme Go Na Le Moo Bo Boitshepo.” E ne e gatelela gore tiro ya rona e boitshepo mme ebile ga e a tshwanela go tsewa motlhofo. Ereka go dirisa dibuka tse di gatisitsweng e le karolo ya botlhokwa ya bodihedi jwa rona, le gone go tshwanetse ga tsewa ka tlotlo. Mongwe le mongwe wa rona a ka bontsha tlotlo e e boteng eo re nang le yone ka go dirisa dikgatiso tsa rona ka botlhale.
2 Ka ngwaga wa tirelo wa 1990, Mokgatlho o ne wa tlhagisa dimakasine di le dimilione tse 678 le Dibibela le dibuka tsa khabara e e thata di feta dimilione tse 51 gore di dirisiwe mo tshimong lefatshe ka bophara. Seno se emela tiriso e kgolo ya dithuso tseo di neetsweng, go akaretsa nako, maatla, le madi. Maiteko a a kopantsweng a baithaopi ba le bantsi a felela ka gore go gatisiwe dikgatiso tse di nang le boleng tseo di ka dirisiwang ke motho ka namana mmogo le go gasiwa mo tirelong ya tshimo. Ditsela dingwe tseo ka tsone re ka bontshang gore re anaanela dibuka tsa rona fa re ntse re itsise molaetsa wa Bogosi go batho ba ba dipelo di ikanyegang ke dife?
3 Thuto ya Motho ka Namana le ya Lelapa: Mo go Baroma 2:21 moaposetoloi Paulo a re: “Wèna eo u rutañ eo moñwe, a u bile ga u ithute?” Fa re senya nako re bala, re ithuta, re bo re tlhatlhanya ka tsela ya go rapela ka dikgatiso tsa rona tse di thailweng mo Bibeleng, re bontsha kafa re tseelang kwa godimo dijo tsa semoya tse di mo nakong tse Jehofa a di re baakanyeditseng motho ka bongwe tseo a re di neelang a dirisa setlhopha sa gagwe sa motlhanka. (Luke 12:42) E ka tswa e le ka thuto ya motho ka namana kana ya lelapa, go nna re ntse re itse kaga boammaaruri jo bo senotsweng go dira gore re kgone go tlhagolela tlotlo e e kwa godimo ya gotlhe mo Jehofa a go re fileng gore re go tlhokomele. Bana, le bone, ba tshwanetse ba bo ba thapisitswe sentle go anaanela le go tlhokomela dibuka tsa bone, ba sa di tshwaye botlhaswa kana ba di tladika ka kwa ntle. Mo godimo ga moo, dibuka tsa rona di tshwanetse tsa bolokwa sentle gore di nne di le phepa go tla di dirisiwa mo tshimong.
4 Tila Tshenyo: Gore di nne le mosola wa mmatota, dibuka tsa rona di tshwanetse tsa ya mo diatleng tsa batho ba ba batlang boammaaruri, ke gore, bao ka mmatota ba kgatlhegelang molaetsa wa rona le tiro ya rona. (Math. 10:11) Ka jalo re tshwanetse ra tila go aba dibuka fela re sa tlhaole mo go bao ba sa bontsheng kanaanelo ya mmatota ya molaetsa wa Bibela. Tshenyo e ka direga gape fa re letla dimakasine, dibuka, kana dikgatiso tse dingwe gore di koame kwa lapeng.
5 Ereka dimakasine di na le matlha, re na le nako e e lekanyeditsweng ya go di tsamaisa e le ditokololo tsa bosheng. Ka jalo go tlhokega boiteko jo bogolo mo go rona gore re tsenelele mo bodiheding mme re abele ba ba kgatlhegang dimakasine tseno. Fa e le gore re bona dimakasine tsa rona di ntse di koama, gongwe go ka nna molemo go fetola thulaganyo ya rona gore re senye nako e e oketsegileng mo tirong ya dimakasine. Kana fa e le gore ga re kgone go dira seno, re tshwanetse ra fokotsa otoro ya rona. Ka go latela dikakantsho tseno, re itshupa re le batlhanka ba ba ikanyegang ba bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa Modimo.—1 Bakor. 4:2; 1 Pet. 4:10, 11; bapisa Luke 16:1, 10.
6 Jehofa o ‘neetse’ batho ba gagwe ba ba ineetseng boikarabelo le tiro tse dikgolo, go akaretsa ‘dilo tse o nang natso’ tseo “motlhanka” wa gagwe yo o ikanyegang a nang le taolo mo go tsone. (2 Tim. 1:12; Luke 12:42-44, 48b; 1 Tim. 6:20) A re tsweleleng pele re dirisa dikgatiso tsa rona ka botlhale go neela ba bangwe mafoko a a molemo, re dira jalo ka go bo re anaanela ditshiamelo tsa tirelo ya Modimo ka tsela e e boteng.