Go Ithuta Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela
1 Mo bekeng ya October 12, re tla bo re simolola go ithuta Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela kwa Dithutong tsa rona tsa Buka ya Phuthego. Abo e tla nna boitumelo jang ne go boeletsa botshelo le bodihedi jwa ga Jesu Keresete! Ereka buka eno e farologane le dibuka tse dingwe tseo re kileng ra di ithuta, go na le dikaelo di sekae tse di tla re thusang.
2 Buka eno ga e na dinomoro tsa ditsebe, ka jalo thulaganyo e e gatisitsweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi e tla rulaganya dikgaolo tse di tshwanetseng go balwa, gantsi di tla nna tharo kana nne beke nngwe le nngwe. Dikgaolo 35, 111, le 116 di ditelele go feta tse dingwe mme nngwe le nngwe ya tsone e tla kgaoganngwa go dira dithuto tse pedi. Morago ga gore mokaulengwe yo o tshwanelegang a bale kgaolo yotlhe (kana setlhogwana sotlhe, jaaka go tla bo go ntse ka dikgaolo 35, 111, le 116), motshwari wa thuto o tla botsa dipotso tse di kwa bofelong jwa kgaolo tseo di dumalanang le kgaolo kana karolwana e e sa tswang go balwa. Dikarabo ga di na go latelelana mo kgaolong ka dinako tsotlhe. Dikakgelo tse dikhutshwane le tse di opang kgomo lonaka di tshwanetse tsa thaelwa mo kgannyeng e e mo thutong eo.
3 Morago ga moo, fa nako e letla, dikwalo tsotlhe tse di tsopotsweng kwa bofelong jwa kgaolo di tshwanetse tsa balwa. Dikwalo tse di tsopotsweng tse di leng ditelele di ka kgaoganngwa ka dikarolwana go naya baboledi ba ba farologaneng sebaka sa go tsaya karolo mo go baleng, mme morago ga moo go ka akgelwa mabapi le se se badilweng. Dipotso tse di opang kgomo lonaka tse di baakantsweng ke motshwari wa thuto di tla thusa go dira gore go nne le dikakgelo tse di nang le bokao tseo di bontshang kafa dikwalo tse di badilweng di amanang ka gone le seo se ileng sa tlhomololwa mo bukeng. Dipotso tsotlhe le dikakgelo di tshwanetse tsa thusa bao ba leng gone go tlhoma mogopolo go Jesu Keresete, tsela ya gagwe ya go tshela, le dithuto tsa gagwe.
4 Buka ya Monna Yo Mogolo e bontsha botshelo jwa ga Jesu ka go latelelana ga dinako. Go akanya ka ditiragalo le go nwetsa mogopolo koo di diragetseng gone go ka go thusa eletota gore o nne o di gakologetswe. Ka gone, tlhomamisa gore o sekaseka ditshwantsho tseno tse di mebala e mentle mme ka dinako tsotlhe o dira ditshupiso mo mmapeng o o bonalang kwa tshimologong ya buka eno, o o latelwang ke ketapele.
5 Ketapele ya buka e tla sekasekiwa ka beke ya ntlha. Morago ga fa go sena go balwa dirapa tse di kafa tlase ga setlhogwana, motshwari wa buka o tla botsa dipotso tse di tshwanelang tseo a ileng a di baakanyetsa. Tshekatsheko eno ya ntlha e tla baakanyetsa dithuto tse di tla latelang ka ngwaga o o tlang. Selekanyo sa katlego eo e tla nnang gone morago ga go akarediwa ga dintlha e tla bo e ikaegile segolobogolo ka botlhe bao ba leng gone fa ba baakanyeditse. Segolobogolo motshwari wa thuto o tshwanetse go ipaakanyetsa sentle beke nngwe le nngwe gore a kgone go thusa setlhopha go tlwaelana le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela, Morena le Mmoloki wa rona, Jesu Keresete.