Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
1. Re tla simolola leng go ithuta boroutšhara jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? mme seo se tla re solegela molemo jang?
1 Go simolola ka beke ya October 28, go tla ithutiwa boroutšhara jwa Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? mo Thutong ya Baebele ya Phuthego. Boroutšhara jono jo bosha jo bo golotsweng kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Dibela Pelo ya Gago!” bo diretswe go kaela baithuti ba Baebele mo phuthegong. Go ithuta kgatiso eno ga go kitla go oketsa kanaanelo ya rona fela ya go nna mo phuthegong ya ga Jehofa mme gape go tla re thusa go tlwaelana sentle le kgatiso eno ya botlhokwa e re e dirisang mo bodireding.—Pes. 48:13.
2. Boroutšhara jono bo tla ithutiwa jang mo phuthegong?
2 Kafa bo Tla Ithutiwang ka Gone: Motshwari wa thuto o tla tlhoka go aroganya nako ya gagwe sentle gore thuto nngwe le nngwe e sekasekiwe ka go lekana. Boroutšhara jono bo na le dithuto di le 28 mme motshwari o tla simolola thuto nngwe le nngwe ka go bala setlhogo sa thuto se e leng potso. Go tswa foo o tla kopa mmadi gore a bale serapa sa matseno. Morago ga moo, motshwari o tla botsa bareetsi potso e a e baakanyeditseng go sa le gale ya serapa seo sa matseno. Go tswa foo, karolo nngwe le nngwe e e simololang ka mafoko a a kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng e tshwanetse go balwa, go bo go tlotliwa ka yone. Fa karolo eo e sena go balwa, motshwari wa thuto o tla kopa bareetsi gore ba akgele ka gore e araba jang potso e e leng setlhogo sa thuto. Gape boroutšhara jono bo na le ditshwantsho tse dintsi tse go ka akgelwang ka tsone. Ditemana tsa konokono di tshwanetse go balwa fa nako e letla. Pele motshwari a fetela mo thutong e e latelang, o tla boeletsa dintlha ka go botsa dipotso tse di kwa bofelong jwa tsebe. Fa go na le lebokoso le le reng “Ithute mo go Oketsegileng,” o tla dira gore le balwe, go tswa foo o tla kopa bareetsi gore ba akgele kafa motho yo o ithutang Baebele a tla solegelwang molemo ka teng fa a dirisa kakantsho eo. Fa nako e letla kwa bowelong jwa thuto, motshwari a ka dirisa ditlhogo tsa dithuto e le dipotso tsa poeletso. Ela tlhoko gore seno ga se reye gore go tshwanetse ga dirisiwa tsela eno go tshwara thuto ya legae ya Baebele.
3. Re ka solegelwa molemo jang ka botlalo ke go ithuta boroutšhara jono?
3 E le gore o solegelwe molemo ka botlalo, tla dipokanong o baakanyeditse sentle. Ikemisetse go nna le seabe ka go akgela. Fa thuto e ntse e tsweletse, akanya ka kafa kgatiso eno e ka solegelang batho ba ba ithutang Baebele molemo ka gone. E kete go ithuta boroutšhara jono jo bosha go ka re baakanyetsa go thusa ba bangwe gore ba kopanele le rona mo go direng thato ya Modimo gore le bone ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri.—1 Joh. 2:17.