LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/92 ts. 2
  • Dipokano Tsa Tirelo ka September

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tsa Tirelo ka September
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Ditlhogwana
  • Beke E E Simololang ka September 7
  • Beke E E Simololang ka September 14
  • Beke E E Simololang ka September 21
  • Beke E E Simololang ka September 28
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 9/92 ts. 2

Dipokano Tsa Tirelo ka September

Beke E E Simololang ka September 7

Pina 84

15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona le Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Tlotla ka setlhogo se se reng “A Kgatlhego E Ka Tsosolosiwa Gape?” mme o dire pontsho e khutshwane ya kafa loeto lo lo ntseng jalo lo ka dirwang ka gone. September ke kgwedi ya ntlha ya ngwaga o mosha wa tirelo. Kgothaletsa baboledi botlhe ka tsela e e lorato gore ba ipeele mokgele wa go nna le seabe ka metlha mo bodiheding jwa beke le beke le gore ba bege tirelo ya bone ka bofefo jo bo ka kgonegang kwa bofelong jwa kgwedi nngwe le nngwe.

15 mets: “Galaletsang Modimo wa Popo.” Setlhogo seno se tlotliwa ka dipotso le dikarabo. Rulaganya go sa le gale gore baboledi ba ba tshwanelegang, go akaretsa le basha bangwe ba ba tlhomang sekao, go bolela maitemogelo a ba ileng ba nna le one fa ba tsamaisa kgatiso eno mo nakong e e fetileng.

15 mets: “Dipuisano Tseo Di Tsosang Kgatlhego.” Tlotla le bareetsi kafa lo ka dirisang dikakantsho tseno mo tshimong ya lefelo la lona. Rulaganya gore go nne le dipontsho di le pedi kana di le tharo tse di dirang, di baakanyeditswe sentle.

Pina 96 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 14

Pina 79

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Akaretsa le pego ya tsa madi le dikitsiso dipe tsa gore go amogetswe meneelo. Akgolela phuthego go bo e tshegetsa ka bopelontle go dilo tse di tlhokegang mo lefelong la lona mmogo le mo tirong ya Mokgatlho ya lefatshe ka bophara. Fa nako e letla, dira gore go nne le maitemogelo a a baakantsweng a a mabapi le go tsamaisiwa ga buka ya Tshelela Ruri.

15 mets: “Kolobetso,” go buka ya Go Fetolana, ditsebe 219-23. Puo e e tsenyeletsang e e thailweng go “Tlhaloso.” Bontsha kafa mogolwane a ka buisanang ka gone le mongwe yo o ileng a ikgogona mo go kolobediweng. Tlhomolola tshedimosetso e e mo go tsebe 219. Gatelela kafa go dira boineelo go leng botlhokwa ka teng le go bontsha seno ka kolobetso ya metsi. Sebui se konela ka go sekaseka ka bokhutshwane tshedimosetso kaga kolobetso ya moya o o boitshepo, kolobetso ya baswi, le kolobetso ya molelo.

20 mets: “Tlhomamisa Gore O Boela Gape.” Motlotlo wa dipotso le dikarabo. Nna le pontsho e e baakantsweng sentle e e buang ka tshedimosetso e e sekasekilweng go tswa go dirapa 4 le 5. Tlhomolola botlhokwa jwa go boela go batho ba ba bontshitseng kgatlhego bao go kopanweng le bone kwa tshimologong ya kgwedi.

Pina 10 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 21

Pina 125

10 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Bolela ka maitemogelo a tshimo ya lefelo la lona kana o umake dintlha tse di ka buelelwang tseo di ka dirisiwang mo bekeng eno mo tirelong ya tshimo.

20 mets: “Go ithuta Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela.” Dipotso le dikarabo. Dira gore go nniwe matlhagatlhaga ka thuto e e mo bukeng eno e e tla simololwang ka beke ya October 12.

15 mets: Boeletsang Tiro ya Phuthego. Lo dirisa dipalo tse di tlhagang kafa pele ga foromo ya Pego ya go Tlhatlhoba Phuthego (S-10) e e neng ya romelwa kwa Mokgatlhong mo tshimologong ya kgwedi eno, molebedi yo o okamelang le molebedi wa tirelo ba tlotla ka dintlhakgolo tsa tiro ya phuthego tsa ngwaga o o fetileng. Akgolang baboledi le babulatsela ka lorato ka maiteko a bone a go intsha setlhabelo mo tirelong le go nna gone ga bone mo dipokanong ka boikanyegi. Umakang dikarolo tse ba dirileng sentle thata mo go tsone ka mo go kgethegileng. Go ka bapisiwa tiro eno le ya dingwaga tse di fitileng fa dipego di le mo faeleng. Gape, tlhomololang dikarolo tse go ka tokafadiwang mo go tsone mo ngwageng wa 1993 wa tirelo.

Pina 43 le thapelo e e konelang.

Beke E E Simololang ka September 28

Pina 51

15 mets: Dikitsiso tsa lefelo la lona. Dikgang tsa Bolegodimo. Itsise gore ke dimakasine dife tse di leng gone go ka dirisiwa mo tirelong ya tshimo, mme o akantshe ka ntlha e e ka buelelwang e le nngwe kana di le pedi tseo di gogelang mo lefelong la lona. Bontsha kafa dimakasine tsa bosheng di ka tsamaisiwang ka gone o dirisa puisano ya Dikwalo, jaaka nngwe ya tse di kwadilweng kwa godimo ga setlhogo se se mo tsebeng e e kwa morago. Kopa molebedi wa tirelo gore a bege malebana le botswelelopele jo bo dirilweng fa go ne go berekiwa tshimo e e sa abiwang mme a tlotle ka dithulaganyo tsa kgwedi ya bofelo ya letsholo la tshimo. Kgothaletsa botlhe gore ba tshegetse dithulaganyo tseno ka botlalo. Gakolola botlhe gore ba tle le sekaelo sa bone ka namana sa buka ya Monna Yo Mogolo mo Pokanong ya Tirelo ya beke e e latelang.

15 mets: Dilo tse di tlhokegang mo lefelong la lona kana puo e e thailweng go setlhogo se se reng “Ke Ka Ntlha Yang Fa Re Tshwanetse go Latela Tshiamo?” go Tora ya Tebelo ya October 15, 1990, ditsebe 26-9.

15 mets: Tsamaisang Dimakasine ka October. Puo e e khutshwafaditsweng e e tlhomololang botlhokwa jwa Tsogang! le Tora ya Tebelo. Baboledi ba tshwanetse go bala ditokololo tse disha ka bofefo jo bo ka kgonegang gore ba kgone go bua ka matlhagatlhaga fa ba di buelela go ba bangwe. Bontsha kafa mmoledi a ka tsamaisang dimakasine ka gone fa motho a gana go dira peeletso mme a dira le dithulaganyo tsa go boela a tshotse ditokololo tse di latelang, ka go dira jalo a simolola tselana ya dimakasine.

Pina 48 le thapelo e e konelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela