Abalana Kitso ya Boammaaruri Kaga Jesu Keresete
1 Mo bodiheding jwa rona jwa tshimo ka December, re tla bo re bontsha batho buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Ke eng se o tla se bolelang gore o simolole motlotlo wa Bibela o o mo nakong, mme o tla tsenyeletsa jang kgatiso eno e e molemolemo?
2 Go E Tsamaisetsa Ba Bangwe: Ke dikarolo dife tse dingwe tse di kgatlhang tse di mo kgatisong eno tseo o ka di tlhomololang? Kgaolo 5 e tsosa potso e e tshwanetseng nako eno ya ngwaga e e reng, “Jesu O Tsholetswe Kae—Mme Leng?” O ka nna wa gapa kgatlhego ya mosha ka polelo e e itumedisang e e mo kgaolong ya 44 e e reng, “Go Didimatsa Setsuatsue Se Se Tshosang.” Eleruri motho yo o lwalang kana yo o nang le bokoa bongwe o ka gomodiwa ke kgaolo ya 57 e e reng, “Go Utlwela ba ba Patikegileng Botlhoko.” Kgaolo 90 e e reng, “Tsholofelo ya Tsogo,” e tshwanetse ya ikuela mo mothong mongwe yo o kileng a hutsafala go bo a latlhegetswe ke mongwe yo a mo ratang. Fa lo tlotla ka maemo a lefatshe a a tlisang tlalelo seno se ka lo isa mo kgaolong ya 111 e e reng, “Sesupo sa Metlha ya Bofelo.”
3 Fa o sena go dumedisa ka tsela e e tshwanetseng, o ka nna wa re:
◼ “Re ntse re botsa batho gore a ba ne ba ka dumela fa go twe Jesu Keresete e ne e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. [Mo neye sebaka sa go araba.] Ke boammaaruri gore, batho ba le bantsi ba ile ba tlhotlheletsa tsela ya motho ya go tshela, mme ba bangwe ba ile ba tlatseletsa mo go reng losika lwa motho lo tswelele pele, mme lefa go ntse jalo ela tlhoko seo se tlhomololang Jesu Keresete mo go ba bangwe botlhe. [Bala Yohane 17:3.] Ga go na ope yo mongwe yo o nang le maatla a go ka neela batho botshelo jo bo sa khutleng. [Bula kgaolo ya 111 ya buka ya Monna Yo Mogolo.] Fa Jesu a ne a santse a le mo lefatsheng, o ile a tlhalosa ka ditiragalo tseo di neng di tla diragala pele ga bokhutlo jwa lefatshe. Mme gape o ile a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba itumele ka gonne ditiragalo tseno di ne di tla raya gore kgololo e setse e le gaufi.” Fa o sena go tlotla ka bokhutshwane ka dikarolo dingwe tsa sesupo sa go nna gone ga ga Keresete, mmontshe dingwe tsa dintlhakgolo tsa buka eno. Mo tsamaisetse buka eno ka moneelo wa R8,00.
4 Fa o sena go dumedisa ka tsela ya mo lefelong la lona, mokgwa o mongwe e ka nna wa gore:
◼ “Ka December batho ba akanya le go bua thata kaga Jesu. Ke ka ditsela dife re ka etsang sekao se se tlhomilweng ke Jesu, monna yo mogolo mo lefatsheng? [Mo neye sebaka sa go araba, morago ga moo o bo o mo tlhokomedisa 1 Petere 2:21.] O ile a ruta balatedi ba gagwe gore ba rate baagelani ba bone, ba nne ba le phepa mo boitsholong, le go rapelela Bogosi jwa Modimo jo bo tlang. Poloko ya rona e ikaegile ka go lemoga le go obamela Jesu jaaka Mmoloki wa rona. [Bala Yohane 14:6.] Jesu e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. Buka eno e mo tlhalosa e le monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Kgaolo ya 59 e tlhomamisa seno, e mo tlhaola e le ‘Keresete, Morwa wa Modimo o o tshedileñ.’ Ereka re ikaegile ka ene gore e tla nna ene a tla re bolokang, a ga o bone go tlhokega gore re ithute mo gontsi mo go ka kgonegang ka ditiro tsa gagwe le seo a neng a se ruta? Segolobogolo buka eno e ile ya dirwa ka boikaelelo jwa seo, mme ke ka itumela fa o ka itseela sekaelo seno ka moneelo wa R8,00.”
5 Thaela Loeto lwa mo Isagweng Motheo: Ke boammaaruri gore, lefa re ka tswa re ile ra tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo, dimakasine tse pedi, pampitshana, kana go nna le motlotlo fela o o botsalano, re ka nna ra bolela jaana: “Fa ke tla mo nakong e e tlang, ke tla rata go abalana le wena ka tiragalo e e kgatlhang e e malebana le motse o Jesu a neng a tsholelwa kwa go one.” Tlhomamisega gore o kwala loeto lono lwa go boela sentle le kgatlhego e e bontshitsweng.
6 Bogosi ke jone fela jo bo tla neelang batho tsholofelo ya mmatota. A re bontsheng keletso e e tlhoafetseng gore re abalane le botlhe ba re tla kopanang le bone ‘kitso ya boammaaruri ya bosaitsiweng jwa Modimo, ebong Keresete.’—Bakol. 2:2.