Tshwara Dithuto Tsa Bibela ka Buka ya Tshelela Ruri
1 Fa a ne a bua ka buka ya Tshelela Ruri, mosadi mongwe o ne a khutsa a re: “Ke fitlhetse fa buka eno e gaisiwa ke Bibela fela mo go nneng kgatiso e e tsepameng, e e tlhotlheletsang, le e e kgothatsang thata mo go tsotlhe tse ke kileng ka di bala!” Rotlhe re a dumalana gore buka eno ke nngwe ya dikgatiso tse dintle thata tse di kileng tsa gatisiwa go thusa batho gore ba tlhaloganye Bibela mme segolobogolo go ba kgothatsa gore ba nne babaki ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa.
2 Ka 1982, eleng ngwaga eo buka ya Tshelela Ruri e neng ya gololwa ka one, baboledi ba le 28 783 ba ne ba tshwara dithuto tsa Bibela tse di ka tshwarang palogare ya 17 791 mo Afrika Borwa. Gone jaanong jaana, baboledi ba le 54 939 ba tshwara dithuto tsa Bibela di le 53 352. Go tla go fitlha jaanong, go ile ga gatisiwa dikaelo di le dimilione tse 62 tsa buka ya Tshelela Ruri ka dipuo di le 115. Abo buka eno e na le seabe se segolo jang ne mo tirong ya rona ya lefatshe ka bophara!
3 Tlhoma Mekgele: Kgolo eno e e tlhomologileng e ile ya nna gone ka ntlha ya go bo Jehofa a ile a segofatsa batho ba gagwe ebile ba ile ba tlhoafalela go thusa batho ba ba peloephepa ka molaetsa o o bolokang botshelo wa Bibela. (Bar. 10:13-15; 1 Tim. 2:4) Re lemoga kafa metlha e potlakileng ka gone le kafa go tlhokegang ka gone go tsenya marapo mo dinameng fa re bolela ka Bogosi jwa Modimo.
4 E re ka jaana phuthego e ntse e gatela pele, rona ka borona re dira jang? A re ikemiseditse go nna le seabe se se tletseng mo tirong e e botlhokwa ya go dira barutwa? Gore re dire seno re tshwanetse go itlhomela mekgele e e leng ya rona ka namana. A re ka tsenya marapo mo dinameng fa re latela ba ba bontshitseng kgatlhego? Ke eng fa o sa ipeele mokgele wa go simolola thuto ya Bibela e ntšha mo kgweding ya February?
5 Ke Mang Yo O Ka Tshwarang Thuto ya Bibela?: Baboledi ba le bantsi ba mefuta e e farologaneng ya botshelo ba ile ba nna le boipelo jwa go tshwara thuto ya Bibela go tswa bukeng ya Tshelela Ruri. Go kwalwa ga yone ka tsela e e motlhofo go dira gore go tshwara thuto go nne motlhofo, go thusa le batho ba ba sa leng basha gore ba nne le seabe mo tirong eno e e botlhokwa. Mo godimo ga moo, bontsi jwa rona re ile ra e ithuta ka namana, jalo re itse dilo tse di mo teng ga yone sentle. Mmoledi mongwe yo o neng a ise a ke a tshware thuto epe ya Bibela pele ga a dirisa buka ya Tshelela Ruri o ne a kwala jaana ka go supa kanaanelo: “Ke na le dithuto di le tharo mme ke tloga ke simolola e nngwe ya bone. Ke tlhaelelwa ke mafoko a go lo lebogela go dira gore go tshwara dithuto tsa Bibela go nne motlhofo jaana.”
6 Ba babotlana le bone ba nna le seabe se se tletseng mo tirong ya go ruta Bibela ka go dirisa buka ya Tshelela Ruri. Mokaulengwe mongwe yo mmotlana o na le go tlogela buka eno mo desekeng ya gagwe kwa sekolong. Seno se ne sa dira gore a kgone go nna le dipuisano tse dintle le batho le go nna le dithuto tsa Bibela di le mmalwa. Basha bangwe ba ile ba itebaganya le batho ka tlhamalalo ka go kopa batsadi bangwe mo bodiheding jwa ntlo le ntlo gore a ba ne ba ka se ba dumelele gore ba tshwarele bana ba bone thuto ya Bibela. Ga go ka tsela epe bana ba rona go ka tweng ba babotlana thata mo ba ka se keng ba bue kaga tsholofetso ya ga Jehofa ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.
7 Sengwe sa dilo tseo di ka fang motho ope fela boitumelo jo bogolo fela thata mo bodiheding a e ka ne a le mogolo kana a le mmotlana ke go tshwara thuto ya Bibela ya legae. Jalo he a mongwe le mongwe wa rona a rapelele thuso ya ga Jehofa mme a dirise tshono nngwe le nngwe gore a bolele tsholofelo ya rona phatlalatsa. Dirisa buka ya Tshelela Ruri go thusa ba bangwe go ithuta kafa ba ka kgonang go nna le seabe ka gone mo go bakeng Modimo wa rona, Jehofa.—Pes. 148:12, 13.