Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Buka ya Tshelela Ruri
1 Go rata batho go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re boe ka bonako go ya go thusa batho ba ba bolailweng ke tlala ya boammaaruri e bile ba nyorilwe. (Math. 5:6) Re tshwanetse go ela tlhoko mme re tlhagolele kgatlhegonyana epe e re e boneng fa re sa batle gore e fele. Go baakanyetsa ke selo sa botlhokwa se se ka thusang motho go atlega.
2 Mokgele wa rona e tshwanetse ya nna go simolola dithuto tsa Baebele. (Math. 28:20) Mo dikgatisong tse di gatisitsweng pele tsa buka ya Tshelela Ruri mo ketapeleng ya yone go ne go akgelwa jaana: “Eleruri buka eno e molemolemo tota gore motho a ka e dirisa go ithuta le mongwe le mongwe, mosha kana mogolo, go sa kgathalesege gore o rutegile go le kana kang.” E kwadilwe ka tsela e e dirang gore go nne motlhofo go tshwara dithuto, e thusa le baboledi ba basha go nna le seabe. Gore re atlege go tshwara dithuto go ikaegile ka go dira ga rona maeto a go boela a a nang le matswela.
3 Re ka Simolola Jang Dithuto? Gantsi go molemo gore fa re boela, re golaganye motlotlo wa rona le ntlha nngwe kana potso e re e umakileng mo loetong lwa rona lwa ntlha. Gongwe o ne wa bua ka boemo jwa baswi, o tlogetse potso e e reng, “Go na le tsholofelo efe ka baratiwa ba rona ba ba suleng?” Tlhalosa gore go tsoga ga baswi ke tsholofelo e tota e tla diragalang; go na le dikai tse dintsi tse di begilweng mo Baebeleng tsa go tsosiwa ga baswi. Sekaseka ditshwantsho tse di mo ditsebeng 167-9. Morago ga foo bua ka se se mo serapeng 1 le 2 mo go tsebe 166. Fa a kgatlhega, ithaope go boa gape go tla go tsweletsa motlotlo pele.
4 O ka tswa o ile wa bua le motsadi mongwe yo o tshwenyegileng ka mathata a a ntseng a oketsega a go godisa bana. O ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno ka mafoko a gago:
◼ “Batsadi botlhe ba eleletsa bana ba bone dilo tse di molemolemo. Baebele e na le taelo e e ka thusang batsadi go ruta bana ba bone gore ba tshele botshelo jo bo kgotsofatsang, jo bo itumedisang le jo bo nang le mosola. Ka ntlha ya seo, re kgothatsa malapa thata gore ba ithute Baebele mmogo. [Bula serapa sa 23 mo go tsebe 246.] Kitso e e bonwang mo go yone e ka leretse lelapa lotlhe masego a a tla nnelang ruri.” Bala Johane 17:3. Bolela gore o iketleeleditse go boa go tla go bontsha lelapa gore le ka simolola thuto ya bone jang.
5 Fa e le gore o mosha kana o sa tswa go nna mmoledi mme o ile wa bua ka bokhutshwane ka tsholofelo ya Paradaise mo loetong lwa gago lwa ntlha, o ka nna wa bolela sengwe se se tshwanang le seno, o budile buka mo tsebeng ya 3:
◼ “Baebele e solofetsa gore batho ba ba dirang go rata ga Modimo ba ka lebelela go tshela mo lefatsheng le le ntseng jaana, koo go tla bong go rena boitumelo le kagiso gone. Buka eno e bontsha se re tshwanetseng go se dira gore re amogele masego ao.” Tlhalosa ka bokhutshwane ka thulaganyo ya rona ya go ithuta, mme o ithaope go ba bontsha gore e dirwa jang.
6 Jaaka barutwa ba ga Jesu, re na le boikarabelo jwa go thusa batho. (Bar. 10:14) Fa re ile ra tsamaisa dibuka kana re nnile fela le motlotlo o o monate, re tshwanetse go tlhagolela kgatlhego. (Math. 9:37, 38) Fa re dira tiro eno sentle, rotlhe re ka amogela masego a a tla latelang.—1 Tim. 4:16.