LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/93 ts. 8
  • Nna Yo o Fetofetogang mo Bodiheding Jwa Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna Yo o Fetofetogang mo Bodiheding Jwa Gago
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditsenyeletso Tse Di Nang le Katlego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Diketapele Tsa go Tsosa Kgatlhego
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tsela ya go Baakanyetsa Matseno a a Nang le Matswela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Dipuisano Tse di Motlhofo le Tse Di Atlegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
km 3/93 ts. 8

Nna Yo o Fetofetogang mo Bodiheding Jwa Gago

1 Ga twe motswako o natetsha botshelo. Gantsi, go tlhalosa kgang e e rileng ka mokgwa o farologaneng go ka dira gore e kgatlhe. Seno se boammaaruri fela jalo le ka bodihedi jwa rona. Fa re sa ikele tlhoko, go ka nna motlhofo gore re bue selo se le sengwe fela fela fa re tsamaya ka ntlo le ntlo. Go boaboeletsa diketapele tse di tshwanang kgapetsakgapetsa go ka re lapisa rona le beng ba matlo. Ka jalo, nna yo o fetofetogang mo bodiheding jwa gago. Mme o ka dira seno jang?

2 Go na le go bua sengwe se se etsang, ‘Dumelang. Re etetse baagisani ka rona ka mafoko a a molemo a Bogosi,’ ke eng o sa senke ditsela tsa go fetola mafoko a gago a ntlha? Buka ya Go Fetolana e na le letlotlo la tshedimosetso ka diketapele. Mo ditsebeng 9-15, go na le diketapele mo dikgannyeng di le 18 tse di farologaneng. Mme go na le diketapele di le pedi, di le tharo, kana go feta tse di ka dirisiwang ka dikgang tse dintsi.

3 Fa o dirisa boroutšhara jwa “A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?,” ketapele eno e e mo karolwaneng e e reng “Botshelo/Boitumelo” mo tsebeng 13 e ka thusa:

◼ “Re bua le batho ba ba tshwenyegileng ka boammaaruri ka seemo sa botshelo gompieno. Bontsi bo ipotsa jaana gore, A tota botshelo jo bo itumedisang ka boammaaruri bo ka nna teng? Boroutšhara jono bo fa tlhaloso e e kgothatsang ebile e bula mogopolo.” Bula boroutšhara mo tsebeng ya 25, mme o bo o bala ntlha kana di le pedi tsa konokono go tswa mo serapeng sa 15 le 16.

4 Baboledi bangwe ba Bogosi—bogolo jang ba basha le basha, mme legale gape le ba bagologolo—ba lemogile gore go tsena batho ka tsela e e kgatlhang fa mejakong go ka dirwa ka go dirisa dipampitshana.

Mmoledi yo mmotlana o ka nna a dirisa pampitshana e e reng “A Lefatshe Leno le Tla Falola?” mme a bo a re:

◼ “Ke go tsholetse molaetsa o mokhutshwane ka ga isagwe ya lefatshe leno. Ke ka rata go go fa pampitshana eno ya setlhogo se se reng A Lefatshe Leno le Tla Falola?” Mmoledi yo mogolwane yo o tla bong a tsamaya le motho yo mmotlana o tla bona gore a ke a oketse ka dintlha tse dingwe, kana a tsamaise buka, go ya ka gore mong wa ntlo o ikutlwa jang.

5 Fa e le gore mong wa ntlo o a kgatlhega, mmoledi yo mogolwane o ka nna a re:

◼ “Bona ditshwantsho tseno tse pedi, sa sefofane se latlhela dibomo ka nako ya ntwa le sa ngwana yo o bolailweng ke tlala. [Bula tsebe 5.] Bona ditshwantsho tseno tsa thoromo ya lefatshe le monna yo o lwalang a le mo bolaong kwa kokelong. [Kgwa mowa.] Bibela e bontsha gore dilo tse di maswe tseno di tla tloga di fela.” Go tsweng foo o bo o bala Tshenolō 21:4, 5 le Pesalema 46:8, 9.

6 Fa o tsamaisa buka ya Tshenolō, ke eng o sa tlhomolole mokgwa o o nang le tsholofelo wa go leba isagwe o o tlhalosiwang mo go Tshenolō 21:3, 4? Go tsweng foo o bo o bala serapa 7 mo tsebeng 303 ya buka eo. Botsa mong wa ntlo gore a go a utlwala go dumela gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tseno. Go tlotla ka boperofeti jwa Bibela jo bo setseng bo diragaditswe go ka nonotsha tshepo ya mong wa ntlo ya gore Modimo o ka kgona go segofatsa setho.

7 Baboledi botlhe ba Bogosi ba batla go nna le seabe mo go itsiseng dilo tse di amanang le puso ya bomodimo, ba jala peo ya boammaaruri fa go kgonegang teng mme ba bo ba tlhagolela kgatlhego e e bontshitsweng. Mme fa jaanong re dirile seabe sa rona, re ka tlogelela Jehofa gore ene a godise mo isagweng. Re tshwere dikgang tse di molemo go di gaisa tsotlhe tse re ka di bolelelang baagisani ka rona. Fa ka metlha re nna re ipaakanyeditse, re ka nna ba ba fetofetogang fa go tla mo go boleleng ka molaetsa wa Bogosi le go nna podimatseba mo go tsamaiseng dikgatiso tsa rona.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela