Go Lebana le Kgwetlho ya Bodihedi Jwa go Tsamaya ka Ntlo le Ntlo
1 Kgang ya go tsamaya ka ntlo le ntlo, ya go ya kwa bathong ba re sa ba itseng, ke kgwetlho mo bathong ba le bantsi ba ba amogelang kobamelo e e itshekileng. Mme go rata Jehofa ka boammaaruri go thusa motho gore a lebane le kgwetlho eno, tota le ba ba ditlhong thata ka tlholego ba ile ba tswelela pele go fitlha e nna bareri ba nako e e tletseng ba dikgang tse di molemo.
2 Bibela e re phepafaletsa gore Bakeresete ba pele ba ne ba bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo ba tsamaya ka ntlo le ntlo. (Dit. 5:42; 20:20, 21) Rona Bakeresete ba mo lekgolong la bo20 la dingwaga, le rona re na le seabe mo tirong eno. Lorato lwa rona mo Modimong le mo baagisaning ka rona lo re tlhotlheletsa gore re dire tiro eno le mororo re ka nna ra kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ba re kgopisang, ba ba re sotlang, kana ba ba bontshang bobaba ka tlhamalalo.
3 Se go Lebana le Kgwetlho go Se Fitlhelelang: Nako le nako fa re ya kwa bathong, re leka go jala peo e sekae ya boammaaruri, re itse gore kgabagare go dira jalo go ka nna ga ungwa leungo la Bogosi. (Mor. 11:6) Maemo a motho ka bongwe a a fetoga. Mong wa ntlo o ka nna a diragalelwa ke sengwe se se ka mo dirang gore a akanye ka seo mongwe wa rona a ileng a se bua kwa ntlong ya gagwe, mme o ka nna a tlhwaya tsebe thata mo nakong e e tlang.
4 Bodihedi jwa rona jwa ka ntlo le ntlo bo naya ba ba ratang boammaaruri le tshiamo sebaka sa go ithuta ka ga Jehofa le maikaelelo a gagwe, bo ba wetsa mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Ka gone bao ba latelang menate ya lefatshe ba tlhagisiwa ka tsela e e lorato gore ba tlhoka go fetoga e le gore ba tle ba amogelwe ke Jehofa. Gape bodihedi jono bo itsise leina la ga Jehofa le go mo tlotla, go sa kgathalesege gore a beng ba matlo ba a reetsa kana nnyaa.—Esek. 3:11.
5 Go nna le seabe mo bodiheding jono go re thusa go nna le maungo a moya, a a etsang lorato lo lo senang bopelotshetlha, boitumelo, kagiso, le bopelotelele. (Bagal. 5:22) Go re thusa gore re nne batho ba ba boikokobetso le ba ba kutlwelobotlhoko, ereka go kopanyeletsa go direla ba bangwe molemo. Go nna re tshwaregile mo tirong ya ga Jehofa go re sireletsa mo lefatsheng leno.—1 Bakor. 15:58.
6 Thuso ya go Lebana le Kgwetlho: Baboledi ba basha ba tlhoka go ithuta kafa ba ka nnang le seabe ka teng mo tirong eno e e itumedisang tota. Gantsi ga ba itshepe mme ka gone ba ka nna ba kgobega marapo fa ba akanya fela ka go tsamaya ka ntlo le ntlo. Re ka tlotla le bone ka dilo tse batho ba tlwaetseng go re ganetsa mo go tsone le gore re ka nna ra ba araba jang. Re ka ithuta go dirisa dingwe tsa dikakantsho tse di molemo tse di mo bukeng ya Go Fetolana tsa kafa re ka arabang ka teng ba ba kgoreletsang motlotlo. Ke ka ntlha yang o sa iphe sebaka sa go ba thusa go baakanyetsa tirelo ya tshimo? Gape ba ka bona thuso e e oketsegileng ka go nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa tirelo ya tshimo mme morago ga moo ba bo ba bereka le baboledi ba ba nang le maitemogelo. Go bereka le setlhopha go ka ba nonotsha tota.
7 Go tsamaya ka ntlo le ntlo, ke tshiamelo ya rona ya go emela Modimo wa rona, Jehofa. Ke tlotlo efe e kgolo e tota motho ope a ka nnang le yone e e fetang go nna modiri mmogo le Modimo? (1 Bakor. 3:9) Fa re ikaega ka ene, moya wa gagwe o tla re thusa go lebana le kgwetlho ya bodihedi jwa go tsamaya ka ntlo le ntlo.—2 Bakor. 3:5.