Nna le Boikutlo jo bo Siameng
1 A bo re itumela jang ne go bala ka koketsego e e gakgamatsang e e nnang teng kwa dinageng tse dintsi! Lefa go ntse jalo, re lemoga gore mo mafelong a mangwe gantsi baboledi ba Bogosi ba kopana le batho ba ba seng botsalano, ba ba sa kgatlhegeng, kana le ba ba ganetsang tiro ya rona ya go rera kwantle ga go iphitlha. Re ka nna jang re na le boikutlo jo bo siameng fa tshimo ya rona e ntse jaana? Re ka tila jang gore re se ka ra nna le maikutlo a a sa siamang ao a ka dirang gore re se ka ra itumela kana a re kgoba marapo gore re se ka ra tlhoafala mo tirong ya rona ya go dira barutwa?
2 Boikutlo jo bo siameng bo tla re thusa gore re lebe dilo ka tsela e e lekalekaneng. Le e leng fa re lebana le maemo a a thata, ga re a tshwanela go letla dikakanyo tse di sa siamang go laola tsela e re lebang dilo ka yone. Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemolemo. E ne e le batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba dumela se a neng a se ruta. Batho ba bantsi ba ne ba kgopisiwa ke dilo tse a neng a di ruta. O ne a lebana le maemo a a neng a leka boitshoko jwa gagwe tota. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba nyatsa tiro ya gagwe mme ba dira maano a go mmolaya. O ne a kgwelwa mathe, a batolwa, a sotliwa, a bediwa, mme kgabagare a bolawa. Lefa go ntse jalo, o ne a itumelela tiro e a neng a e dira. Ka ntlha yang? O ne a lemoga botlhokwa jwa go dira go rata ga Modimo, mme a se ka a ineela.—Yoh. 4:34; 13:17; Baheb. 12:2.
3 Boloka Pono E E Siameng ka Bodihedi jwa Rona: Re tshwanetse gore re nne re gakologetswe dintlha dingwe tse di mmalwa gore re kgone go dira seno. Gakologelwa gore re na le molaetsa o bontsi jwa batho ba o itlhokomolosang kana ba o ganang. (Math. 13:14, 15) Le mororo baaposetoloi ba ne ba laetswe go ya ka molao gore ba emise go tlhola ba ruta ka leina la ga Jesu, ba ne ba nna ba dira tiro ya bone ya go rera, mme thobo e ne ya nna ya oketsega. (Dit. 5:28, 29; 6:7) Re nna re ntse re itse gore mo mafelong a mangwe go na le batho ba le mmalwa fela ba ba tla reetsang. (Math. 7:14) Ka jalo, re na le lebaka la gore re itumele fa go na le motho a le mongwe fela yo o reetsang mo tshimong ya rona. Gakologelwa gape gore, le e leng batho ba ba ganetsang ba tshwanetse gore ba fiwe sebaka sa gore ba utlwe. (Esek. 33:8) Baganetsi ba bangwe kgabagare ba a fetoga mme ba nne baobamedi ba ga Jehofa. Fa re leba bodihedi jwa rona ka tsela e e siameng, re tla ikutlwa re kgotsofetse, le e leng fa go reetsa batho ba le mmalwa fela. Go ya ga rona fela kwa matlong ka molaetsa wa Bogosi jwa Modimo gone ka bogone go neela bosupi.—Esek. 2:4, 5.
4 Re na le lebaka le le utlwalang la gore re lebe dilo ka tsela e e siameng. Go tswelela pele ga tiro mo lefatsheng lotlhe le bosupi jo bo oketsegileng jwa gore sepitla se segolo se atametse go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re dire bojotlhe jwa rona go dira ka poifomodimo. (2 Pet. 3:11, 14) Go dira ka tlhoafalo ka August e tla nna tsela e ntle ya go supa gore re lebogela dilo tse re di ithutileng. Mme gape re batla gore batho ba ba sa tswang go kopanela le bone ba nne le boikutlo jo bo siameng ka go dirisa dilo tse ba di rutiwang. Fa e le gore bangwe ba diithuti tsa rona tsa Bibela ba gatetse pele mo e leng gore ba siametse go nna baboledi ba ba sa kolobediwang, kgwedi ya August e tla nna nako e e siameng ya go dira gore ba simolole.
5 Go sa kgathalesege gore a re baboledi kana babulatsela, rotlhe re tla solegelwa molemo fa re ka gakologelwa gore dilo tse Jehofa a di batlang mo go rona ga di boima. (1 Yoh. 5:3) O solofetsa gore o tla re tshegetsa. (Baheb. 13:5b, 6) Le mororo batho ka kakaretso ba sa kgatlhege, ba se botsalano, kana ba ganetsa, re tshwanetse go nna re na le boikutlo jo bo siameng mme re tswelele pele re rera ka gonne ke go rata ga Modimo gore re dire jalo.—1 Tim. 2:3, 4.