LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/95 ts. 1
  • Keresete Sekao sa Basha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresete Sekao sa Basha
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Kgona go Ithaopa?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • A Eno e ka Nna Tiro e e Molemolemo mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tirelo ya Bethele—Go Tlhokega Baithaopi ba ba Oketsegileng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • A o Ka Kgona go Direla Jehofa Jaaka Mmulatsela?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 6/95 ts. 1

Keresete Sekao sa Basha

1 Morago ga puisano e telele ya Baebele, mosha mongwe o ne a bolela jaana: “Ke ne ka kgatlhwa ke botho jwa ga Jesu Keresete jo bo tlhomologileng. Ke ene moeteledipele yo ke ka mo ikanyang.” Go ka se ka ga buiwa jalo ka ope fela wa boradipolotiki kana borametshameko le bomankge ba boitlosobodutu. Bakeresete ba boammaaruri ga ba lebe batho ba ba latelang ditsela tsa lefatshe ka bomo le mekgwa e e seng ya Bokeresete jaaka batho ba ba ka latelang sekao sa bone.—Pes. 146:3, 4.

2 Basha ba ka tlhomamisega gore fa ba dumela mo go Jesu Keresete, ba a bo ba supa gore ke dinku tsa Modimo mme Jesu o a ba itse. Modisa yo o Molemo o a ba tlhokomela. (Joh. 10:14, 15, 27) Basha ba ba latelang Keresete jaaka Sekao sa bone ba a segofala.

3 Mokaulengwe mongwe yo gone jaanong a direlang kwa Bethele e e kwa Brooklyn o ne a dirile tshiamelo eno mokgele wa gagwe fa a sa le dingwaga di le robedi. O ne a kgothalediwa gore a lebe tirelo ya Bethele jaaka tsela e ntle ya go latela sekao sa ga Keresete fa a setse a godile. Batsadi ba gagwe mmogo le balebedi ba ba etang ba ne ba mo thusa gore a dire seno mokgele wa gagwe. Gore ba mo thuse go ipaakanyetsa seno, ba ne ba mo kgothaletsa gore a dire ka natla fela jaaka motho yo o kwa lelapeng la Bethele, ka go dira ditiro tsa mo gae, go thusa go tlhokomela Holo ya Bogosi, le ka go tokafatsa bokgoni jwa gagwe mo tirelong ya tshimo. Fa a setse jaanong a na le dingwaga tse dintsi a direla kwa Bethele, o itumelela go bo e rile a santse a le mosha a dira boiteko jwa go etsa sekao sa ga Keresete.

4 Jesu ga a ka a itlhophela tsela nngwe e e mo lefatsheng; go na le moo, o ne a tlhopha bodiredi. Kgaitsadi mongwe yo mmotlana o ne a batla go bula tsela fa a fetsa kwa sekolong mme o ne a etsaetsega ka go bo a ne a sena tiro e e seng ya letsatsi lotlhe e e siameng. O ne a nna a akanya ka gore: ‘Ke tla batla tiro pele, mme morago ga foo ke tla romela foromo ya me ya bobulatsela.’ Mogolwane mongwe o ne a mmontsha gore fa a nnela go leta nako e telele, o tla raelesega go amogela tiro ya letsatsi lotlhe e re ka go sena sepe se se mo thibelang gore a e amogele. O ne a bolela jaana: “Ke ne ka rapela Jehofa gore moya wa gagwe o nkaele.” O ne a ikwadisa go nna mmulatsela yo o thusang kwantle ga go senya nako mme moragonyana a nna mmulatsela wa ka metlha. Ka bonako fela morago ga foo o ne a bona tiro e e tshwanelang e e neng e dumalana le thulaganyo ya gagwe ya bobulatsela.

5 Jesu o ne a bolelela mongwe le mongwe molaetsa wa Bogosi ka bopelokgale. (Math. 4:23) Bakeresete ba babotlana le bone ba ka ithuta go rera ka bopelokgale, ba sa boifisiwe ke batho ba bangwe. Mosupi mongwe wa dingwaga tse 14 o ne a bolela jaana: “Mongwe le mongwe kwa sekolong o itse boemo jwa me jwa Bokeresete. . . . Ba bo itse sentle mo e leng gore fa ke kopana le mongwe yo ke tsenang nae mo tlelaseng fa ke le mo bodireding, ga ke tlhabiwe ke ditlhong. Gantsi balekane ba me ba sekolo ba a reetsa, mme gantsi ba tsaya dikgatiso.”

6 Fa basha ba sekaseka sekao sa ga Keresete, seo se tla ba thusa gore ba dire ditshwetso ka tsela e e botlhale malebana le isagwe. Go na le gore ba akanye thata ka ditiro tsa lefatshe, ba ‘gakologelwa Mmopi wa bone yo Mogolo’ ka go tlhoafala mo tirelong ya ga Jehofa. (Mor. 12:1) Fela jaaka Keresete Jesu, le bone ba tla dira gore ba nne le “lorato lwa Rara,” lo lo dirang gore ba amogele masego a a fetang sengwe le sengwe se se eletsegang se lefatshe le ka se ba nayang. Go na le gore ba ‘fete’ le lefatshe le legologolo leno, ba lebeletse pele go ‘nna ka bosakhutleng.’—1 Joh. 2:15-17.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela