Ipaakanyetse Dipokano Tsa Phuthego O bo O di Itumelele
1 Jaaka bakaulengwe, ka tshwanelo re kopana mmogo ka metlha kwa dipokanong tsa rona tsa beke le beke. (1 Tim. 4:15, 16) O ka di itumelela jang le go solegelwa molemo thata mo go tsone?
2 Motho o tshwanetse go beela nako kwa thoko ka metlha go ipaakanyetsa dipokano. Batho ba bangwe ba ka nna ba bo ba kgona go dirisa nako e e oketsegileng ba baakanyetsa go na le ba bangwe. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore re tshwaregile go le kana kang, go molemo gore re iphe nako ya gore re baakanyetse dipokano. Go molemo segolobogolo fa lo baakanyetsa mmogo jaaka lelapa.—Baef. 5:15, 16.
3 Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo: Leka go tsamaisana le thulaganyo ya beke le beke ya go bala Baebele. (Još. 1:8) Sekaseka tshedimosetso e e tla balwang mme o tle ka dikgatiso tse di tlhokegang gore o tle o bale mmogo le dibui. Akanya ka ditsela tse o ka kgonang go dirisa tshedimosetso eno mo bodireding jwa gago.
4 Pokano ya Tirelo: Sekaseka thulaganyo e e leng mo teng ga Tirelo ya Rona ya Bogosi. Bala ditlhogo tse go tla tlotliwang ka tsone. Bala ka dikgang tse go tla tlotliwang ka tsone. Fa e le gore go tla bo go tlotliwa ka kgang nngwe go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo kana mo kgatisong e nngwe e sele, e batle mme o e bale le yone. Fa e le gore go tla dirwa dipontsho tsa dipuisano tsa tirelo ya tshimo, di sekaseke go sa le gale gore o tle o ipaakanyetse go di dirisa mo bodireding jwa gago.
5 Thuto ya Tora ya Tebelo: Bala thuto eo go sa le gale, o bo o tshwaya dikarabo tsa dipotso tsa yone. Fa o ka lebelela dikwalo tse di umakilweng go tla go thusa gore o tlhaloganye botoka. Fa o ka tlhatlhanya ka tsela eo thuto eo e tsamaisanang ka gone le se o setseng o se itse, seo se tla dira gore o nne le kitso e e oketsegileng. Ipaakanyetse go nna le seabe ka nako ya thuto ka go baakanyetsa dikakgelo tse dikhutshwane bobotlana mo serapeng se le sengwe kana di le pedi. Eno ke tsela e e botlhokwa ya go dira “boipolelo jwa tsholofelo ya rona.”—Baheb. 10:23.
6 Thuto ya Buka ya Phuthego: Sa ntlha, sekaseka tshedimosetso eo; akanya ka setlhogo sa kgaolo le ditlhogwana tsa yone. Mme fa o ntse o bala, ela tlhoko dintlhakgolo. Sekaseka ditemana tsa Baebele tse di tshegetsang kgang eo. Leka go araba dipotso ka mafoko a gago. Fa o setse o ipaakanyeditse thuto eo, e boeletse mo mogopolong wa gago. Leka go gakologelwa dintlhakgolo le mabaka a a filweng.—2 Tim. 2:15.
7 Itumelele Dipokano: Gore o tle o itumelele dipokano ka botlalo, go botlhokwa gore o fitlhe ka nako gore o nne teng ka nako ya thapelo e e simololang, e go kopiwang moya wa ga Jehofa mo go yone. Dipina tsa Bogosi tse di lapolosang le tsone di tla go solegela molemo. Fa o sena bana ba babotlana kana o sena lebaka le lengwe la gore o nne kwa morago mo holong, o tla fitlhela gore fa o nnela kwa pele, o ka se ka wa iteega tsebe thata e bile thulaganyo e tla go tswela mosola thata. Batsadi ba ba nang le bana ba babotlana ba ba tla tshwanelang gore ba isiwe kwa ntle ba ka nna ba fokotsa go itaya batho ba bangwe tsebe ka go dula gaufi le phasiki le go ela kwa morago.
8 Leka go leba dikwalo tse di balwang. Seno se tla go thusa gore o gakologelwe se o se utlwang. Fa o bua le lelapa la gago le ditsala tsa gago ka dilo tse o di ithutang go tla dira gore tshedimosetso eo e nne mo mogopolong wa gago. Fa o dirisa dikakantsho tseno go tla dira gore dipokano di nne mosola thata e bile o tla di itumelela le go feta mme eleruri di tla ‘re tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’—Baheb. 10:24, 25.