LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/96 ts. 5
  • Bua Boammaaruri le wa Gaeno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bua Boammaaruri le wa Gaeno
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Senkang Batho ba ba Tshwanelang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka a Boammaaruri A A mo Nakong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
km 5/96 ts. 5

Bua Boammaaruri le wa Gaeno

1 Nngwe ya ditaolo tse pedi tse dikgolo ke ya gore: “O rate wa gaeno jaaka o ithata.” (Math. 22:39) Lorato lo lo ntseng jalo lo tla re tlhotlheletsa gore re abele baagisani ba rona selo se se molemolemo se re nang naso—boammaaruri jo re bo boneng mo Lefokong la Modimo. E re ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di tlhalosa molaetsa wa Baebele wa boammaaruri, fa re tsamaisa makwalopaka ano ka kgwedi ya May e tla bo e le tsela e nngwe e ka yone re ka ‘buang boammaaruri le bagaetsho.’—Baef. 4:25.

2 Makasine wa “Tsogang!” wa May 8 o tshwanetse go tsamaisiwa go fitlhela di fela tsotlhe. O ka nna wa simolola puisano ya gago ka go botsa jaana:

◼ “O akanyang ka lefatshe le go sa tlholeng go nna le ntwa mo go lone? [Letela karabo.] A o ne o itse gore ditumelo tsa lefatshe ke tsone tota tse di tlhotlheletsang dintwa le dipolao? [Letela karabo.] Go farologana le seo, ela tlhoko gore Baebele ya re baobamedi ba boammaaruri ba tla dirang.” Bala Isaia 2:2-4 ka kwa godimo ga tsebe 4 ya makasine oo mme morago ga foo o bo o bala serapa sa ntlha mo tsebeng ya 10 kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Go Ikuela mo Barating ba Kagiso.” Morago ga foo mmotse jaana: “A o itse gore Modimo o tla dira seo jang? O tla bona karabo mo makasineng ono. Nka rata go go tlogelela dimakasine tse pedi tseno ka moneelo wa R2,00.”

3 Fa o tsamaisa “Tora ya Tebelo” ya May 15, leka go bua ka tiragalo nngwe ya dikgang tsa bosheng e e ileng ya dira gore batho ba ikutlwe ba sa babalesega, mme o bo o botsa jaana:

◼ “O akanya gore ke eng se se tla dirang gore re ikutlwe re babalesegile tota mo botshelong? [Letela karabo.] Fa re bua boammaaruri fela, a go a utlwala gore re ikanye batho go ka rarabolola mathata a batho ba lebaneng le one? [Letela karabo; morago ga foo o bo o bala Pesalema 146:3.] Morago ga seo mopesalema o re neela lebaka la go bo re ka nna le tsholofelo ka isagwe. [Bala Pesalema 146:5, 6.] Setlhogo seno se se reng ‘Polokesego ya Boammaaruri Jaanong le ka Bosakhutleng,’ se tlhalosa lebaka la go bo re ka tshepa gore Jehofa Modimo o tla tlisa maemo a a botoka mo lefatsheng.” Mo kope gore o mo tlogelele dimakasine tse pedi le gore o boe go tla go tlotla ka gore go tla kgonega jang gore re itumelele botshelo jo bo babalesegileng gone jaanong.

4 Setlhogo se se kafa ntle ga makasine wa “Tsogang!” wa June 8 se tshwanetse gore se tsose kgatlhego ya batho mo tirong ya ntlo le ntlo le mo tshimong ya kgwebo. O ka nna wa se buelela ka go bolela jaana:

◼ “Basadi ba le bantsi ba ile ba tlhobaediwa ke go tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo kwa tirong. Boemo bo ile jwa nna masisi thata mo e leng gore dikgotlatshekelo di ile tsa simolola go otlhaya batho ba ba go dirang le go duela ba ba tlhaselwang. Go thusa setšhaba, re ile ra gatisa pego eno e e fedisang ngwao e e leng teng gare ga batho malebana le kgang eno. Gape e neela basadi le banna dikakantsho tse di mosola tsa gore ba ka itshireletsa jang gore ba se ka ba tlhaselwa kana ba latofadiwa ka go tlhorontsha ka tsa tlhakanelodikobo. A o ka rata go bala makasine ono wa Tsogang!? [Letela karabo.] Re tsamaisa makwalopaka a rona ka moneelo o monnye wa R2,00.”

5 Fa o batla go nna le puisano e khutshwane, o ka nna wa leka seno:

◼ “Batho ba le bantsi ba akanya gore bontsi jwa dimakasine tse di ratiwang thata gompieno di bua thata ka kgwebo, tlhakanelodikobo kana thubakanyo. [Mmontshe makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang!] Re tsamaisa makwalopaka a a molemo ano a a theilweng mo Baebeleng. Di ruta thata mme di re ruta go obamela Modimo, go rata moagisani wa rona, le go nna re boloka boitsholo jo bo tshwanetseng. Fa e le gore o rata go bala dikgatiso tse di ntseng jalo, ke itse gore o tla itumelela se o tla se bonang mo dimakasineng tseno.”

6 Fa re tlhoafaletse go bua boammaaruri le baagisani ba rona, re ka kgona go dira gore batho ba le bantsi ba ipele thata.—Dit. 8:4, 8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela