Go Diragatsa Maikano a Rona ka Malatsi Otlhe
1 Mopesalema Dafite o ne a tlhotlheletsega go bolelela Jehofa jaana: “Ke tlaa opelela leina la gago dipako ka bosakhutleng, gore ke nne ke diratse maikano a me ka malatsi otlhe.” (Pes. 61:8) Dafite o ne a itse gore go dira maikano ke selo se motho a ithaopelang go se dira ka boene fela. Lefa go ntse jalo, gape o ne a tlhokomela gore fa a dira maikano, o ne a patelesega go a diragatsa. Lefa go ntse jalo, o ne a baka Jehofa ka ntlha ya sebaka se a neng a na le sone sa go diragatsa maikano a gagwe ka malatsi otlhe.
2 Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ne ka go rata ra ikana go dira thato ya gagwe. Re ne ra iitatola mme ra dira gore go direla Jehofa e nne selo sa ntlha se re se batlang mo botshelong. (Luke 9:23) Ka gone, le rona re tshwanetse go diragatsa maikano a rona ka malatsi otlhe. (Mor. 5:4-6) Boipolelo jwa rona jwa phatlalatsa jo re bo dirang ka nako ya fa re kolobediwa mo metsing, bo tshwanetse jwa bonala mo tseleng yotlhe e re tshelang ka yone, ka re itse gore “boipolelo bo dirwa ka molomo go isa polokong.” (Bar. 10:10) Seno se akaretsa go rera mafoko a a molemo. (Baheb. 13:15) Maemo a motho ka namana a farologana thata, mme ka malatsi otlhe rotlhe re ka kgona go tlhokomela botlhokwa jwa go bolelela ba bangwe mafoko a a molemo.
3 Dira Gore o Nne le Dibaka Tsa go Rera Letsatsi le Letsatsi: Go bolelela motho yo mongwe mafoko a a molemo ke selo se se itumedisang tota. E le gore re tle re dire seno letsatsi le letsatsi, re tshwanetse go dira gore re nne le dibaka tsa go rera nako le nako fa maemo a rona a re letla. Bontsi jwa maitemogelo a a itumedisang, a itumeletswe thata ke bao ba ileng ba simolola go neela bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo bathong ba ba kwa tirong kana kwa sekolong le baagelani kana bangwe bao ba kopanang le bone letsatsi le letsatsi. Tota le eleng go kwala makwalo kana go dirisa thelefouno e ka nna ya nna tsela ya go neela ba bangwe bosupi. Go dirisa tsotlhe tseno mmogo le go beela nako kwa thoko ya gore ka metlha re neele bosupi ka ntlo le ntlo le go dira maeto a go boela go ka nna ga gogela mo boitumelong jo bo kgethegileng jo bo lerweng ke go tshwara thuto ya legae ya Baebele. Ee, re ka kgona go dira gore re nne le dibaka tsa go rera letsatsi lengwe le lengwe.
4 Kgaitsadi mongwe o ne a simolola go bala buka ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe ka nako ya gagwe ya go ikhutsa kwa tirong. O ne a laletsa modirikaene gore a tle go bala temana ya letsatsi mmogo le ene, mme ka bonako seo se ne sa gogela mo thutong ya Baebele le mosadi yono. Ba ne ba bala sebaka sa halofo ya ura letsatsi lengwe le lengwe, ka malatsi a le matlhano ka beke. Modirikaene yo mongwe le ene o ne a tlhokomela thuto eno ya bone e ba e tshwarang letsatsi le letsatsi. Morago o ne a itlhalosa gore le ene ke mokaulengwe yo o tsidifetseng. A tlhotlhelediwa ke botlhaga jwa ga kgaitsadi, o ne a atamela mogolwane, e le gore a tsosolosiwe. Kgaitsadi yono o ne a nna le tlhotlheletso e e molemo mo bathong ba bangwe ba babedi, ka ntlha ya go tswelela a diragatsa maikano a gagwe ka malatsi otlhe.
5 Fa re tlhotlhelediwa ke pelo e e tletseng kanaanelo ka dilo tsotlhe tse di molemo tseo Jehofa a re diretseng tsone, go diragatsa maikano a rona a boineelo kafa re ka kgonang ka gone letsatsi lengwe le lengwe, go tla re tlisetsa boipelo le kgotsofalo. Jaaka mopesalema, re tla kgona go bolela jaana: “Ke tlaa go baka Morena Modimo wa me, ka pelo ya me yotlhe fela; ke tla galaletsa leina la gago ka bosenabokhutlo.”—Pes. 86:12.