Go Tshwanelega Le Go Etleetsegela Go Ruta Ba Bangwe
1 Fa Moshe a ne a tlhomiwa go nna moemedi wa ga Jehofa, o ne a sa ikutlwe a tshwanelega go bolelela Faro lefoko la Modimo. (Ekes. 4:10; 6:12) Jeremia o ne a bontsha a sa tshepe gore o tla kgona go dira e le moporofeti wa ga Jehofa, a bolelela Modimo gore o ne a sa itse go bua. (Jer. 1:6) Lefa kwa tshimologong baporofeti bano ba ne ba sa itshepe, ka bobedi ba ne ba itshupa e le basupi ba ba pelokgale ba ga Jehofa. Modimo o ne wa dira gore ba tshwanelege sentle.
2 Gompieno, ka thuso ya ga Jehofa, re na le se re se tlhokang go swetsa bodiredi jwa rona ka bopelokgale. (2 Bakor. 3:4, 5; 2 Tim. 3:17) Jaaka makheneke yo o tshwanelegang sentle yo o nang le didirisiwa tsotlhe, re etleetsegetse go swetsa bodiredi jo re bo abetsweng sentle ka botswerere. Ka January re tsamaisa buka ya Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? Le mororo sedirisiwa seno sa semoya se se sesha, ditlhogo tsa sone tsa Dikwalo di santse di le mo nakong e bile e tla thusa batho go ithuta boammaaruri. Ditsela tse di latelang tsa puisano di ka dirisiwa mo maemong a a farologaneng a a leng gone mo tshimong ya rona.
3 Kgang e e amanang le thuto e ka dirisiwa go dira gore motho a kgatlhegele Lefoko la Modimo. O ka nna wa simolola motlotlo ka go re:
◼ “Gompieno go buiwa thata gore go tlhokega thuto ya maemo a a kwa godimo. Go ya ka pono ya gago, ke thuto efe e motho a tshwanetseng go leka go e bona gore a tlhomamise gore o tla bona boitumelo jo bogolo le katlego mo botshelong? [Mo letle gore a arabe.] Batho ba ba anyang kitso ya Modimo ba ka kgona go bona melemo ya go ya go ile. [Bala Diane 9:10, 11.] Buka eno e e reng Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? e theilwe mo Baebeleng. E bua ka motswedi o le mongwe fela wa kitso e e ka dirang gore o bone botshelo jo bo sa khutleng.” Go tswa foo mo ise kwa serapeng 8 mo tsebeng ya 6 go bontsha gore Baebele e re naya kitso e re e tlhokang. Mo neele buka eno ka moneelo wa R4,00, mme o rulaganyetse go boela gape kwa go ene.
4 Fa o boela kwa go mongantlo yo o tlotlileng le ene ka botlhokwa jwa thuto ya Baebele, o ka nna wa re:
◼ “Fa ke ne ke le fano mo nakong e e fetileng, re ne ra bolela fa Baebele e le yone motswedi wa thuto e e ka re fang isagwe ya go ya go ile. Gone ke boammaaruri gore go tlhokega maiteko gore re ithute se re tlhokang go se itse mo Dikwalong. [Bala Diane 2:1-5.] Batho ba le bantsi ba go fitlhela go le boima go tlhaloganya dikarolo dingwe tsa Baebele. Nka rata go go bontsha ka bokhutshwane fela mokgwa o re o dirisitseng thata go thusa batho gore ba ithute go le gontsi ka dithuto tsa motheo tsa Baebele.” Bula tsebe e e tshwanetseng mme o bo o mmontsha ka bokhutshwanyane fela gore thuto ya Baebele e dirwa jang, o dirisa buka e o neng wa e tlogela. Fa mongantlo a rata go tshwarelwa thuto ka metlha, mo tlhalosetse gore o tla tla ka buka e e re thusang go ithuta ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng.
5 Batho ba le bantsi ba tshwentswe ke go boga ga dimilione tsa bana ba ba mo lefatsheng. Gongwe o ka thusa mongantlo go bona gore Modimo o leba jang bothata jono, ka go re:
◼ “Ntle le pelaelo o bone dikgang tse di buang ka bana mo lefatsheng lotlhe ba ba bolawang ke tlala, ba ba lwalang, le ba ba tlhokomologilweng fela. Ke ka ntlha yang fa mekgatlho e e amegang e sa kgone go baakanya boemo jono? [Mo letle gore a arabe.] Modimo o batlela batho dilo tse di molemo fela. Ela tlhoko gore o solofetsa bana le bagolo eng, jaaka fa se kwadilwe mo Baebeleng. [Bala Tshenolo 21:4.] Buka eno e e reng Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? e na le dintlha tse di oketsegileng kaga lefatshe le mo go lone Modimo a dirang gore go se ka ga nna le go boga.” Bula setshwantsho se se bontshang Paradaise mo tsebeng ya 98, mme o bo o tlotla ka sone. Tsamaisa buka eno ka moneelo wa R4,00, mme o rulaganyetse loeto lo longwe.
6 Fa mo nakong e e fetileng o ne o bua ka go boga ga bana, mo loetong lo lo latelang o ka nna wa tsweletsa motlotlo ka go re: ◼ “Fa ke ne ke le fano maloba jaana, o ne wa bontsha gore o tshwenyegile thata ka bothata jono jwa bana ba ba bogang ka ntlha ya magae a a thubegileng, tlala, bolwetse le thubakanyo. Go a gomotsa go bala mo Baebeleng ka lefatshe le mo go lone bana le bagolo ba se kitlang ba lwala, ba utlwa botlhoko kana ba swa. Polelelopele e e mo bukeng ya Isaia e tlhalosa botshelo jo bo botoka jo bo tlileng go tla mo lefatsheng.” Bala o bo o tlotle ka Isaia 65:20-25. Dira gore go feleletse lo ithuta Baebele ka buka ya Kitso.
7 E re ka batho ba le bantsi ba akanya thata ka kgang ya go babalesega ga bone ka ntlha ya go oketsega ga bokebekwa, o ka nna wa simolola motlotlo ka kgang eno ka go re:
◼ “Re tlotla le baagelani ba rona ka kgang ya go babalesega ga bone ka namana. Re potapotilwe ke bokebekwa jo bontsi, mme bo ama matshelo a rona. Tharabololo ke efe? A o akanya gore motho mongwe a ka tlosa mathata ano mo lefatsheng?” Mo letle a arabe. Go ikaegile ka gore o araba jang o ka nna wa tswelela jaana: “Go ne go ka nna jang fa mmusi mongwe a ne a na le ditshwanelego tse di tshwanang le tseno tse di bolelwang mo go Isaia 9:6, 7? [E bale.] A ga o akanye gore go ne go tla dira gore lefatshe le babalesege botoka?” Tlotlomatsa dintlha dingwe go bontsha gore lokwalo lono lo bua ka Jesu Keresete. “Buka eno e e nang le setlhogo se se reng Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? e tlotla sentle ka tsholofelo e le nosi e re nang le yone ya pabalesego le polokesego le kafa ‘Kgosana ya Kagiso’ e tla tlisang kagiso ya lefatshe lotlhe mo lefatsheng ka gone mo nakong ya rona. A o ka rata go ithuta go le gontsi ka lefatshe le lesha le le solofeditsweng?” Mo tsamaisetse buka eno ka moneelo wa R4,00.
8 Fa o boela go tsweletsa motlotlo wa nako e e fetileng kaga go babalesega ga motho, o ka nna wa leka go bua ka tsela eno:
◼ “Ke ne ka itumelela motlotlo wa rona ka kgang ele ya go babalesega ga rona. Jaaka fa re ne ra tlotla, Jesu ke ene fela mmusi yo o ka lereng polokesego ya go ya go ile mo lefatsheng. O tla kgatlhegela go utlwa ka dilo tse dingwe tse a tla di direlang setho ka nako ya fa a busa.” Bala o bo o tlotle ka serapa 20 mo tsebeng ya 42 mo bukeng ya Kitso, o bo o mmotse gore a o ka mmontsha gore Baebele e ithutiwa jang lo thusiwa ke buka eno.
9 Mo kgannyeng ya go ruta ba bangwe kitso ya Modimo, re ka nna ra botsa jaana, “Ke mang yo o tshwanelegelang dilo tseno sentle?” Dikwalo di a araba: “Ke rona.”—2 Bakor. 2:16, 17, NW.