Re Tshwanetse Go Etela Batho Gangwe Le Gape
1 A o ne wa amogela dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha fela fa mongwe a ne a bua le wena ka tsone? Fa go sa nna jalo, o tshwanetse go itumelela gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba nna ba boela kwa go wena gangwe le gape go fitlha kgabagare o amogela thuto ya Baebele. Go molemo go akanya ka seno fa o nna o boaboelela tshimo ya lona nako le nako.
2 Matshelo a batho a nna a fetoga ka metlha yotlhe. Ba lebana le mathata kana maemo a masha, ba utlwa kaga ditiragalo tse di tlhobaetsang mo tikologong kana mo lefatsheng, ba nna le mathata a madi, kana mongwe mo lelapeng o a lwala kana o a tlhokafala. Dilo tseno di ka dira gore ba batle go itse se se bakang matshwenyego ano. Re tshwanetse go lemoga dilo tse di imelang batho sekanakana mo mogopolong mme re ba leretse molaetsa o o gomotsang.
3 Eno ke Tiro ya Namolo: Akanya ka badiri ba phalotso fa go na le kotsi ya masetlapelo. Le fa bangwe ba ka nna ba bo ba senka mo lefelong le go nang le bafalodi ba le mmalwa fela mo go lone, ga ba repise diatla le go tlogela ka gonne badirimmogo le bone ba bona bafalodi ba bantsi kwa mafelong a mangwe. Tiro ya rona ya go falotsa batho ga e ise e wele. Ngwaga le ngwaga go ntse go bonwa batho ba le makgolo a dikete ba ba batlang go falola ‘pitlagano e kgolo.’—Tshen. 7:9, 14.
4 “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Bar. 10:13-15) Mafoko ano a tshwanetse a gatelela mo go mongwe le mongwe wa rona botlhokwa jwa go tswelela re rera re sa kgaotse. Fa e sa le go tloga re dira tshimo ya rona ka lekgetlo la ntlha, bana ba setse ba godile mme jaanong ba godile mo go lekaneng gore ba ka akanyetsa isagwe ya bone le maikaelelo a bone mo botshelong ka tsela e e masisi. Ga re kgone go itse gore kgabagare ke mang yo o tla reetsang. (Mor. 11:6) Bontsi jwa batho ba pele ba neng ba ganetsa ba amogetse boammaaruri. Tiro ya rona ga se go atlhola batho, mme ke gore re nne re ba neye sebaka sa go utlwa e le gore ba namolwe mo lefatsheng leno la bogologolo. Fela jaaka barutwa ba ntlha ba ga Jesu ba ne ba dira, re tshwanetse go ‘ya re sa kgaotse’ kwa bathong mme re leke go dira gore ba kgatlhegele molaetsa wa Bogosi.—Math. 10:6, 7.
5 Lebaka la go bo re sa ntse re na le sebaka sa go rera le bontsha fela kafa Jehofa a leng pelotlhomogi ka gone. (2 Pet. 3:9) Fa re ntse re naya ba bangwe sebaka sa gore ba utlwe molaetsa gangwe le gape, re bontsha lorato lwa Modimo mme ka tsela eno re a mmaka.