Dirisa Dibuka Tsa Bogologolo ka Botlalo
1 Motho o bolokile dimilionemilione tsa dibuka tsa bogologolo mo dilaeboraring mo lefatsheng lotlhe. Le fa go ntse jalo, a di ile tsa solegela lotso lwa batho molemo o o nnelang ruri? (Mor. 12:12) Dibuka tse di botlhokwa thata ke tse di bolelang ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se direlang batho. Diphuthego tse dintsi di na le dibuka tse di ntseng jalo mo setokong tse di gatisitsweng pele ga 1986. E re ka kgwedi eno e le ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang, re tshwanetse ra gakologelwa go tsamaisetsa batho dibuka tseno tsa bogologolo.
2 Di Botlhokwa Thata: Le mororo bangwe ba rona ba ka nna ba akanya gore dibuka tseno di siilwe ke nako fa di bapisiwa le dikgatiso tsa rona tse disha, re tshwanetse go gakologelwa gore di tshotse boammaaruri jwa Dikwalo. Ka gone, re tshwanetse go leka ka natla go dirisa dibuka tseno tsa bogologolo ka botlalo mo tshimong ya rona le mo tshimong e e sa abiwang.
3 Boitemogelo jo bo gatelelang botlhokwa jwa tsone ke jwa mosadi mongwe yo o neng a ja nkukuagwe boswa jwa dikgatiso di le dintsi tsa bogologolo tsa Watch Tower. Mosupi mongwe o ne a botsa mosadi yono gore a tota o ne a itse gore dikgatiso tseno di botlhokwa go le kana kang. Mosadi yono o ne a araba jaana: “Ga ke itse gore di botlhokwa go le kana kang, mme nka itse seo jang?” Mosadi yono o ne a amogela thuto ya Baebele, a tsena mo boammaaruring, mme morago ga moo a rata thata laeborari ya ga nkukuagwe. A bo motlobo oo wa dibuka tsa bogologolo o itshupile e le boswa jo bo botlhokwa jang ne!
4 Di Tsamaise: Mo godimo ga go tsamaisa dibuka tsa bogologolo ka ntlo le ntlo le kwa tshimong e e sa abiwang, tlhomamisa gore o a di tsamaisa fa o dira maeto a go boela kwa bathong ba o itseng gore ba rata go bala dikgatiso tsa rona, go akaretsa le ba ba nang le peeletso ya Tora ya Tebelo le Tsogang! le ba ba mo tselaneng ya gago ya dimakasine. Dibuka dingwe tsa bogologolo di ka dira gore ba o ba rutang Baebele ba nne le kitso e e tla dirang gore ba tlhaloganye boammaaruri botoka. O se ka wa lebala go ipatlela dibuka dipe tsa bogologolo tse di seyong mo motlobong wa gago.
5 Go na le gore re boloke dibuka tsa rona tsa bogologolo, a re di diriseng ka botlalo gore re tlhotlheletse batho ba re kopanang le bone go ‘boifa Modimo le go tshegetsa ditaolo tsa one.’—Mor. 12:13.