Dipokano Tsa Tirelo Tsa October
Beke e e Simololang ka October 4
Pina 147
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng go tswa go Tirelo ya Rona ya Bogosi. Kgwedi eno ke ya bofelo ya letsholo la tshimo e e sa abiwang. Tlotla ka dithulaganyo tsa teng le go kgothaletsa botlhe go nna le seabe ka botlalo.
17 mets: “Dirisa Dibuka Tsa Bogologolo ka Botlalo.” Dipotso le dikarabo. Umaka dibuka tsa bogologolo tse lo nang le tsone mo setokong. Tlhalosa dingwe tsa dikarolo tsa tsone tse di kgatlhang, o bo o tlhalosa ka fa di ka tsamaisediwang ba bangwe ka gone. Kgothaletsa botlhe go tsamaisa dibuka tseno kwa tshimong e e sa abiwang, mo bodireding jwa tshimo, le fa ba neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo ka October. Akaretsa le pontsho ya puisano e khutshwane, e bile e le motlhofo.
18 mets: Kgothalela Dimakasine! Bolela palo ya dimakasine tse di tsamaisitsweng ke phuthego mo kgweding e e fetileng. Di kae fa di bapisiwa le palo ya dimakasine tse di tswang kwa Mokgatlhong? Fa go na le pharologanyo e kgolo, ke eng se se tshwanetseng go dirwa? Kopa bareetsi go akgela ka dilo tse di latelang: (1) Mmoledi mongwe le mongwe o tshwanetse go otara palo e e lekaneng mme e le e e tshwanetseng. (2) Tsaya Matlhatso mongwe le mongwe e le Letsatsi la Dimakasine. (3) Dira gore o akaretse tiro ya dimakasine mo thulaganyong ya gago ya tirelo ya kgwedi le kgwedi. (4) Rulaganya go neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo o dirisa dimakasine go simolola motlotlo. (5) Tsamaisetsa borakgwebo le batho ba ba rutegileng dimakasine tse di nang le ditlhogo tse di kgethegileng tse ba ka nnang ba di kgatlhegela. (6) Kwala palo e e siameng ya dimakasine tse o di tsamaisitseng, mme o dire tsela ya dimakasine, ka go boela ka metlha o tshotse dimakasine tse disha. (7) Dirisa dikhopi dipe tsa dimakasine tsa bogologolo ka botlalo gore di se ka tsa koelana fela. Bontsha bareetsi dimakasine tse disha tse di gone, mme o umake ditlhogo tse di ka nnang tsa kgatlha batho. Dira gore go nne le mogolo le mosha, mongwe le mongwe wa bone a dira pontsho e khutshwane ya go tsamaisa dimakasine.—Bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1995.
Pina 105 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 11
Pina 194
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Pego ya diakhaonto.
20 mets:“Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa ‘Lefoko la Modimo la Boporofeti.’” (Dirapa 1-15) Dipotso le dikarabo. Bala dirapa 6, 8, 11 le 15. Gatelela mabaka a go bo re tshwanetse go nna gone mo kopanong yotlhe, go akaretsa le dithulaganyo tsa Labotlhano. Gatelela botlhokwa jwa go latela kaelo ya Mokgatlho ya gore re itlele dijo tsa motshegare kwa kopanong letsatsi le letsatsi.
15 mets: “Tsela ya go Itumelela Dipokano Thata.” Dipotso le dikarabo. Umaka dikai tse di rileng tsa ka fa re ka bontshang go akanyetsana le go kgothatsana ka gone kwa dipokanong. Kopa bareetsi ba bolele dikai tsa maitemogelo a bone.
Pina 152 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 18
Pina 196
10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona le maitemogelo a tirelo ya tshimo.
10 mets: “A o A Fuduga?” Puo e e kgothatsang ka mokwaledi. Fa baboledi ba bona go tlhokega gore ba fudugele kwa phuthegong e nngwe, go botlhokwa gore ba tlwaele lefelo la bone le lesha sentle e le go tila go boela kwa morago mo semoyeng. Gatelela gore go botlhokwa go itsise bagolwane ka dithulaganyo tse di ntseng jalo le go kopa gore ba go thuse go ikgolaganya le phuthego e ntšha.
25 mets: “Dikopano Tsa Kgaolo Tsa 1999 Tsa ‘Lefoko la Modimo la Boporofeti.’” (Dirapa 16-23) Dipotso le dikarabo. Bala dirapa 17-20. Dirisa dikwalo tse di nopotsweng le tse di umakilweng go gatelela lebaka la go bo moaparo, go ipaakanya mo mmeleng le boitshwaro e le dilo tse re tshwanetseng go di ela tlhoko thata.
Pina 142 le thapelo e e konelang.
Beke e e Simololang ka October 25
Pina 179
15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Gakolola botlhe go tlisa dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo. Thusa botlhe go ipaakanyetsa go tsamaisa boroutšhara jwa Re Direng kana buka ya Kitso ka November. Tlhalosa tsela ya go baakanyetsa puisano e e amanang le potso e e reng, “A Modimo o araba dithapelo?” Dirisa dintlha tsa thuto 7 mo boroutšhareng kana tsa kgaolo 16, dirapa 12-14, mo bukeng. Dira pontsho e e motlhofo o dirisa lekwalo le le lengwe.
15 mets: Go Bona Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele. Motlhanka wa bodiredi o atamelwa ke mmoledi yo o kopaneng le motho yo o kgatlhegang yo o nang le potso ya Baebele. Go na le gore motlhanka wa bodiredi a mo neele karabo, o mo tlhalosetsa kafa a ka e bonang ka gone. Sa ntlha, o boeletsa dikakantsho tsa Buka ya Kaelo ya Sekolo, thuto 7, dirapa 8-9. Go tswa foo, boobabedi ba batlisisa potso e batho ba tlwaetseng go e botsa mo tshimong ya bone. Ba leba ditshupiso tse di rileng tse di amanang le setlhogo seno mme ba bona dintlha tse di tlhatswang pelo tse di tlhalosang lebaka la konokono la karabo eo ya Baebele. Kgothaletsa bareetsi go dirisa mokgwa ono o o molemo wa go ithuta gore ba batlisise dipotso tsa Baebele.
15 mets: “Ke Eng Se o Ka se Bolelelang Mojuda?” Dipotso le dikarabo. Tlhalosa pharologanyo fa gare ga Bojuda jwa Popota, jwa Diphetogo le jwa Bogologolo. (Bona Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, ditsebe 226-7.) Tlhalosa dintlha tse re ka nnang ra dumalana le Mojuda mo go tsone. Dira pontsho ya puisano e e baakanyeditsweng sentle. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Bojuda, bona tsenyeletso ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1998; buka ya Go Fetolana, ditsebe 22-3; le Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, kgaolo 9. Fa baboledi ba ka nna ba se ka ba kopana le Mojuda mo tshimong, fetola motlotlo ono o tshwanele maemo a phuthego ya lona o ntse o gatelela mpho ya kgwedi eno.
Pina 151 le thapelo e e konelang.