“Ke Tshwanetse go Dirang?”
1 Jaaka mosha yo o golang, o ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke tshwanetse go dirang ka botshelo jwa me?’ Basha ba Bakeresete ba batla go atolosa tirelo ya bone go Jehofa mo bodireding. Mme o ka dira seno jang fa o ntse o tsaya maikarabelo a bogolo, a a akaretsang go itlamela ka dilo tsa nama tse o di tlhokang? Go ka se nne motlhofo go bona karabo.
2 Basha bangwe ba tlhobaela fa ba bona maemo a lefatshe a ikonomi le dipolelopele tsa isagwe. Ba ipotsa jaana: ‘A ke tshwanetse go oketsa thuto e ke nang le yone? A ke tshwanetse go tsenela tirelo ya nako e e tletseng gone jaanong?’ E le gore motho a dire tshwetso e e siameng, o tshwanetse go araba potso eno ka boikanyegi, ‘Ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa me?’ O tshwanetse a tlhatlhoba maikutlo a gagwe.
3 O ile wa tlhagolela eng se se tlang pelepele fa o ne o sa ntse o le mosha? A o amegile thata ka go batla go bona madi, kgotsa a ruri o batla go dirisa botshelo jwa gago gore o tsweletse dikgatlhego tsa Bogosi pele? Dikirii ya yunibesithi ga e go tlhomamisetse gore o tla bona tiro. Ba bantsi ba ne ba bona ditiro tse di nang le bokgoni jo bathapi ba bo batlang ba dirisa dithulaganyo tsa borutwatiro, bangwe bone ba ithuta tiro ya diatla kana ya botegeniki, kana dikhoso tse dikhutshwane tsa kholetšhe tse di tlhokang fela nako e nnye le tse di sa batleng dilo tse dintsi.
4 Ikanye Tsholofetso ya ga Jehofa: Kgang ya botlhokwatlhokwa e re tshwanetseng go e akanyetsa ke tsholofetso ya ga Jehofa Modimo ya gore o tla tlamela ba ba bayang dikgatlhego tsa Bogosi kwa pele mo botshelong. (Math. 6:33) Ga se tsholofetso fela e e sa reng sepe. Bakaulengwe ba bantsi ba ba ileng kwa Sekolong sa Bodiredi sa Thapiso ba ne ba na le didikirii tsa kholetšhe pele ga ba ithuta boammaaruri. Mme ba ne ba dira tiro efe go itshedisa? Ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba tswelela ka tiro e ba ithutetseng yone. Ba le bantsi ba ne ba bereka ditiro tsa go thusa batho, ba dira ka natla go bona madi a ba a tlhokang fa ba ntse ba bula tsela. Ka go atolosa tirelo ya bone mo bodireding, ba amogela masego a a fetang sepe fela se se ka rekwang ka madi.
5 Fa o dira tshwetso ya gore o tlile go dira eng fa o fetsa kwa sekolong se segolo mo bofelong jwa ngwaga, sekaseka mabaka otlhe mme o tlhatlhobe maikaelelo a gago ka kelotlhoko. Gore o nne le pono e e lekalekaneng ya dilo tse o ka di tlhophang, tlhatlhoba tshedimosetso e e jaaka e e tlhagang mo go Tsogang! ya March 8, 1998, ditsebe 26-8. Bua le batsadi ba gago, bagolwane, molebedi wa lona wa potologo le babulatsela ba ba atlegileng ba mo lefelong la lona. Seno se tla go thusa go dira tshwetso e e botlhale kaga se o tshwanetseng go se dira ka botshelo jwa gago.—Mor. 12:1, 13.